LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/15 ts. 2
  • “Mafoko Ano . . . A Nne mo Pelong ya Gago”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mafoko Ano . . . A Nne mo Pelong ya Gago”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thusa Malapa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Lelapa la Gago le Itumele?—Karolo 2
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Kobamelo ya Lelapa—A o Ka Dira Gore e Itumedise?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Thusa Lelapa la Gago go Gopola Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
km 8/15 ts. 2

“Mafoko Ano . . . A Nne mo Pelong ya Gago”

Batsadi ba tshwana le badisa. Ba tshwanetse go tlhokomela bana ba bone ka gonne go motlhofo gore bana ba tswe mo tseleng mme ba tlhaselwe. (Dia. 27:23) Batsadi ba ka tlhokomela bana ba bone jang? Ba tshwanetse go ipha nako letsatsi le letsatsi go bua le bana ba bone gore ba kgone go itse se bana ba se akanyang le se se mo dipelong tsa bone. (Dia. 20:5) Gape batsadi ba tshwanetse go aga ka didirisiwa tse di sa sheng gore ba kgone go nonotsha tumelo ya bana ba bone. (1 Bakor. 3:10-15) Bidio e e reng “Mafoko Ano . . . A Nne mo Pelong ya Gago” e gatelela botlhokwa jwa go tshwara kobamelo ya lelapa ka metlha. E lebelele le ba lelapa la gago mme go tswa foo lo arabe dipotso tse di latelang.

(1) Ke eng se se neng sa dira gore lelapa la ga Ramadi le se ka la tlhola le tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya? (2) Ke ka ntlha yang fa maiteko a kwa tshimologong a ga Mokaulengwe Ramadi a go tshwara kobamelo ya lelapa, a ne a itaya se fololetse? (3) Ke molaomotheo ofe wa Baebele o o thusang thata gore batsadi ba atlege fa ba godisa bana? (Dute. 6:6, 7) (4) Ke eng se se ka tokafatsang puisano mo lelapeng? (5) Bana ba lebeletse gore batsadi ba bone ba intshe setlhabelo ka tsela efe? (6) Mokaulengwe le Kgaitsadi Barobi ba ne ba thusa jang lelapa la ga Ramadi? (Dia. 27:17) (7) Ke eng se tlhogo ya lelapa e tshwanetseng go se dira go sa le gale gore kobamelo ya lelapa e nne monate? (8) Ke eng se Mokaulengwe Ramadi a neng a simolola go se dira go fetola boemo jwa lelapa la gagwe? (9) Ke ka ntlha yang fa nako ya go tshwara kobamelo ya lelapa e sa tshwanela go nna e fetofetolwa? (Baef. 6:4) (10) Ke dilo dife tse di ka akarediwang mo kobamelong ya lelapa? (11) Mokaulengwe Ramadi o ne a bua jang a ritibetse mme gone a sa potapote fa a ne a thusa Bakang go bona botlhokwa jwa go dira se se siameng? (Jer. 17:9) (12) Mokaulengwe le Kgaitsadi Ramadi ba ne ba ntsha mabaka afe go thusa Rebaone go dira tshwetso e e siameng malebana le go ratana le Atang? (Mar. 12:30; 2 Tim. 2:22) (13) Mokaulengwe le Kgaitsadi Ramadi ba ne ba bontsha jang gore ba na le tumelo fa ba ne ba dira diphetogo mo matshelong a bone? (Math. 6:33) (14) Bidio eno e gatelela jang ntlha ya gore ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go tlamela ba malapa a bone ka dilo tsa semoya? (1 Tim. 5:8) (15) Lona ditlhogo tsa malapa, lo ikemiseditse go dira eng?

NTLHA E DITLHOGO TSA MALAPA DI TSHWANETSENG GO E ELA TLHOKO: Terama eno e ne ya tshamekiwa kwa dikopanong tsa tikologo tsa 2011. Ka nako eo, a o ne wa lemoga sengwe se o ka tokafatsang mo go sone fa go tla mo kgannyeng ya kobamelo ya lelapa? A gone jaanong go na le sengwe se o ka tokafatsang mo go sone? Fa go tlhokega, re a lo kopa tlheng, gore lo rapelele kgang eno mme lo dire diphetogo tse di tla solegelang malapa a lona molemo.—Baef. 5:15-17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela