Go ‘Otliwa ka Mafoko a Tumelo’
1 Gore motho a tshele botshelo jwa boineelo jwa bomodimo, go tlhokega gore a iteke ka natla. (1 Tim. 4:7-10) Fa re ikaega ka maatla a rona, re tla lapa ka bonako mme re palelwe ke go tshela botshelo jo bo ntseng jalo. (Isa. 40:29-31) Tsela nngwe e re ka bonang maatla mo go Jehofa ka yone ke ka go nna re ‘otliwa ka mafoko a tumelo.’—1 Tim. 4:6.
2 Dijo Tse di Otlang Tsa Semoya: Jehofa o re naya dijo tse di otlang tsa semoya ka Lefoko la gagwe le ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) A re dira se re tshwanetseng go se dira gore re solegelwe molemo ke dijo tseno? A re bala Baebele letsatsi le letsatsi? A re na le nako e re e beetseng kwa thoko ya go ithuta le go tlhatlhanya? (Pes. 1:2, 3) Go nna le thulaganyo e e molemo jalo ya dilo tsa semoya go a re tlhagafatsa e bile go a re sireletsa gore re se ka ra koafadiwa ke lefatshe la ga Satane. (1 Joh. 5:19) Fa re tlatsa megopolo ya rona ka dilo tse di molemo re bo re di dirisa mo matshelong a rona, Jehofa o tla re tshegetsa.—Bafil. 4:8, 9.
3 Gape, Jehofa o re nonotsha ka dipokano tsa phuthego. (Baheb. 10:24, 25) Dithuto tsa semoya le go kopana le ba bangwe kwa dipokanong tseno go dira gore re eme re nitame fa re lebane le diteko. (1 Pet. 5:9, 10) Mosha mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Ke tlhola kwa sekolong letsatsi lotlhe, mme se dira gore ke kotlomane pelo. Le fa go ntse jalo, dipokano di tshwana le motswedi wa metsi mo sekakeng, koo ke bonang tapologo gone gore ke kgone go lebana le letsatsi le le latelang la sekolo.” Ruri re segofadiwa tota ka ntlha ya maiteko a re a dirang a go nna gone kwa dipokanong!
4 Go Itsise ba Bangwe ka Boammaaruri: Go rerela batho ba bangwe go ne go tshwana le go ja dijo mo go Jesu. Go ne go mo nonotsha. (Joh. 4:32-34) Ka tsela e e tshwanang, fa re bolelela ba bangwe ka ditsholofetso tse di gakgamatsang tsa Modimo, le rona re ikutlwa re tlhagafetse. Gape go tshwarega mo bodireding go dira gore re tlhome dipelo tsa rona le megopolo ya rona mo Bogosing le mo masegong a a tlogang a tla. Go re lapolosa tota.—Math. 11:28-30.
5 A bo re le lesego jang ne go solegelwa molemo ke thulaganyo e e re otlang semoyeng e Jehofa a e nayang batho ba gagwe gompieno! E kete re ka mo tlisetsa pako ka go tswelela re goa ka boipelo.—Isa. 65:13, 14.