O ka Kgona go Rera Le fa O se Mo Bodireding!
1. (a) Go rera o se mo bodireding go kaya eng? (b) Ke ba le kae mo pokanong eno ba ba ileng ba utlwa boammaaruri lekgetlo la ntlha ka go bo mongwe a ile a ba rerela a se mo bodireding?
1 Ke batho ba le kae mo phuthegong ya lona ba ba ileng ba utlwa boammaaruri lekgetlo la ntlha ba rerelwa ke mongwe yo o seng mo bodireding? O ka gakgamadiwa ke go utlwa karabo. Go rera o se mo bodireding go akaretsa go bua ka dikgang tse di molemo le batho ba re kopanang le bone fa re dira ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi tse di jaaka, fa re le mo loetong, fa re etetse ba losika kgotsa baagelani, fa re ile mabenkeleng, le fa re le kwa sekolong, kwa tirong, jalo le jalo. Mo setlhopheng sengwe sa Basupi ba ba kolobeditsweng ba ba fetang 200, diperesente di le 40 tsa bone, di ile tsa rerelwa ke mongwe yo o neng a se mo bodireding! Ka jalo, mokgwa ono wa go rera o na le matswela a magolo.
2. Go na le dikai dife mo Dikwalong tsa batho ba ba neng ba rera ba se mo bodireding?
2 Gantsi bareri ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rera ba se mo bodireding. Ka sekai, fa Jesu a ne a raletse Samarea, o ne a rerela mosadi mongwe yo o neng a ga metsi mo motsweding wa ga Jakobe. (Joh. 4:6-26) Filipo o ne a simolola motlotlo le modiredimogolo wa ntlo ya kgosi wa Moethiopia yo o neng a bala mo bukeng ya ga Isaia ka go mmotsa jaana: “A tota o itse se o se balang?” (Dit. 8:26-38) Fa moaposetoloi Paulo a ne a le kwa kgolegelong kwa Filipi, o ne a rerela modisa wa kgolegelo. (Dit. 16:23-34) Moragonyana, fa Paulo a ne a tswaletswe mo ntlong a disitswe, o ne a “amogela ka bopelonomi botlhe ba ba neng ba tsena kwa go ene a ba rerela bogosi jwa Modimo e bile a ruta dilo tse di leng kaga Morena Jesu Keresete.” (Dit. 28:30, 31) Le wena o ka kgona go rera o se mo bodireding, tota le fa o le ditlhong. Jang?
3. Ke eng se se ka re thusang go fenya ditlhong?
3 Go Simolola: Bontsi jwa rona re go fitlhela go le thata go simolola motlotlo le batho ba re sa ba itseng. Tota le batho ba re tlwaelaneng le bone go ka nna thata go bua le bone ka boammaaruri. Le fa go ntse jalo, go tlhatlhanya ka bomolemo jwa ga Jehofa, matlotlo a a a neileng batlhanka ba gagwe le seemo se se sa itumediseng se batho mo lefatsheng ba leng mo go sone, go tla re tlhotlheletsa go bua. (Jona 4:11; Pes. 40:5; Math. 13:52) Mo godimo ga moo, re ka kopa Jehofa gore a re thuse go “nna pelokgale.” (1 Bathes. 2:2) Moithuti mongwe wa sekolo sa Gileade o ne a re: “Ke lemogile gore gantsi thapelo e a thusa fa go le thata gore ke bue le batho.” Fa o okaoka go bua, rapela thapelo e khutshwane mo pelong.—Neh. 2:4.
4. Kwa tshimologong re ka ipeela mokgele ofe mme ka ntlha yang?
4 Go rera re se mo bodireding ga go tlhoke gore re simolole motlotlo ka tsela e e tlwaelegileng kgotsa ka go dirisa temana. Re ka nna ra fitlhela go thusa go ipeela mokgele wa go simolola ka go itlotlela le motho fela, re sa simolole pele ka go mo rerela. Baboledi ba le bantsi ba bolela gore go dira jalo go ba naya bopelokgale jo ba bo tlhokang gore ba feleletse ba buile ka dikgang tse di molemo. Fa motho a sa batle go tlotla, ga go tlhokege gore re mo pateletse. Kgaotsa motlotlo ka maitseo mme o mo tlogele.
5. Ke eng se se thusang kgaitsadi mongwe yo o ditlhong go rera a se mo bodireding?
5 Fa kgaitsadi mongwe yo o ditlhong a ntse a reka kwa marekisetsong, o simolola pele ka go rakanya matlho a gagwe le a motho a bo a nyenya ka botsalano. Fa motho yoo a nyenya, o bua sengwe ka bokhutshwane le ene. Fa motho yoo a tsiboga sentle, seno se dira gore a nne le bopelokgale jwa gore a tsweletse motlotlo. O reetsa ka kelotlhoko mme a bo a leka go bona gore ke dilo dife tse di amanang le dikgang tse di molemo tse di ka kgatlhang motho yoo. Ka go dirisa mokgwa ono, o tsamaisitse dikgatiso tse dintsi le go simolola thuto ya Baebele.
6. Re ka simolola motlotlo jang fa re se mo bodireding?
6 Go Simolola Motlotlo: Re ka bua eng go simolola motlotlo? Fa Jesu a ne a tlotla le mosadi kwa sedibeng, o ne a simolola fela ka go mo kopa gore a mo siele metsi. (Joh. 4:7) Ka jalo, gongwe re ka simolola motlotlo ka go dumedisa motho ka botsalano kgotsa ka go mmotsa potso. Fa lo ntse lo tlotla o ka nna wa bona tshono ya go buelela ntlha nngwe ya Dikwalo mme gongwe wa jala peo ya boammaaruri. (Mor. 11:6) Bangwe ba ile ba atlega ka go bua sengwe se se kgatlhang se se dirang gore motho a batle go itse mo go oketsegileng le go dira gore a botse potso. Ka sekai, fa o ntse o letile ngaka, o ka nna wa simolola motlotlo ka go bolela jaana: “Nka itumela fa nka se tlhole ke lwala.”
7. Go nna re ntshitse matlho dinameng go ka re thusa jang gore re rere re se mo bodireding?
7 Go nna re ntshitse matlho dinameng le gone go ka re thusa go simolola motlotlo. Fa re bona motsadi yo o nang le bana ba ba maitseo, re ka nna ra akgola motsadi mme re bo re mmotsa jaana: “Ke eng se se go thusitseng gore o nne motsadi yo o atlegileng jaana?” Kgaitsadi mongwe o ela tlhoko dilo tse batho ba a berekang le bone ba buang ka tsone a bo a ba bolelela tshedimosetso nngwe e e amanang le dilo tse ba di kgatlhegelang. Fa a ne a utlwa gore mosadi mongwe yo a berekang le ene o a nyalwa, o ne a mo naya makasine wa Tsogang! o o neng o bua ka go rulaganya lenyalo. Seno se ne sa dira gore ba tlotle go ya pele ka Baebele.
8. Re ka dirisa dikgatiso tsa rona jang go simolola motlotlo?
8 Tsela e nngwe ya go simolola motlotlo ke ka go bala dikgatiso tsa rona mo batho ba bangwe ba ka re bonang gone. Mokaulengwe mongwe o bula Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang! mo setlhogong se se kgatlhang mme a bo a simolola go e bala ka tidimalo. Fa a bona mongwe yo o gaufi le ene a lebeletse makasine wa gagwe, o mmotsa potso kgotsa o akgela ka bokhutshwane ka setlhogo se a se balang. Gantsi seno se dira gore a simolole motlotlo le go rera. Go tlogela dikgatiso tsa rona mo batho ba ka kgonang go di bona gone go ka nna ga dira gore batho ba re berekang le bone kgotsa ba re tsenang sekolo le bone ba batle go itse ka tsone.
9, 10. (a) Re ka dira jang ditshono tsa go rera re se mo bodireding? (b) Wena o kgonne go dira seno jang?
9 Go Dira Ditshono: E re ka tiro ya rona ya go rera e potlakile, ga re a tshwanela go tsaya tiro ya go rera re se mo bodireding e le selo se se ka itiragalelang fela. Go na le moo, re tshwanetse go dira ditshono tsa go rera fa re ntse re dira ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi. Akanya ka batho ba o ka nnang wa kopana le bone mme o bo o akanyetsa gore o ka simolola jang motlotlo o o botsalano le bone. Nna o tshotse Baebele le dikgatiso tse dingwe tse o ka di nayang batho ba ba kgatlhegang.—1 Pet. 3:15.
10 Ka go dirisa mekgwa e e farologaneng, baboledi ba le bantsi ba ile ba bona ditsela tsa go dira ditshono tsa go rera ba se mo bodireding. Kgaitsadi mongwe yo o nnang mo moagong wa difolete tsa maemo a a gagametseng a tshireletso o dirisa lefelo la teng la go itlosa bodutu go kopanya ditshwantsho tse dintle tsa tlhago tse di kgaogantsweng ka dikarolonyana gore e nne setshwantsho se se feletseng. Fa batho ba ema mme ba bo ba akgela ka bontle jwa setshwantsho seno, o dirisa tshono eo go simolola motlotlo le go ba bolelela ka tsholofetso ya Baebele ya “legodimo le lesha le lefatshe le lesha.” (Tshen. 21:1-4) A o ka akanya ka ditsela tsa go dira ditshono tsa go rera o se mo bodireding?
11. Re ka ikgolaganya jang le motho yo o bontshitseng kgatlhego fa re ne re rera re se mo bodireding?
11 Go Ikgolaganya le Batho ba ba Bontshitseng Kgatlhego: Fa o kopana le motho yo o kgatlhegang, leka go ikgolaganya le motho yoo. Fa go tshwanela, o ka nna wa raya motho yoo wa re: “Ruri ke itumeletse go tlotla le wena. Nka kopana kae le wena gore re boe re tlotle gape?” Baboledi bangwe ba naya motho aterese ya bone le nomoro ya bone ya founo fela mme ba bo ba re: “Ke itumeletse go tlotla le wena. Fa o rata go itse mo go oketsegileng ka se re buileng ka sone, o ka ikgolaganya le nna mo atereseng eno kgotsa wa nteletsa mogala ka nomoro eno.” Fa e le gore o ka se kgone go boela kwa mothong yo o kgatlhegang ka bowena, rulaganya le phuthego e e tshwanelang gore ba dire jalo ka bonako ka go naya mokwaledi wa phuthego ya lona foromo ya Tsweetswee Boela (S-43).
12. (a) Ke eng fa re tshwanetse go kwala le go bega nako e re e dirisang fa re rera re se mo bodireding? (b) Go rera o se mo bodireding go nnile le matswela afe? (Bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng “Go Rera O se Mo Bodireding Go na Le Matswela!”)
12 Nako e re e dirisang fa re rera re se mo bodireding e tshwanetse go begiwa. Ka jalo, tlhomamisa gore o a e kwala, le fa e ka nna metsotso e se kae fela ka letsatsi. Akanya ka seno: Fa mmoledi mongwe le mongwe a dirisa metsotso e le metlhano letsatsi le letsatsi a rera a se mo bodireding, nako eo fa e kopanngwa e ka nna diura tse di fetang dimilione di le 17 kgwedi le kgwedi!
13. Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go rera re se mo bodireding?
13 Re na le mabaka a a utlwalang thata a go rera re se mo bodireding—go rata Modimo le moagelani. (Math. 22:37-39) Re tlhotlheletsega go bua ka ‘kgalalelo ya bontlentle jwa bogosi jwa ga Jehofa’ ka go bo dipelo tsa rona di tletse kanaanelo ka ntlha ya dinonofo le maikaelelo a gagwe. (Pes. 145:7, 10-12) Go amega go tswa pelong ka baagelani ba rona, go re tlhotlheletsa gore re dirise tshono nngwe le nngwe e e tshwanelang go ba bolelela dikgang tse di molemo fa nako e sa ntse e le teng. (Bar. 10:13, 14) Ka go akanyetsa dilo e sa le gale le ka go ipaakanyetsa, rotlhe re ka kgona go rera re se mo bodireding mme gongwe le rona re nne le boitumelo jwa go thusa mongwe yo o peloephepa go utlwa boammaaruri.
[Blurb on page 4]
O ka nna wa fitlhela go thusa go ipeela mokgele wa go kopana le batho le go simolola motlotlo le bone
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]
Ka go dirisa mekgwa e e farologaneng, baboledi ba le bantsi ba ile ba bona ditsela tsa go dira ditshono tsa go rera ba se mo bodireding
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Dikakantsho Tsa go Simolola Motlotlo
◼ Rapelela thuso ya go o simolola
◼ Tlhopha batho ba ba bonalang ba le botsalano e bile ba sa itlhaganela
◼ Leka go rakanya matlho le motho, nyenya o bo o bua sengwe se lo se kgatlhegelang lotlhe
◼ Nna moreetsi yo o molemo
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Go Rera O se Mo Bodireding Go na Le Matswela!
• Fa mokaulengwe mongwe a ne a le kwa karatšheng a ntse a letile gore ba baakanye koloi ya gagwe, o ne a rerela batho ba ba neng ba le gaufi le ene mme a ba naya dipampitshana tsa taletso a ba laletsa go tla go reetsa puo ya phatlalatsa. Ngwaga morago ga foo kwa kopanong ya kgaolo, mokaulengwe mongwe yo a neng a sa mo itse o ne a mo dumedisa ka lorato. E ne e le mongwe wa banna ba a neng a ba file pampitshana ya taletso kwa karatšheng ngwaga pele ga foo! Monna yono o ile a ya go reetsa puo ya phatlalatsa mme a kopa go tshwarelwa thuto ya Baebele. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba setse ba kolobeditswe.
• Kgaitsadi mongwe yo o nang le bana ba bararo yo o neng a ithuta boammaaruri ka go rerelwa ke mongwe yo o neng a se mo bodireding, o tsaya batho ba a kopanang le bone e le tshimo ya gagwe. Tshimo ya gagwe e akaretsa baagelani le batsadi ba a kopanang le bone kwa sekolong le kwa dikokoanong tsa batsadi. Gantsi fa a ipolela gore ke mang, o tlhalosa ka bokhutshwane mme a dira jalo go tswa pelong gore Baebele e mo thusa thata gore a godise bana ba gagwe mme go tswa foo a bo a tlotla ka sengwe se sele. Mme ka gonne a setse a simolotse motlotlo jalo, o lemoga gore go nna motlhofo go bua ka Baebele mo metlotlong e mengwe. Ka go dirisa mokgwa ono, o thusitse batho ba le 12 gore ba kolobediwe.
• Fa kgaitsadi mongwe a ne a etetswe ke monna mongwe yo o tsamaisang inshorense, o ne a dirisa tshono eo go mo rerela. O ne a mmotsa gore a o ne a ka rata go nna le botsogo jo bo siameng, boitumelo le botshelo jo bo sa khutleng. O ne a re ee, mme a mmotsa gore o bua ka mofuta ofe wa inshorense. O ne a mmontsha ditsholofetso tsa Baebele mme a mo tsamaisetsa nngwe ya dikgatiso tsa rona, e a neng a e bala mo bosigong bo le bongwe fela. Go ne ga rulaganngwa gore a tshwarelwe thuto ya Baebele. O ne a simolola go ya dipokanong mme moragonyana a kolobediwa.
• Fa kgaitsadi mongwe a ne a tsamaya ka sefofane, o ne a simolola motlotlo le mosadi yo o neng a dutse fa thoko ga gagwe mme a kgona go mo neela bosupi. Fa mosepele wa bone o khutla, kgaitsadi yono o ne a naya mosadi yoo aterese le nomoro ya gagwe ya founo mme a mo kgothaletsa gore a kope Basupi ba ga Jehofa go ithuta Baebele le ene fa ba mo etela. Mo letsatsing le le latelang, Basupi ba babedi ba ne ba etela mosadi yoo kwa ntlong ya gagwe. Mosadi yono o ne a simolola go ithuta Baebele, a dira kgatelopele ka bonako, a kolobediwa mme go ise go ye kae le ene a tshwarela batho ba le bararo thuto ya Baebele.
• Mokaulengwe mongwe yo o foufetseng yo o nang le dingwaga di le 100, yo o nnang kwa legaeng la go tlhokomela batsofe gantsi o a tle a re, “Re tlhoka Bogosi.” Seno se dirile gore baoki le balwetse ba bangwe ba botse dipotso mme sa dira gore a kgone go tlhalosa gore Bogosi ke eng. Mosadi mongwe yo o berekang koo o ne a mmotsa gore o tlile go dira eng kwa Paradaiseng. O ne a araba jaana: “Ke tla kgona go bona le go tsamaya gape mme ke tla fisa setulo sa me sa maotwana.” E re ka a foufetse, o kopa mosadi yono gore a mmalele dimakasine tsa gagwe. Fa morwadia mokaulengwe yono a etile, mmereki yono o ne a mo kopa dimakasine tseo. Mooki mongwe o ne a raya morwadia mokaulengwe yono a re: “Moono o mosha mo legaeng la rona la go tlhokomela batsofe ke: ‘Re tlhoka Bogosi.’”
• Kgaitsadi mongwe yo o neng a letile mo moleng kwa resetšhurenteng o ne a utlwa setlhopha sa banna ba ba godileng se se neng se dutse gaufi se bua ka dikgang tsa dipolotiki. Mongwe wa banna bao o ne a re puso ga e kgone go rarabolola mathata a rona. Kgaitsadi yono o ne a ipolelela jaana, ‘Eno ke tshono ya me.’ O ne a rapela ka bokhutswane mo pelong mme a ba atamela. Fa a sena go ipolela gore ke mang, o ne a ba bolelela ka puso e e tla rarabololang mathata a batho, e leng Bogosi jwa Modimo mme a ba abela boroutšhara jo a neng a bo tshotse. Ka yone nako eo manejara o ne a atamela. Kgaitsadi o ne a akanya gore o tlile go mo kopa gore a tsamaye. Go na le moo, o ne a mmolelela gore o ntse a reeditse mme le ene a ka rata go nna le boroutšhara joo. Modiri mongwe yo le ene a neng a reeditse o ne a atamela a tsholola dikeledi. O ne a kile a ithuta Baebele mme o ne a batla go boa a ithuta gape.