Lebokoso la Dipotso
◼ Pina e e simololang Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, Pokano ya Tirelo, Pokano ya Phatlalatsa, le Thuto ya Tora ya Tebelo e tshwanetse go itsisiwe jang mme ke mang?
Dipina tse di simololang tsa beke le beke tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo di thathamisitswe mo Thulaganyong ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e e mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October. Dipina tse di simololang le tse di konelang tsa beke le beke tsa Pokano ya Tirelo di kwadilwe mo tsebeng ya bobedi ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Ka tsela e e tshwanang, dipina tsa beke le beke tsa Thuto ya Tora ya Tebelo di mo tsebeng ya bobedi ya makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo. Dipina tse di kwadilweng di tsewa e le karolo ya pokano eo mme di tshwanetse go itsisiwe ke mokaulengwe yo o tshwereng pokano, e seng ke Molebedi wa Sekolo kgotsa modulasetulo wa Pokano ya Phatlalatsa.
Ka sekai, molebedi wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo o tla amogela bareetsi, a itsise pina e e simololang, a tshware sekolo mme morago ga moo a kope sebui sa ntlha sa Pokano ya Tirelo go tla mo seraleng. Mokaulengwe wa puo ya Pokano ya Tirelo ke ene yo o tshwanetseng go itsise pina e e simololang Pokano ya Tirelo.
Ka tsela e e tshwanang, Pokano ya Phatlalatsa e tla simololwa ke modulasetulo. O tla amogela botlhe ba ba leng gone ka diatla tsoopedi a bo a ba laletsa go opela pina e e simololang e e tlhophilweng ke sebui. Modulasetulo (kgotsa gongwe mokaulengwe yo mongwe yo o tshwanelegang yo o abetsweng go sa le gale) o tla bula pokano ka thapelo. O tla rola sebui le go bolela setlhogo sa puo ya gagwe. Morago ga puo modulasetulo, le fa a sa sobokanye se sebui se sa tswang go se bolela, o tla tlhalosa ka bokhutshwane gore re itumeletse puo eo. O tla itsise setlhogo sa puo ya phatlalatsa ya beke e e latelang, mme morago ga moo o tla kopa botlhe ba ba leng gone go nna gone ka Thuto ya Tora ya Tebelo. Ga go tlhokege gore modulasetulo a botse bareetsi gore a ba ka rata go romela ditumediso kwa phuthegong e sebui se se etileng se tswang kwa go yone. Morago ga moo, modulasetulo o tla kopa motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo go tla mo seraleng.
Motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo o tla itsise pina ya ntlha e e tla opelwang go dumalana le thuto. O tla tshwara thuto go dumalana le ditaelo tse di gatisitsweng mme morago ga moo a bo a itsise pina e e tswalang. Gantsi motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo o tla kopa mokaulengwe yo o neng a neetse puo ya phatlalatsa go tswala ka thapelo.
Go ela tlhoko dikaelo tseno go tla thusa go tlhomamisa gore dipokano tsa rona tsa phuthego di tshwarwa ka tsela e e tshwanang.