BOTSHELO JWA BOKERESETE
Mathata ga Nnele Ruri
Mathata a ka re kgoba marapo, segolobogolo fa a tsaya lobaka. Dafide o ne a itse gore bothata jo a neng a na le jone le Kgosi Saulo bo ne bo tlile go fela, le gore o ne a tlile go nna kgosi fela jaaka Jehofa a ne a solofeditse. (1Sa 16:13) Tumelo ya ga Dafide e ne ya dira gore a nne pelotelele le gore a letele Jehofa.
Gantsi re kgona go rarabolola mathata a re nang le one fa re dirisa bokgoni jwa rona jwa go akanya. (1Sa 21:12-14; Dia 1:4) Le fa go ntse jalo, mathata mangwe a tla tswelela a ntse a le teng le fa re lekile go dira sotlhe se re ka se kgonang go a rarabolola re dirisa melaometheo ya Baebele. Mo maemong ao, re tshwanetse go nna pelotelele mme re letle Jehofa gore a rarabolole mathata a re nang le one. Mo nako e e sa fediseng pelo, Jehofa o tlile go “phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong” a rona a bo a fedisa mathata otlhe a re lebanang le one. (Tsh 21:4) Go sa kgathalesege gore a mathata a rona a rarabololwa ke se Jehofa a se dirileng kgotsa ka ntlha ya mabaka a mangwe, ntlha ya botlhokwa ke eno: Mathata ga a nnele ruri. Mme go itse seo go a re gomotsa.
LEBANG BIDIO YA BA SEOPOSENGWE MO LEFATSHENG LE LE KGAOGANENG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Bakeresete bangwe ba ba kwa borwa jwa United States ba ne ba lebana le mathata afe?
Ba ne ba bontsha jang gore ba lorato le gore ba pelotelele?
Ba ne ba tlhoma mogopolo jang mo ‘dilong tse di botlhokwa’?—Baf 1:10