(1) Potso, (2) Temana, le (3) Kgaolo
Tsela e e motlhofo ya go tsamaisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? ke go (1) botsa potso e e tla dirang gore motho a tlhalose maikutlo a gagwe, (2) go bala temana e e tshwanelang, le (3) go bontsha mong wa ntlo kgaolo e e tlotlang ka setlhogo seo mo bukeng ka go bala dipotso tse di simololang tse di kafa tlase ga setlhogo sa kgaolo eo. Fa mong wa ntlo a kgatlhega, o ka nna wa mmontsha kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka gone o dirisa dirapa tse di simololang tsa kgaolo eo. Go ka nna ga dirisiwa mokgwa ono go simolola thuto fa o dira loeto lwa ntlha kgotsa loeto lwa go boela.
◼ “A o akanya gore go a kgonega gore batho ba e seng ba sepe fela ba itse Mmopi wa rona yo o maatla, jaaka go bontshiwa mono mo Baebeleng?” Bala Ditiro 17:26, 27, mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 1.
◼ “Fa motho a akanya ka mathata a re lebanang le one gompieno, a o akanya gore go a kgonega go bona kgomotso le tsholofelo tse di tlhalosiwang fano?” Bala Baroma 15:4, mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 2.
◼ “Fa o ne o na le maatla a go dira jalo, a o ne o tla tlisa diphetogo tseno?” Bala Tshenolo 21:4, mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 3.
◼ “A o akanya gore bana ba rona ba tla tsamaya ba itumelela maemo a a tlhalositsweng mo pineng eno ya bogologolo?” Bala Pesalema 37:10, 11 mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 3.
◼ “A o akanya gore maemo a a tlhalosiwang fano a tla tsamaya a direga?” Bala Isaia 33:24, mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 3.
◼ “A o kile wa ipotsa gore a baswi ba itse se batshedi ba se dirang?” Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Moreri 9:5 mme o buelele kgaolo 6.
◼ “A o akanya gore go ka direga gore letsatsi lengwe re boe re bone baratiwa ba rona ba ba suleng, jaaka Jesu a tlhalositse mo ditemaneng tseno?” Bala Johane 5:28, 29, mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 7.
◼ “O akanya gore go tshwanetse ga diregang gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng jaaka e dirwa kwa legodimong, jaaka go umakilwe mo thapelong eno e e itsegeng?” Bala Mathaio 6:9, 10, mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 8.
◼ “A o akanya gore re tshela mo nakong e e tlhalosiwang mo boporofeting jono?” Bala 2 Timotheo 3:1-4, mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 9.
◼ “Batho ba le bantsi ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa mathata a batho a bonala a nnela maswe go ya pele. A o kile wa akanya gore gongwe ke ka ntlha ya seno?” Bala Tshenolo 12:9, mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 10.
◼ “A o kile wa batla go itse karabo ya potso e e tshwanang le eno?” Bala Jobe 21:7, mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 11.
◼ “A o akanya gore go dirisa kgakololo eno e e tswang mo Baebeleng go tla thusa batho go itumelela botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa?” Bala Baefeso 5:33, mme o mo letle gore a arabe. Morago ga moo buelela kgaolo 14.
Thuto ya Baebele e ka begwa fa e tshwerwe makgetlho a le mabedi fa go sena go bontshiwa gore thuto e tshwarwa jang e bile fa o akanya gore thuto e tla tswelela pele.