Poeletso ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
Tshedimosetso eno e tla dirisiwa go tlotla go sa le gale le go boeletsa thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga wa tirelo wa 2005. Setlhogo se se reng “Thulaganyo e Ntšha ya go Boeletsa Dintlha Tsa Kopano” se se tlhagang mo go tsebe 4 ya tsenyeletso eno, se tlhalosa kafa poeletso eno e tshwanetseng go tshwarwa ka teng. Fa lo dira poeletso, dirisa nako e e lekaneng gore dipotso tsotlhe di bodiwe. Poeletso eno e tshwanetse ya tlotla thata ka tsela e re ka dirisang ka yone tshedimosetso e e ileng ya neelwa.
THULAGANYO YA MO MOSONG
1. Ke ka ntlha yang go tlhokega go feta le eleng pele gore re reetse Jehofa? Go reetsa go kaya eng? (“Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Reetsa Lentswe la ga Jehofa”)
2. Malapa a ka nna jang le thulaganyo e e molemo ya ditiro tsa semoya? (“Malapa a a Reetsang Lefoko la Modimo Kwantle ga go Iteega Tsebe”)
3. Ba ba mo potologong ba ile ba dirisa jang ditshono tse di ba bulegelang go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo? (“Go Dira Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo”)
4. Re ka ithuta eng mo dikaing tsa go re tlhagisa tse di mo go Bahebera kgaolo 3 le 4? Jehofa o bua jang le rona gompieno? (“Go Reetsa fa Modimo a Bua Go a Re Sireletsa”)
5. O ile wa solegelwa molemo jang ke puo ya kolobetso? (“Boineelo le Kolobetso”)
THULAGANYO YA THAPAMA
6. Re kgona go lemoga eng ka Jesu fa a ne a sa le mosha, mme basha ba ba mo potologong ba etsa sekao sa gagwe jang? (“Kafa go Reetsa Lefoko la Modimo ka Kelotlhoko go Nonotshang Basha ba Rona ka Gone”)
7. Batsadi ba ka simolola go thapisa masea le bana ba bone ba bannye ka ditsela dife mo ditseleng tsa ga Jehofa? (“Bana ba Bannye ba ba Reetsang Modimo e Bile ba Ithuta”)
8. Re tlhoka go reetsa Jehofa, Morwawe le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” mo dilong dife? (Math. 24:45) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dira jalo? (“Nna o Tlhwaetse Ditaelo Tsa Modimo Tsebe”)