Baboledi ba naya motho boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo kwa Azerbaijan
Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
TSOGANG!
Potso: Re ka dirisa nako ya rona jang?
Temana: Mor 4:6
Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono wa Tsogang! o na le dikakantsho tse di ka re thusang go rulaganya nako ya rona sentle.
RUTA BOAMMAARURI
Potso: A go na le lebaka la go bo re tshela?
Temana: Pes 37:29
Boammaaruri: Modimo o re bopile gore re tshelele ruri mo lefatsheng.
DIKGANG TSE DI MOLEMO TSE DI TSWANG KWA MODIMONG!
Potso: O akanya gore re ka bona kae dikgang tse di molemo? [Mmontshe bidio ya A o Ka Rata go Utlwa Dikgang Tse di Molemo?]
Temana: Isa 52:7
Fa o mo naya kgatiso: Boroutšhara jono bo re naya “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka” ka gonne bo na le molaetsa o o tswang mo Baebeleng.
ITIRELE PUISANO
Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.