SETLHOGO SA KGWEDI: “RERA LEFOKO, DIRA JALO KA POTLAKO.”—2 TIM. 4:2.
Kafa re ka Nnang le Boikutlo Jwa go Potlaka ka Gone fa re Rera
Re tshwanetse go dira ka natla gore re nne le boikutlo jwa go potlaka, e bile re a bo tlhoka gore re kgone go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Fa re tsaya tsia dikgakololo tseno, re tla nonotsha boikutlo jwa rona jwa go potlaka.
Rapelela Bogosi ka metlha.—Math. 6:10.
Sireletsa pelo ya gago ka go ithuta Baebele letsatsi le letsatsi.—Baheb. 3:12.
Dirisa nako ya gago ka botlhale.—Baef. 5:15, 16; Bafil. 1:10.
Nna le leitlho “le le sa raraanang.” O se ka wa itewa tsebe ke dikeletso tsa lefatshe.—Math. 6:22, 25; 2 Tim. 4:10.
Nna o disitse ka go nna o ela tlhoko go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele.—Mar. 13:35-37.
Go nna le boikutlo jwa go potlaka go tla re tlhotlheletsa go nna le seabe ka botlalo mo tirong eno e e tlogang e fela mo bogautshwaneng!—Joh. 4:34, 35.