Thuto ya Buka ya Phuthego—Lebaka La go Bo re E Tlhoka
1. Thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego e simologile jang?
1 Ka 1895 ditlhopha tsa Baithuti ba Baebele, e leng leina le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka lone ka nako eo, di ne tsa simolola go bidiwa Ditlhopha Tsa Thuto ya Baebele Tsa Dawn. Go ne go dirisiwa dibolumo tsa Millenial Dawn go ithuta. Moragonyana, dipokano tseno di ne tsa bidiwa Ditlhopha Tsa Thuto ya Baebele Tsa Baberea. (Dit. 17:11) Gantsi dithuto tseno di ne di tshwarwa le ditlhopha tse dinnye, mo magaeng a batho mo maitsiboeng a a siametseng setlhopha seo. Eno ke tsela e thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego e simologileng ka yone.
2. Re ka nna le seabe jang mo go ‘kgothatsaneng’ kwa thutong ya buka?
2 Go Kgothatsa le go Thusa: E re ka ditlhopha tsa thuto ya buka di dirilwe gore di nne dinnye, batho ba ba leng mo go tsone ba na le tshono e e molemo ya go tlhalosa tumelo ya bone phatlalatsa. Mme matswela a seo e nna go ‘kgothatsana, mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe.’—Bar. 1:12.
3, 4. Thulaganyo ya thuto ya buka e re thusa jang go wetsa bodiredi jwa rona?
3 Go leba ka kelotlhoko tsela e molebedi wa thuto ya buka a rutang ka yone go ka re thusa go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Tim. 2:15) Ela tlhoko tsela e ka yone a gatelelang kafa se se ithutiwang se theilweng mo Dikwalong ka gone. Fa go tshwanela kgatiso e e ithutiwang, a ka nna a gatelela dintlha tsa konokono ka poeletso e e kwa bofelong jwa thuto a dirisa Baebele fela. Sekao sa gagwe se se molemo se ka re thusa go ntlafatsa tsela ya rona ya go ruta mo bodireding jwa Bokeresete.—1 Bakor. 11:1.
4 Kwantle ga go tshwara thuto ya beke le beke, molebedi wa thuto ya buka o etelela pele mo tirong ya go rera. O dira dithulaganyo tse di tshwanetseng tsa tirelo ya tshimo a dirisana le molebedi wa tirelo. O leka go thusa botlhe mo setlhopheng go diragatsa maikarabelo a bone a Bokeresete a go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa.—Math. 28:19, 20; 1 Bakor. 9:16.
5. Re ka bona thuso jang kwa thutong ya buka?
5 Molebedi wa thuto ya buka o amegile ka bomoya jwa mongwe le mongwe mo setlhopheng. O supa tsela e a amegang ka yone kwa dipokanong tsa phuthego le fa a bereka le ba bangwe mo tirelong ya tshimo. Gape fa a etetse bakaulengwe mo magaeng a bone o dirisa nako eo go ba kgothatsa semoyeng. Batho botlhe ba tshwanetse go ikutlwa ba gololesegile go atamela molebedi wa thuto ya buka gore a ba thuse semoyeng nako nngwe le nngwe fela fa ba tlhoka thuso.—Isa. 32:1, 2.
6. (a) Go kopana ka ditlhopha tse dinnye go ne ga nonotsha jang bakaulengwe ba rona mo dinageng tse dingwe? (b) Thulaganyo ya thuto ya buka e go thusitse jang wena ka namana?
6 Nonotshanang: Mo dinageng tse tiro ya batho ba Modimo e thibetsweng kwa go tsone, gantsi bakaulengwe ba kopana ka ditlhopha tse dinnye. Mokaulengwe mongwe o bolela jaana: “Le fa gone ditiro tsa rona tsa Bokeresete di ne di thibetswe, nako nngwe le nngwe fela fa go kgonega re ne re tshwara dipokano tsa rona tsa beke le beke ka ditlhopha tsa batho ba ka nna 10 go ya go 15. Dipokano tseo di ne di re nonotsha, mme re ne re nonotshiwa gape ke thuto ya Baebele le metlotlo e re neng re nna le yone morago ga dipokano. Mongwe le mongwe wa rona o ne a umaka dilo tse di mo diragaletseng mme seno se ne se re thusa go lemoga gore mongwe le mongwe wa rona o lebane le bothata jo bo tshwanang.” (1 Pet. 5:9) E kete le rona re ka nonotshana ka go tshegetsa ka botlalo thulaganyo ya Thuto ya Buka ya Phuthego.—Baef. 4:16.