LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w24 October ts. 6-11
  • Jehofa “o Fodisa ba ba Pelo e Phatlogileng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa “o Fodisa ba ba Pelo e Phatlogileng”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • JEHOFA O RE TLHOMAMISETSA GORE RE BOTLHOKWA
  • TLHOMAMISEGA GORE JEHOFA O BATLA GO GO ITSHWARELA
  • JEHOFA O RE GOMOTSA KA MOYA O O BOITSHEPO
  • JEHOFA O DIRISA BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI GO RE GOMOTSA
  • DITSHOLOFETSO TSA GA JEHOFA DI KA RE GOMOTSA
  • Ikokobetse Fa go Na le Dilo Tse o Sa di Itseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ga re Nosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Nna o Gopotse Gore Jehofa ke “Modimo yo o Tshelang”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Jehofa o re Thusa Jang go Itshoka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
w24 October ts. 6-11

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 40

PINA 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me

Jehofa “o Fodisa ba ba Pelo e Phatlogileng”

“O fodisa ba ba pelo e phatlogileng; o hapa dintho tsa bone.”​—PES. 147:3.

SE GO BUIWANG KA SONE

Jehofa o amega thata ka batho ba ba tshwenyegileng mo maikutlong. Setlhogo seno se tla re bontsha gore Jehofa o re gomotsa jang fa re tshwenyegile mo maikutlong le gore o re thusa jang go gomotsa ba bangwe.

1. Jehofa o ikutlwa jang ka batlhanka ba gagwe?

JEHOFA o bona sengwe le sengwe se batlhanka ba gagwe ba lebanang le sone. O a re bona fa re itumetse le fa re utlwile botlhoko. (Pes. 37:18) O a itumela fa a bona re dira sotlhe se re ka se kgonang go mo direla, tota le fa re tshwenyegile mo maikutlong. Mo godimo ga moo, o batla go re thusa le go re gomotsa.

2. Ke eng se Jehofa a se direlang ba ba tshwenyegileng mo maikutlong, mme a ka re thusa jang?

2 Pesalema 147:3 e a re Jehofa “o hapa dintho” tsa ba ba pelo e phatlogileng. Temana eno e tlhalosa kafa Jehofa a thusang batho ba ba tshwenyegileng mo maikutlong ka gone. Mme gone, re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a re thuse? Ela tlhoko sekai seno: Ngaka e ka kgona go thusa motho yo o gobetseng gore a fole. E le gore motho yoo a fole, o tshwanetse go dira se ngaka eo e mmolelelang gore a se dire. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka se Jehofa a se bolelelang ba ba tshwenyegileng mo maikutlong a dirisa Baebele e bile re tla sekaseka gore le rona re ka dirisa kgakololo eo jang.

JEHOFA O RE TLHOMAMISETSA GORE RE BOTLHOKWA

3. Goreng bangwe ba ikutlwa e se batho ba sepe?

3 Re tshela mo lefatsheng le batho ba le bantsi ba sa rateng batho ba bangwe e bile ba dira gore ba ikutlwe e se batho ba sepe. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Helena a re: “Batsadi ba me ba ne ba se lorato. Rre o ne a rata ntwa, go ne go se na letsatsi le le fetang a sa mpolelele gore ga ke motho wa sepe.” Gongwe fela jaaka Helen, mongwe o kile a go tshwara makgwakgwa, a go tlhaba ka mafoko kgotsa a dira gore o ikutlwe o se motho wa sepe. Fa e le gore go ntse jalo, go ka nna thata gore o dumele gore go na le mongwe yo o go ratang.

4. Go ya ka Pesalema 34:18 Jehofa o ikutlwa jang ka ba ba pelo e phatlogileng, mme o solofetsa gore o tla ba direla eng?

4 Tota le fa batho ba sa go tshwara sentle, o ka tlhatswega pelo gore Jehofa ene o a go rata le gore o go tsaya o le motho wa botlhokwa. O “gaufi le ba ba pelo e phatlogileng.” (Bala Pesalema 34:18.) Fa o ‘kgobegile marapo,’ gopola gore Jehofa o bone dilo tse dintle mo go wena. (Joh. 6:44) Ka dinako tsotlhe o nna a ipaakanyeditse go go thusa ka gonne o a go rata.

5. Tsela e Jesu a neng a amega ka yone ka batho ba ba neng ba tseelwa kwa tlase e re ruta eng?

5 Re ka kgona go itse gore Jehofa o ikutlwa jang fa re akanya ka se Jesu a neng a se dira. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a utlwela batho ba ba neng ba tseelwa kwa tlase botlhoko. (Math. 9:9-12) Fa mosadi yo o neng a lwala thata a tshwara seaparo sa gagwe ka gonne a batla go fola, Jesu o ne a mo gomotsa a bo a mo akgola ka gonne a na le tumelo. (Mar. 5:25-34) Jesu o ne a etsa Rraagwe. (Joh. 14:9) Ka jalo, o ka tlhatswega pelo gore Jehofa o go tsaya o le botlhokwa e bile o bona dinonofo tse dintle tse o nang le tsone, go akaretsa tumelo le lorato lo o mmontshang lone.

6. O ka dira eng fa o ikutlwa o se motho wa sepe?

6 Ke eng se o ka se dirang fa o ikutlwa o se motho wa sepe? Bala ditemana dingwe mo Baebeleng tse di go tlhomamisetsang gore Jehofa o go tsaya o le motho wa botlhokwa, o bo o akanyetsa kwa teng ka tsone.b (Pes. 94:19) O se ka wa ipapisa le batho ba bangwe e bile o se ka wa tlhoma mogopolo mo dilong tse o sa kgoneng go di dira. Jehofa ga a a lebelela gore o dire dilo tse o ka se kgoneng go di dira. (Pes. 103:13, 14) Fa e le gore mongwe o kile a go sotla ka tsela nngwe, o se ka wa ipona molato. Gopola gore Jehofa o tlile go atlhola batho ba ba sotlang ba bangwe, e seng ba ba sotliwang. (1 Pet. 3:12) Sandra yo o ileng a sotliwa fa a sa ntse a le monnye a re: “Ka metlha ke kopa Jehofa gore a nthuse go bona dilo tse dintle tse a di bonang mo go nna.”

Monna mongwe wa Moiseraele a tshwere nonyane e nnye.

O Botlhokwa mo go Jehofa

Ditemana tse di latelang di re tlhomamisetsa gore Jehofa o re tsaya re le botlhokwa fela thata:

  • Pesalema 56:8. Fa o lela, Jehofa o bona dikeledi tsa gago e bile o amega thata ka gore o ikutlwa jang.

  • Luke 12:6, 7. Fela jaaka Jehofa a tsaya nonyane e nnye e le botlhokwa, tlhomamisega gore o go tsaya o le botlhokwa thata. O amega ka wena e bile o itse sengwe le sengwe ka wena ka gonne o a go rata.

  • 1 Johane 3:19, 20. Fa o akanya gore ga o motho wa sepe, gopola gore Jehofa ‘o mogolo go feta pelo ya gago’ le gore o a go rata.

7. Dilo tse di re diragaletseng mo nakong e e fetileng di ka re thusa jang fa re ntse re direla Jehofa?

7 O se ka wa belaela gore Jehofa a ka go dirisa gore o thuse batho ba bangwe. O go neile tshiamelo ya gore o dire le ene mo tirong ya go rera. (1 Bakor. 3:9) Se se go diragaletseng mo botshelong, se ka dira gore go nne motlhofo go tlhaloganya gore fa batho ba bangwe ba boga ba ikutlwa jang. Helen yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o ile a thusiwa ke batho ba bangwe, mme le ene o dira se se tshwanang. A re: “Ke ne ke itsaya ke se motho wa sepe, mme Jehofa o ile a dira gore ke ikutlwe ke ratiwa e bile o ile a ntirisa go thusa batho ba bangwe.” Gone jaanong Helen o itumelela go direla Jehofa e le mmulatsela yo o thusang.

TLHOMAMISEGA GORE JEHOFA O BATLA GO GO ITSHWARELA

8. Isaia 1:18 e re tlhomamisetsa eng?

8 Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba sa ntse ba tlhobaediwa ke maleo a ba a dirileng pele ga ba kolobediwa kgotsa fa ba sena go kolobediwa. Mme gone, re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa o a re rata, e bile o ntshitse thekololo go re itshwarela maleo. Ka jalo, ga re belaele gore o batla gore re amogele mpho eno e a re neileng yone. Jehofa o re tlhomamisetsa gore fa re ‘tlhamalatsa dilo’c le ene, o tla re itshwarela. (Bala Isaia 1:18.) Re lebogela go bo Jehofa a sa nnele go akanya ka diphoso tse re di dirileng, e bile a sa lebale dilo tse dintle tse re mo diretseng tsone.​—Pes. 103:9, 12; Baheb. 6:10.

9. Goreng re sa tshwanela go nna re tshwenyega ka dilo tse re di dirileng mo nakong e e fetileng?

9 Fa e le gore o nna o tlhobaela ka dilo tse o di dirileng mo nakong e e fetileng, akanya thata ka se o kgonang go se dira gone jaanong le se o tla se dirang mo nakong e e tlang. Seo ke se moaposetoloi Paulo a ileng a se dira. O ne a ikwatlhaela go bo a ile a sotla Bakeresete mo nakong e e fetileng. Mme gone, o ne a itse gore Jehofa o mo itshwaretse. (1 Tim. 1:12-15) A o ile a tswelela a akanya ka diphoso tse a di dirileng? Nnyaa, e re ka a sa fetsa nako e ntsi a akanya ka dilo tse a ileng a di fitlhelela fa e ne e le Mofarasai, ga go pelaelo gore ga a a ka a nnela go akanya ka maleo ao. (Bafil. 3:4-8, 13-15) Paulo o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang mo tirong ya go rera, e bile o ne a nna a lebile pele go bona dilo tse Jehofa a di solofeditseng di direga. Fela jaaka Paulo, o ka se kgone go fetola se se diragetseng. Mme gone, o ka kgona go baka Jehofa le go mo itumedisa gone jaanong. Gape o ka akanya ka dilo tse dintle tse Jehofa a go solofeditseng tsone tse di tla diregang mo nakong e e tlang.

10. Ke eng se re ka se dirang fa dilo tse re di dirileng mo nakong e e fetileng di utlwisitse batho ba bangwe botlhoko?

10 Gongwe o ka tswa o tshwenyega ka gonne dilo dingwe tse o di dirileng mo nakong e e fetileng di utlwisitse ba bangwe botlhoko. Ke eng se se ka go thusang? Dira sotlhe se o ka se kgonang go baakanya dilo. Gape ikopele maitshwarelo, mme o bontshe batho ba o ba utlwisitseng botlhoko gore o ikwatlhaela se o se dirileng. (2 Bakor. 7:11) Kopa Jehofa gore a ba thuse. A ka thusa wena mmogo le batho ba o ba utlwisitseng botlhoko gore lo kgone go tswelela lo mo direla le gore lo nne le kagiso.

11. Re ithuta eng mo sekaong sa ga moporofeti Jona? (Bona le setshwantsho.)

11 Ithute mo diphosong tse o di dirileng mme o letle Jehofa gore a go dirise kafa a batlang ka gone. Ela tlhoko sekao sa ga moporofeti Jona. Go na le gore a ye kwa Ninife jaaka Modimo a ne a mo laetse, Jona o ne a ya go sele. Jehofa o ile a mo kgalemela, mme Jona o ne a ithuta mo diphosong tsa gagwe. (Jona 1:1-4, 15-17; 2:7-10) Jehofa ga a a ka a tlhoboga Jona. O ile a mo naya tshono e nngwe gape ya gore a ye kwa Ninife. Mme mo lekgetlong leno, Jona o ne a ikobela taelo eo ya ga Jehofa. Le fa gone a ne a utlwisitswe botlhoko ke phoso e a neng a e dirile, o ile a dira se Jehofa a neng a batla gore a se dire.​—Jona 3:1-3.

Moporofeti Jona a eme mo lotshitshing lwa lewatle. A rotha metsi.

Fa Jona a sena go tswa mo mpeng ya tlhapi, Jehofa o ne a mo laela gape gore a boele kwa Ninife mme a bolelele Baninife molaetsa o o tswang kwa go ene (Bona serapa 11)


JEHOFA O RE GOMOTSA KA MOYA O O BOITSHEPO

12. Fa re diragalelwa ke sengwe se se utlwisang botlhoko, Jehofa o re naya kagiso jang? (Bafilipi 4:6, 7)

12 Fa re diragalelwa ke sengwe se se re utlwisang botlhoko, Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re gomotsa. Akanya ka se se ileng sa diragalela Ron le Carol. Ngwana wa bone wa mosimane o ile a ipolaya. Ba a re: “Re kile ra lebana le diteko tse di boima mo botshelong, mme eno e di gaisa tsotlhe. Go le gantsi fa re ne re sa kgone go robala, re ne re rapela Jehofa. Mme re ne ra nna le kagiso e go buiwang ka yone mo go Bafilipi 4:6, 7.” (E bale.) Fa e le gore go na le sengwe se se utlwisang botlhoko se se go diragaletseng, bolelela Jehofa gore o ikutlwa jang. O ka bua le ene nako nngwe le nngwe. (Pes. 86:3; 88:1) Nna o kopa Jehofa gore a go neye moya wa gagwe o o boitshepo. Ka metlha o tla go thusa.​—Luke 11:9-13.

13. Moya o o boitshepo o ka re thusa jang gore re tswelele re direla Jehofa ka boikanyegi? (Baefeso 3:16)

13 A o kile wa diragalelwa ke sengwe se se dirileng gore o ikutlwe o se na maatla? Fa e le gore go ntse jalo, moya o o boitshepo o ka go thusa gore o kgone go tswelela o direla Jehofa ka boikanyegi. (Bala Baefeso 3:16.) Ela tlhoko se se ileng sa diragalela kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Flora. Ene le monna wa gagwe e ne e le barongwa. Ka maswabi, monna wa gagwe o ile a simolola go sa ikanyege mo go ene, mme ba ile ba tlhalana. A re: “Seo se ile sa nkutlwisa botlhoko thata, ke ne ke nna fela ke akantse ka kgang eno. Ke ile ka kopa Jehofa gore a nneye moya wa gagwe o o boitshepo gore ke kgone go itshoka. Le fa go ne go le thata kwa tshimologong, Jehofa o ile a nkgomotsa, e bile ke ile ka nna le maatla gape ke bo ke kgona go itshoka.” Flora a re Jehofa o mo thusitse gore a mo tshepe le go feta, e bile o tlhatswegile pelo gore o tla mo thusa go itshokela diteko tse a tla lebanang le tsone mo botshelong. A re: “Mafoko a a mo go Pesalema 119:32, a tlhalosa tsela e Jehofa a nthusitseng ka yone. Temana eno e a re: ‘Ke tla latela tsela ya ditaelo tsa gago ka tlhoafalo ka gonne o nthusa gore ke e tlhaloganye.’”

14. Re ka dira eng gore moya o o boitshepo o re thuse?

14 Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa o sena go kopa Jehofa gore a go neye moya o o boitshepo? Dira dilo tse di tla go thusang gore o nne le moya o o boitshepo. Dingwe tsa dilo tseo ke go ya dipokanong le go rerela batho ba bangwe. Go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi go tla go thusa gore o nne o akantse ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone. (Bafil. 4:8, 9) Fa o ntse o bala Baebele, akanya ka batho ba go buiwang ka bone le dikgwetlho tse ba ileng ba lebana le tsone. Go tswa foo, akanyetsa kwa teng ka tsela e Jehofa a ba thusitseng ka yone gore ba kgone go itshoka. Sandra yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng o ne a boga thata ka ntlha ya mathata a a ileng a lebana le one. A re: “Pego ya ga Josefa e ile ya nkgothatsa. Ga a a ka a letla gore diteko le go sa tshwarwe sentle go senye botsala jwa gagwe le Jehofa.”​—Gen. 39:21-23.

JEHOFA O DIRISA BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI GO RE GOMOTSA

15. Ke bomang ba ba ka re kgothatsang, mme ba ka re thusa jang? (Bona le setshwantsho.)

15 Fa re boga, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka re ‘kgothatsa thata.’ (Bakol. 4:11) Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go re bontsha gore o a re rata. Ba ka re gomotsa ka go fetsa nako le rona le go re reetsa fa re ba bolelela gore re ikutlwa jang. Ba ka re balela temana nngwe mo Baebeleng kgotsa ba rapela le rona.d (Bar. 15:4) Ka dinako dingwe mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a ka re gopotsa tsela e Jehofa a akanyang ka yone. Mme seo se ka re thusa gore re kgone go itshoka. Bakaulengwe ba ka re thusa ka ditsela tse dingwe gape. Ka sekai, ba ka re naya dijo gore re ikutlwe botoka.

Bagolwane ba le babedi ba etetse kgaitsadi mongwe kwa bookelong. Ba butse Dibaebele fa ba ntse ba bua le ene.

Ditsala tse re ka di tshepang e bile di rata Jehofa, di ka re gomotsa le go re ema nôkeng (Bona serapa 15)


16. Ke eng se o tshwanetseng go se dira gore batho ba bangwe ba go thuse?

16 Ka dinako dingwe re ka tshwanelwa ke go kopa batho ba bangwe gore ba re thuse. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba a re rata e bile ba batla go re thusa. (Diane 17:17) Mme gone, ba ka tswa ba sa itse gore re ikutlwa jang kgotsa gore re tlhoka eng. (Diane 14:10) Fa e le gore o tlhobaela ka sengwe, bolelela ditsala tsa gago gore o ikutlwa jang. Go tswa foo, ba bolelele gore o ka rata gore ba go thuse jang. Gongwe o ka bua le mogolwane a le mongwe kgotsa ba le babedi ba o atamalaneng thata le bone. Bokgaitsadi bangwe ba ikutlwa ba phuthologile fa ba bua le kgaitsadi yo o nang le maitemogelo.

17. Ke dikgwetlho dife tse di dirang gore go nne thata gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba re kgothatse, mme re ka di fenya jang?

17 Boammaaruri ke gore fa o utlwile botlhoko, o ka nna wa se ka wa batla go kopana le batho ba bangwe. Mme gone, o se ka wa fetsa nako e ntsi o le nosi. Ka dinako dingwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka tswa ba sa tlhaloganye gore o ikutlwa jang, kgotsa ba ka bua dilo dingwe tse di go utlwisang botlhoko. (Jak. 3:2) Le fa go ntse jalo, o se ka wa katogela kgakala le bone. Jehofa a ka ba dirisa gore ba go kgothatse. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Gavin, yo o nang le dipreshene a re: “Go le gantsi ga ke batle go nna le ditsala tsa me kgotsa go bua le tsone.” Le fa go ntse jalo, Gavin o dira sotlhe se a ka se kgonang go nna le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. Seo se dira gore a ikutlwe botoka. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Amy a re: “Go thata gore ke tshepe batho ba bangwe ka ntlha ya dilo tse di ntiragaletseng mo nakong e e fetileng. Mme gone, ke leka ka natla go tshepa bakaulengwe le bokgaitsadi le go ba rata fela jaaka Jehofa. Ke a itse gore go dira jalo go dira gore Jehofa a itumele, e bile le nna go dira gore ke itumele.”

DITSHOLOFETSO TSA GA JEHOFA DI KA RE GOMOTSA

18. Ke eng se re lebileng pele go se bona mo nakong e e tlang, mme ke eng se re ka se dirang gone jaanong?

18 Go ise go ye kae, Jehofa o tla nyeletsa sengwe le sengwe se se re tlhobaetsang, e bile ga re kitla re tlhola re utlwa botlhoko bope. (Tshen. 21:3, 4) Ka nako eo, dilo tse di utlwisang botlhoko tse di re diragaletseng, “ga di kitla di tla mo pelong.” (Isa. 65:17) Re ithutile gore tota le mo nakong eno, Jehofa o a re tlhokomela fa re boga. O re neile dilo di le dintsi tse di ka re gomotsang le tse di ka re thusang. Ka jalo, amogela thuso ya gagwe, mme le ka motlha o se ka wa belaela gore o a go “kgathalela.”​—1 Pet. 5:7.

O KA ARABA JANG?

  • Jehofa o re thusa jang fa re ikutlwa re se batho ba sepe?

  • Jehofa o re thusa jang fa re tlhobaela ka ntlha ya maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng?

  • Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi jang go re gomotsa?

PINA 7 Jehofa ke Maatla a Rona

a Maina mangwe a fetotswe.

b Bona lebokoso le le reng, “O Botlhokwa mo go Jehofa.”

c Gore re “tlhamalatse dilo” le Jehofa, re tshwanetse go bontsha gore tota re a ikwatlhaya ka go mo kopa gore a re itshwarele maleo a re a dirileng, le ka go fetola tsela e re itshwarang ka yone. Gape fa re dirile boleo jo bo masisi, re tshwanetse go kopa bagolwane gore ba re thuse.​—Jak. 5:14, 15.

d Ka sekai, o ka sekaseka ditemana tse di mo bukeng ya Bakeresete ba Kaelwa ke Baebele mo setlhogo se se reng, “Go Tlhobaela” le se se reng “Kgomotso.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela