LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb18 January ts. 6
  • Jesu O ne A Rata Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu O ne A Rata Batho
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
mwb18 January ts. 6
Jesu a fodisa molepero

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 8-9

Jesu O ne A Rata Batho

Kgaolo 8 le 9 ya buka ya Mathaio di bua ka bodiredi jwa ga Jesu fa a ne a le kwa kgaolong ya Galalea. Fa Jesu a ne a fodisa batho o ne a bontsha gore o na le maatla mme sa botlhokwa le go feta, o ne a bontsha gore o rata batho le gore o ba utlwela botlhoko.

  1. Metse e Jesu a ileng a fodisa batho kwa go yone

    Jesu o ile a fodisa motho yo o neng a na le lepero.—Mat 8:1-3

  2. Jesu o ile a fodisa motlhanka mongwe wa modiredi wa masole.—Mat 8:5-13

    O ile a fodisa mogogwadiagwe Petere.—Mat 8:14, 15

    O ile a leleka madimona mo bathong le go fodisa ba ba neng ba lwala.—Mat 8:16, 17

  3. Jesu o ile a lelekela madimona a a bogale mo serapeng sa dikolobe.—Mat 8:28-32

  4. Jesu o ile a fodisa monna yo o suleng ditokololo.—Mat 9:1-8

    Jesu o ile a fodisa mosadi yo o ileng a ama seaparo sa gagwe e bile o ile a tsosa morwadie Jairo yo o neng a sule.—Mat 9:18-26

    O ile a fodisa batho ba ba sa boneng le ba ba sa kgoneng go bua.—Mat 9:27-34

  5. Jesu o ile a etela metse le metsana a alafa bolwetse le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe.—Mat 9:35, 36

Nka bontsha ba bangwe jang gore ke a ba rata le gore ke ba utlwela botlhoko?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela