Letsholo le le Nang le Diphelelo Tse di Molemo
Dibeke di le tharo pele kopano e simolola, diphuthego di tla nna le seabe gape mo letsholong la go laletsa batho ba ba kgatlhegang mo tshimong go nna teng kwa kopanong. Go na le lebaka le le utlwalang la go bo go na le letsholo leno la ngwaga le ngwaga. Gantsi batho ba ba amogelang taletso eno mme ba bo ba tla kopanong ba kgatlhiwa ke dipuo tse di theilweng mo Dikwalong, mafapha a a rulagantsweng sentle a go berekang baithaopi fela mo go one le boitshwaro jo bo siameng jo re bo bontshang le go nna seoposengwe ga rona. (Pes. 110:3; 133:1; Isa. 65:13, 14) Le fa go le jalo, a letsholo leno la rona le nna le diphelelo tse di molemo, segolobogolo mo mafelong a batho ba ba kgatlhegang ba tlhokang go tsaya loeto lo loleele go nna teng kwa kopanong?
Morago ga kopano ya kgaolo ya 2011, ofisi ya lekala e ne ya amogela lekwalo le le tswang kwa mosading mongwe yo o neng a fitlhela pampitshana ya taletso ka fa tlase ga kgoro ya gagwe. Gantsi o ne a iphitlha fa Basupi ba ga Jehofa ba mo etetse. O ne a kwala jaana: “Ke na le ntlo e ntle e bile ke na le monna yo o siameng mme ke ne ke akanya gore ke na le sengwe le sengwe se se ka dirang gore ke itumele. Ka maswabi, ke ne ke sa ntse ke sa itumela e bile botshelo jwa me bo ne bo se na bokao. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke tsamaye ka koloi dikilometara di le 320 go nna teng kwa thulaganyong ya Matlhatso.” O ne a itumelela kopano thata mo e leng gore o ne a leletsa monna wa gagwe go mmolelela gore o tla robala kwa lefelong la kopano gore a nne teng le ka Sontaga. “Ke ne ka reetsa dipuo tsotlhe, ka kopana le Basupi ba bantsi ba ga Jehofa, mme ke ne ka swetsa ka gore ke batla gore seno se nne se tswelele pele.” Fa a sena go boela gae, o ne a simolola go ithuta mme morago ga dikgwedi di le nnè o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang. “Ke itumetse go bo ke ile ka fitlhela pampitshana eo ka fa tlase ga kgoro ka gonne gone jaanong ruri botshelo jwa me bo na le bokao!”
Batho bangwe ba ba amogetseng ditaletso ba tlile go nna teng. Ka jalo, nna le seabe ka tlhoafalo mo letsholong le le botlhokwa leno. Tla le dipampitshana tse di setseng kwa lefelong la kopano mme o di dirise go neela bosupi o se mo bodireding.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Re Tlile go Tsamaisa Dipampitshana Tsa Taletso Jang?
E le gore re dire tshimo ya rona yotlhe, re tshwanetse go bua ka bokhutshwane. O ka nna wa re: “Dumela. Re laletsa batho mo lefatsheng lotlhe ka go ba naya taletso eno. Khopi ya gago ke eno. O tla bona dintlha tse di oketsegileng mo taletsong eno.” Nna matlhagatlhaga. Fa re nna le seabe mo letsholong leno ka mafelobeke, gape re tshwanetse go tsamaisa dimakasine fa go tshwanela.