Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo May 15
“A o akanya gore o ne o ka itumelela go tshela kafa tlase ga maemo a a tlhalositsweng mo temaneng eno e e tlhotlheleditsweng? [Bala 2 Petere 3:13. Morago ga moo mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa gore magodimo a masha le lefatshe le lesha ke eng. Gape o tlhalosa kafa botshelo bo tla bong bo farologane ka gone fa Modimo a diragatsa se a se ikaeletseng ka lefatshe.”
Tsogang! May
“Batho bangwe ba akanya gore fa motho a batla go atlega mo lefatsheng la gompieno, o tshwanetse go nna dikgoka. Go na le moo, ela tlhoko se Jesu a se buileng. [Bala Mathaio 5:5, 9.] A o dumalana le seo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o o tlhalosa kafa re ka solegelwang molemo ka teng ka ditsela tse tharo fa re tshedisana le ba bangwe ka kagiso.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 28.
Tora ya Tebelo June 1
“Mo ditsong di le dintsi, go na le nako e ka yone batho ba ba godileng ba neng ba tlotlwa, jaaka go ka bonwa mo molaong ono wa bogologolo. [Bala Lefitiko 19:32.] A o akanya gore go sa ntse go na le tlotlo e e ntseng jalo gompieno? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa kafa Modimo a tlhokomelang batho ba ba godileng ka gone le kafa le rona re ka ba tlhokomelang ka gone.”
Tsogang! June
“Borukhutlhi ga bo simolole gone jaanong, mme gompieno bo aname thata mo lefatsheng lotlhe, bo ama botshelo jwa mongwe le mongwe. O akanya gore ke ka ntlha yang fa go le jalo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o bontsha go tswa mo Baebeleng gore borukhutlhi bo tla fela leng le kafa Modimo a tla tlisang kagiso ya mmatota ka gone mo lefatsheng.” Bala Mika 4:4.