LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 September ts. 3-16
  • Dirisa Kgatiso ya “Itumelele go Tshelela Ruri!” mo Bodireding

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirisa Kgatiso ya “Itumelele go Tshelela Ruri!” mo Bodireding
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Dirisa Jang “Itumelele go Tshelela Ruri!” fa o Ruta Batho Baebele?
    Rata Batho—Dira Barutwa
  • Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone Gore ba Kolobediwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 September ts. 3-16
Banyalani ba tlotla le monna mongwe ba dirisa boroutšhara jwa “Itumelele go Tshelela Ruri!” fa ba emetse bese.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Dirisa Kgatiso ya Itumelele go Tshelela Ruri! mo Bodireding

Re itumeletse go nna le boroutšhara le buka tse re tla di dirisang go ithuta Baebele le batho. Re rapelela gore Jehofa a segofatse maiteko a rona a go dira barutwa ba ba oketsegileng. (Mat 28:18-20; 1Bk 3:6-9) Re ka dirisa jang dikgatiso tseno tse disha?

Buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! ke tsela e ntšha ya go ruta batho Baebele, latela ditaelo tseno tse di tla go thusang go baakanyetsa le go tshwara dithuto tsa Baebele.a

  • Balang dintlha tse di mo bukeng lo bo lo tlotla ka dipotso tsa teng

  • Balang ditemana tse di kwadilweng “bala” o bo o thusa moithuti go tlhaloganya gore a ka di dirisa jang mo botshelong

  • Tshameka dibidio lo bo lo tlotla ka tsone lo dirisa dipotso tse di foo

  • Lekang go fetsa thuto e lo e simolotseng ka letsatsi leo

Mo tshimong, o ka naya motho boroutšhara pele go bona gore a o batla go ithuta Baebele. (Bona lebokoso la “O ka Naya Jang Motho Boroutšhara Jwa Itumelele go Tshelela Ruri! mo Loetong Lwa Ntlha?”) Fa lo sena go ithuta boroutšhara mmogo mme moithuti a sa ntse a batla go tswelela, o ka mo naya buka lo bo lo simolola thuto 04. Fa e le gore go na le mongwe yo o ithutang Baebele le ene lo dirisa buka ya E re Ruta Eng? kgotsa ‘Ipoloke mo Loratong Lwa Modimo,’ lo ka nna lwa ya kwa bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! mme o tla bona gore lo simolole fa kae.

Banyalani bao ba tshwaretse monna yoo thuto kwa ga gagwe ba dirisa buka ya “Itumelele go Tshelela Ruri!”

LEBANG BIDIO YA ITUMELELE GO ITHUTA BAEBELE, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Batho ba tla ithuta eng mo bukeng e ntšha?

  • Goreng o tshwanetse go bontsha motho yo o simololang go ithuta le ene bidio eno?

  • Ke dilo dife tse o tla nnang o kgothaletsa moithuti wa Baebele go di dira?—Bona tšhate ya “Se go Tlotliwang ka Sone mo Karolong Nngwe le Nngwe”

a NTLHA YA BOTLHOKWA: Go tla tswa mo go wena gore a lo tla tlotla ka karolo ya “Dintlha Tse Dingwe” mo thutong ya lona, mme iphe nako ya go bala le go lebelela dibidio tse di mo karolong eno fa o ntse o baakanyetsa. Go dira jalo go tla go thusa go itse gore moithuti wa gago o rata eng le gore ke eng se se tla mo thusang. Fa o dirisa JW Library kgotsa jw.org, o ka kgona go bona dilinki tsa dibidio le dikgatiso tse dingwe.

SE GO TLOTLIWANG KA SONE MO KAROLONG NNGWE LE NNGWE

 

DITHUTO

SE GO TLOTLIWANG KA SONE

SE MOITHUTI A KA LEKANG GO SE DIRA

1

01-12

Ithute gore Baebele e ka go thusa jang le gore e tswa kae

Ithute se Modimo a re diretseng sone le tsela e a batlang gore re mo obamele ka yone

2

13-33

Ithute se Modimo a se lebeletseng mo bathong ba ba mo obamelang

Ithute gore o ka dira eng gore Modimo a tswelele a go rata

3

34-47

Kgothaletsa moithuti gore a bale Baebele, a baakanyetse le gore a simolole go tla dipokanong

Kgothaletsa moithuti gore a rerele ba bangwe le gore a nne mmoledi

4

48-60

Kgothaletsa moithuti gore a ineele mo go Jehofa le gore a kolobediwe

Thusa moithuti go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang le gore a nne a atamalane le Modimo

O KA NAYA JANG MOTHO BOROUTŠHARA JWA ITUMELELE GO TSHELELA RURI! MO LOETONG LWA NTLHA?

Boroutšhara jono bo tshwana le dipampitshana tsa rona, bo na le potso kwa morago. Leka go dira jaana:

  • Botsa potso

  • Mmalele karabo mo Baebeleng mo go Pesalema 37:29

  • Tlotla ka dintlha tse di mo tlase ga setlhogo se se reng “Seno se ka Tokafatsa Botshelo Jwa Gago Jang?” Fa lo na le nako, balang ditemana lo bo lo tlotla ka ditshwantsho

  • Kopa go mo arabela potso e e tlhagang fa tlase lo bo lo simolola go tlotla ka thuto ya ntlha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela