KGANG YA BOTSHELO
“Gone Jaanong ke Rata Tiro ya go Rera!”
KE GOLETSE kwa toropong e e bidiwang Balclutha kwa New Zealand. Fa ke le monnye, ke ne ke rata Jehofa thata e bile ke itumelela go nna Mosupi. Ke ne ke rata go ya dipokanong, mme fa ke le kwa go tsone, ke ne ke ikutlwa ke sireletsegile e bile ke itumetse. Le fa gone ke ne ke le ditlhong ke ne ke itumelela go ya tshimong beke le beke. Ke ne ke sa tshabe go rerela bana ba ke tsenang sekolo le bone le batho ba bangwe. Ke ne ke sa tlhabisiwe ditlhong ke go nna Mosupi wa ga Jehofa, mme fa ke na le dingwaga di le 11 ke ne ka ineela mo go Jehofa.
KE NE KE SA TLHOLE KE ITUMETSE
Ka maswabi, fa ke na le dingwaga di le 13 botsala jwa me le Jehofa bo ne jwa koafala. Go ne go lebega e kete bana ba ke tsenang sekolo le bone ba kgona go dira sengwe le sengwe se ba se batlang mme ke ne ke batla go tshwana le bone. Ke ne ke akanya gore melao ya batsadi ba me e a lapisa le gore go nna Mokeresete go thata. Gape ke ne ke akanya gore go direla Jehofa ke mokgweleo. Gone ke ne ke dumela gore Jehofa o teng mme ke ne ke sa ikutlwe ke atamalane le ene.
Le fa ke ne ke sa tlogela go rera, fa ke ya bodireding ke ne ke ikgoga fela. Ke ne ke sa baakanyetse fa ke ya tshimong, ka jalo, go ne go le thata gore ke simolole motlotlo kgotsa go o tsweletsa. Ka ntlha ya seo, ke ne ke se na dipoelo kgotsa dithuto e bile ke sa itumelele go ya tshimong. Ke ne ke tlhola ke ipotsa gore, ‘Na re batho ba kgona jang go ya tshimong beke le beke?’
Fa ke na le dingwaga di le 17 ke ne ke batla go itirela sengwe le sengwe ke sa laolwe ke ope. Ka jalo, ke ne ka phuthaphutha se e leng sa me ke bo ke fudugela kwa Australia. Fa ke fuduga kwa gae, batsadi ba me ba ne ba utlwile botlhoko. Ba ne ba tshwenyegile mme gone, ba ne ba akanya gore ke tla tswelela ke direla Jehofa.
Fa ke le kwa Australia botsala jwa me le Jehofa bo ne jwa koafala le go feta. Ke ne ka simolola go lofa dipokano, ka tsalana le basha ba ba neng ba ya dipokanong mme letsatsi le le latelang, ba bo ba ya go nwa bojalwa kwa ditlelapong mme le nna ke ne ke dira jalo. Fa ke akanya ka botshelo jwa me, ke kgona go lemoga gore ke ne ke direla Jehofa mme gape ke dira dilo tsa lefatshe. Mme ke ne ke sa di itumelele tsotlhe.
KE ITHUTA SENGWE SA BOTLHOKWA
Morago ga dingwaga di le pedi, ke ne ka kopana le kgaitsadi mongwe yo o neng a dira gore ke akanye ka botshelo jwa me. Mme ene o ne a sa lemoge. Ke ne ke nna le bokgaitsadi ba le batlhano mme rotlhe re sa nyalwa. Ka jalo, re ne ra laletsa molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe e bong Tamara gore ba tle go nna le rona beke yotlhe. Fa monna wa gagwe a tshwaregile ka dilo tsa phuthego, Tamara o ne a fetsa nako le rona. Mme re ne re nna le motlotlo o monate e bile re tshega. Ke ne ke itumelela seo. E ne e le motho yo o bonolo e bile go le motlhofo go bua le ene. Ke ne ke kgatlhiwa ke go bona motho yo o tlhomileng mogopolo mo tirelong ya ga Jehofa mme a sa bore.
Tamara e ne e le motho yo o matlhagatlhaga. Tsela e a neng a rata boammaaruri le tiro ya go rera ka yone, e ne e dira gore motho le ene a batle go dira jalo. O ne a itumelela go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Mme nna ke ne ke sa itumela ka gonne ke sa direle Jehofa ka pelo yotlhe. Botho jwa gagwe le tsela e a neng a itumetse ka yone, di ne di dira gore ke batle go fetola botshelo jwa me. Sekao sa gagwe se ne se dira gore ke akanye ka lekwalo lengwe le le tlhalosang gore Jehofa o batla gore rotlhe re mo direle “ka go ipela” le ka go “goa ka boipelo.”—Pes. 100:2.
FA KE SIMOLOLA GO RATA TIRO YA GO RERA GAPE
Ke ne ke batla go itumela jaaka Tamara. Mme gore ke itumele, ke ne ke tshwanetse go dira diphetogo tse dikgolo. Go ne ga ntsaya dingwaga di ka nna tharo go dira diphetogo. Mme ke ne ka simolola pele ka go dira diphetogo tse dinnye. Ke ne ka baakanyetsa fa ke ya go rerela batho. Mme fa nako e ntse e ya, ke ne ke tlhola ke tsaya bobulatsela jo bo thusang. Seno se ne sa nthusa gore ke se ka ka tlhola ke tshoga fa ke bua le batho. E re ka ke ne ke dirisa Baebele thata fa ke rera, seno se ne se dira gore ke itumelele go rerela batho. Mme fa nako e ntse e ya ke ne ka tsaya bobulatsela jo bo thusang jo bo sa kgaotseng.
Ke ne ka simolola go tsalana le batho ba dingwaga tse di farologaneng, ba ba neng ba direla Jehofa ka pelo yotlhe e bile ba itumelela go mo direla. Sekao sa bone se ne sa nthusa go akanya gore ke eng se se botlhokwa mo botshelong jwa me le go simolola go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Ke ne ka simolola go itumelela tiro ya go rera le go feta. Mme fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha. Morago ga dingwaga di le dintsi, ke ne ke ikutlwa ke itumetse e bile ke gololesegile fa ke le kwa dipokanong.
KE BONA MOTHO YO KE TLA DIRELANG JEHOFA LE ENE BOTSHELO JOTLHE
Morago ga ngwaga, ke ne ka kopana le Alex; mokaulengwe yo o ratang batho, a rata Jehofa le tiro ya gagwe. E ne e le motlhanka wa bodiredi mme a na le dingwaga di le thataro e le mmulatsela wa ka metlha. Gape o ne a kile a fetsa dikgwedi di le robedi a direla kwa go nang le tlhokego gone, kwa Malawi. Fa a le koo, o ne a kopana le barongwa ba ba neng ba mo tlhomela sekao se se molemo. Mme ba ne ba mo kgothaletsa gore a tswelele a baya dilo tse di direlwang Jehofa kwa pele mo botshelong jwa gagwe.
Ka 2003, nna le Alex re ne ra nyalana mme ra tswelela re le mo tirelong ya nako e e tletseng. Re ithutile dilo di le dintsi tse di molemo mme Jehofa o re segofaditse fela thata.
JEHOFA O RE SEGOFATSA LE GO FETA
Re le mo tshimong kwa Gleno, kwa nageng ya Timor-Leste
Ka 2009, re ne ra abelwa go nna barongwa kwa nageng e nnye ya Timor-Leste e e gaufi le ditlhaketlhake tsa Indonesia. Re ne re gakgametse, re itumetse e bile re tshogile. Morago ga dikgwedi di le tlhano, re ne ra goroga kwa toropokgolo ya Timor-Leste, e e bidiwang Dili.
Botshelo jwa rona jwa kwa nageng eo bo ne bo farologane le botshelo jwa rona jwa pele. Re ne ra tshwanelwa ke go tlwaela setso sa koo, puo, dijo le tsela e go tshelwang ka yone koo. Fa re le mo bodireding, re ne re kopana le batho ba ba humanegileng, ba ba sa tsenang sekolo le ba ba neng ba tshela bokete. Gape re ne re kopana le batho ba ba neng ba gobetse kgotsa ba tshwenyegile mo maikutlong ka ntlha ya dintwa.a
Tiro ya go rera kwa nageng eo e ne e le monate! Ka sekai, nako nngwe ke ne ka kopana le mosetsana mongwe wa dingwaga di le 13 yo o bidiwang Maria.b Mosetsana yoo o ne a utlwile botlhoko. Mmaagwe o ne a na le dingwaga di le mmalwa a tlhokafetse, mme go ne go feta nako e telele a sa bone rraagwe. Maria o ne a sa itse gore o batla go dira eng ka botshelo jwa gagwe. Ke gopola letsatsi lengwe a thubega ka selelo fa a re o leka go ntlhalosetsa gore o ikutlwa jang. Mme gone, ke ne ke sa tlhaloganye se a neng a se bua ka gonne ke sa itse puo ya gagwe sentle. Ke ne ka rapela Jehofa ke mo kopa gore a nthuse gore ke kgone go mo gomotsa. Mme ka mmalela makwalo a a neng a mo kgothatsa. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka bona Baebele e fetola botho jwa ga Maria, tsela e a neng a lebega ka yone le tsela e a neng a tshela ka yone. O ile a kolobediwa mme gone jaanong, o na le dithuto tsa Baebele. Gone jaanong, Maria ke karolo ya lelapa le legolo la batho ba ga Jehofa mme o ikutlwa a ratiwa.
Jehofa o segofatsa tiro ya go rera e e dirwang kwa Timor-Leste. Le fa baboledi ba le bantsi ba ile ba kolobediwa mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, bontsi jwa bone ke babulatsela, batlhanka ba bodiredi kgotsa bagolwane. Ba bangwe ba direla kwa ofising ya thanolo, go ranola dikgatiso tsa Baebele ka dipuo tse di buiwang mo lefelong leo. Ke ne ke itumela fa ke ba utlwa ba opela kwa dipokanong, ke bona ba smaela le go nna ditsala tsa ga Jehofa.
Ke na le Alex, re ya kwa tshimong e e sa abiwang, go ya go tsamaisa ditaletso tsa Segopotso
GA GO NA BOTSHELO JO BO MONATE GO GAISA JONO
Botshelo jwa kwa Timor-Leste bo ne bo farologane thata le jwa kwa Australia. Mme gone, go ne go le monate. Ka dinako dingwe, fa re tlhoka go ya kwa mafelo a mangwe, re ne re tsamaya ka bese. Mme re tla bo re pitlagane mo beseng mme bangwe ba rekile ditlhapi tse di omisitsweng le merogo kwa marekisetsong. Mo malatsing mangwe, re ne re tshwara dithuto mo matlong a a mogote, a mannye thata le a a bongola. Mme mangwe a one a ne a se na samente mo fatshe. Mme fa re ntse re ithuta, dikoko di tla bo di taboga mo ntlong. Le fa gone maemo a ne a ntse jalo, ke ne ke itumelela go direla koo!
Re ya go rera
Fa ke akanya ka se se diragetseng, ke leboga go bo batsadi ba me ba ile ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go nthuta ka Jehofa le go nkema nokeng le fa botsala jwa me le Jehofa bo ne bo koafetse. Ruri ke bone gore Diane 22:6, e bua nnete. Mama le Papa ba motlotlo ka nna le Alex. Ba itumelela go bo re direla Jehofa. Ka 2016, re ne ra simolola go direla mo tirelong ya potologo mo tshimong e e mo lekaleng la Australasia.
Ke bontsha bana ba buang Se-Timorese bidio ya Kabo le Masego
Ga ke dumele gore nkile ka bo ke sa rate tiro ya go rera. Gone jaanong, ke rata tiro ya go rera! Ke lemogile gore le fa go ka direga eng mo botshelong jwa gago, o ka kgona go itumela fela fa o direla Jehofa ka pelo yotlhe. Ga ke ikwatlhaele dingwaga di le 18 tse ke di feditseng ke direla Jehofa le Alex. Gone jaanong, ke a lemoga gore mafoko a ga mopesalema Dafide a a neng a a bolelela Jehofa a boammaaruri. O ne a re: “Botlhe ba ba tshabelang mo go wena ba tla ipela; ba tla goa ka boipelo ka bosakhutleng. . . . Mme ba ba ratang leina la gago ba tla itumela mo go wena.”—Pes. 5:11.
Go a itumedisa go ithuta Baebele le batho ba ba ratang go ithuta ka Modimo!
a Go tloga ka 1975, go ne ga feta dingwaga di ka nna 20 go na le dintwa kwa nageng ya Timor-Leste, ka gonne batho ba koo ba ne ba batla go menola puso.
b Leina la gagwe le fetotswe.