Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi—Kgoro e Kgolo e e Isang Kwa Tirong
1 Jehofa o ne a bolelela pele jaana ka moporofeti Jeremia: ‘Ke tla tsosa badisa mo bathong ba me ba ruri ba tla ba disang; mme ga ba na go tlhola ba boifa, le fa e le go welwa ke letshogo lepe, ga go kitla go nna le ope yo o seyong.’ (Jer. 23:4) Tiro eno ya bodisa e ntse e dirwa gompieno mo bathong ba ditšhaba tsotlhe. E dirwa ke bagolwane ba le dikete di le dintsi ba diphuthego. Mo godimo ga moo, go na le setlhopha sa makau a mantsi jaaka marothodi a monyo a a ithaopileng ka go rata go direla Jehofa. (Pes. 110:3) A bo bakaulengwe bano ba ba boikokobetso ba solegela diphuthego tsa batho ba Modimo molemo thata jang ne! Jaaka fa tiro ya go phuthwa ga batho ka tsela ya semoya e ntse e tsweletse, go sa ntse go tlhokega banna ba ba tshwanelegang ba ba tla ithaopelang go direla bakaulengwe ba bone.
2 Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ke thulaganyo e e molemo ya go thapisa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba iseng ba nyale gore ba sikare maikarabelo a a oketsegileng. Baithuti ba feta 22 000 go tswa mo makaleng a ka nna 140 ba ile ba newa thapiso eno mo ditlelaseng di le 999 tse di tshwerweng fa e sale sekolo seno se simololwa ka 1987. Bakaulengwe bano ba ile ba tsaya sekolo seno e le “kgoro e kgolo e e isang kwa tirong.”—1 Bakor. 16:9.
3 Boikaelelo Jwa Sekolo Seno: Boikaelelo jwa Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ke go thapisa banna ba ba tshwanelegang, le go ba tlhomelela go sikara maikarabelo gongwe le gongwe kwa phuthego ya Modimo e ka tswang e bona go na le tlhokego gone. Sekolo seno se godisa bokgoni jwa bone jwa go etelela pele mo tirong ya go rera, jwa go disa letsomane le jwa go ruta mo phuthegong. Baithuti bangwe fa ba sena go aloga ba abelwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng kgotsa balebedi ba ba etang mo dinageng tsa bone kgotsa kwa dinageng tse dingwe. Ba bangwe ba abelwa go direla mo diphuthegong tsa gabone kgotsa kwa mafelong a go nang le tlhokego e kgolo gone mo tshimong ya lekala la bone.
4 Mo khosong eno ya dibeke tse robedi, baithuti ba nna le thuto e e tseneletseng ya Baebele. Ba sekaseka ka kelotlhoko dilo tse dintsi tse Baebele e di rutang go akaretsa le maikarabelo a tiro ya bodisa le dikaelo tsa go rarabolola mathata a Mokeresete a ka lebanang le one mo botshelong. Gape ba ithuta se Dikwalo di se rutang malebana le dikgang tsa botsamaisi, tsa boatlhodi le tsa go rulaganya dilo. Ba newa thapiso e e kgethegileng malebana le go bua phatlalatsa e bile mongwe le mongwe wa bone o thusiwa gore a kgone go gola ka bonako semoyeng.
5 Dilo Tse di Batlegang: Go a utlwala go bo dilo tse di batlegang mo mothong gore a kgone go ya kwa sekolong seno e le tsa maemo a a kwa godimo. Batho ba ba ikwadisang ba tshwanetse ba bo ba feditse bobotlana dingwaga tse pedi tse di latelanang e le bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi. Botlhe ba tshwanetse ba bo ba sa nyala e bile ba na le dingwaga tse di magareng ga 23 le 50. Ba tshwanetse go itse go bala, go kwala le go bua Seesemane ka gonne sekolo seno se tshwarwa ka Seesemane kwa Zambia. Gape ba tshwanetse ba bo ba na le botsogo jo bo molemo, ba sa tlhoke go tlhokomelwa ka tsela nngwe e e kgethegileng kgotsa go ja dijo tse di kgethegileng. Go ka nna molemo fa ba le mo tirelong ya bobulatsela jwa ka metlha.
6 Ba ba ithaopang ba tshwanetse go kgona go direla gongwe le gongwe kwa go nang le tlhokego gone, e bile ba tshwanetse go dira jalo ka go rata. Seno se tlhoka gore ba nne le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga moporofeti Isaia, yo o neng a ithaopa ka tlhagafalo go dira tiro e e kgethegileng, a re: “Ke fano! Roma nna.” (Isa. 6:8) Gape o ile a bontsha boikokobetso mo botshelong jotlhe jwa gagwe. Ba ba ithaopelang go ya Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi ba tshwanetse go dira jalo ka go bo ba rata bakaulengwe ba bone e bile ba eletsa go ba direla, e seng ka go bo ba batla maemo kgotsa go tseelwa kwa godimo. Go lebeletswe gore morago ga thapiso eno e e molemo, baalogi ba dirise se ba se ithutileng go solegela ba bangwe molemo.—Luke 12:48.
7 Melemo ya Sone: Mo dibekeng tse robedi tsa thapiso eno e e tseneletseng, baalogi ba ‘otliwa ka mafoko a tumelo le a thuto e e molemo.’ (1 Tim. 4:6) Seno se dira gore ba kgone go thusa le go kgothatsa ba bangwe mo diphuthegong le mo dipotologong tse ba di abetsweng. Mo mafelong a le mantsi a baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ba ileng ba abelwa kwa go one, go ile ga nna le koketsego mo tirong ya tshimo; bangwe ba ile ba kgothalediwa tirelo ya bobulatsela, segolo jang basha; mme batho ba le bantsi ba ba sa tswang go kopanela le batho ba Modimo ba ile ba newa tlhokomelo e ntsi e e kgethegileng.
8 A o mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o iseng a nyale yo o nang le dingwaga tse di magareng ga 23 le 50? Ke eng fa o sa akanyetse go ikwadisetsa Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi? A o mokaulengwe yo mosha yo o ipeetseng mekgele mo tirelong ya ga Jehofa? Ke eng fa o sa dire gore botshelo jwa gago e nne jo bo sa raraanang le jo bo se nang dilo tse di itayang tsebe gore o kgone go tsena ka “kgoro [eno] e kgolo e e isang kwa tirong”? Seno se ka dira gore o nne le botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang. Ee ruri, Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi se solegela baalogi ba sone molemo thata, gape se solegela le diphuthego tsa batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe molemo.
[Box on page 3]
Kafa Thapiso Eno e ba Solegetseng Molemo ka Teng
“Ruri thapiso eno e tokafaditse bodiredi jwa me le bokgoni jwa me jwa go disa letsomane ka botlhale ke dirisa Dikwalo.”
“Sekolo seno se dirile gore ke itshepe fa ke dira maikarabelo a a farologaneng mo phuthegong.”
“Se fetotse mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa me, go akaretsa le tsela e ke ikutlwang ka yone ka dithulaganyo tsa puso ya Modimo le phuthego ya gagwe.”
“Thapiso e ke e neilweng e nthusitse go lemoga botlhokwa jwa go ithaopela go ya go direla kwa go nang le tlhokego gone.”