Batho ga ba ka ke ba kgona go fedisa dintwa
Kafa Dintwa di Tla Felang ka Gone
Baebele e a re Modimo ke ene a tla “[fedisang] dintwa mo lefatsheng lotlhe,” e seng batho.—Pesalema 46:9.
MODIMO O TLA FEDISA DIPUSO TSA BATHO
Modimo o tla fedisa dipuso tsa batho a dirisa ntwa e Baebele e e bitsang Aramagedona.a (Tshenolo 16:16) Ka nako eo, ‘dikgosi tse di mo lefatsheng lotlhe’ di tla phuthegela “kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14) Aramagedona ke ntwa e Modimo a tla e dirisang go fedisa dintwa tsotlhe.
Fa Modimo a sena go fedisa dipuso tsa batho, o tla tlhoma Bogosi jwa gagwe kgotsa puso e e tla busang e le kwa legodimong, mme puso eo ga e kitla e senngwa. (Daniele 2:44) Modimo o tlhophile Morwawe e bong Jesu Keresete gore e nne Kgosi ya Bogosi joo. (Isaia 9:6, 7; Mathaio 28:18) Puso eno, ke Bogosib jo Jesu a ileng a ruta barutwa ba gagwe gore ba bo rapelele. (Mathaio 6:9, 10) Batho botlhe mo lefatsheng ba tla bo ba busiwa ke puso e le nngwe, e Mmusi wa yone e tla bong e le Jesu Keresete.
Go farologana le babusi ba batho, Jesu ene ga a kitla a dirisa taolo ya gagwe go dira dilo tse di tswelang ene fela mosola. E re ka a le tekatekano e bile a se na tlhaolele, ga go na ope yo o tla ikutlwang a sa tshwarwe sentle ka ntlha ya mmala wa gagwe, naga e a tswang kwa go yone kgotsa lotso lwa gagwe. (Isaia 11:3, 4) Batho ga ba kitla ba tlhoka go lwela ditshwanelo tsa bone. Goreng? Ka gonne Jesu o tla tlhomamisa gore mongwe le mongwe o tshela sentle. “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le motho wa maemo a a kwa tlase le ope fela yo o se nang mothusi. . . . O tla ba golola mo kgatelelong le mo thubakanyong.”—Pesalema 72:12-14.
Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa dibetsa tsotlhe mo lefatsheng. (Mika 4:3) Gape bo tla fedisa batho ba ba bosula ba ba ganang go emisa dintwa kgotsa ba ba kgoreletsang ba bangwe go tshela ka kagiso. (Pesalema 37:9, 10) Batho botlhe fela, e leng banna, basadi le bana, ba tla ikutlwa ba sireletsegile gongwe le gongwe fela kwa ba yang gone mo lefatsheng.—Esekiele 34:28.
Fa puso ya Modimo e busa mo lefatsheng, batho botlhe ba tla itumelela botshelo. E tla fedisa mathata otlhe a a dirang gore batho ba lwe, a a jaaka khumanego, tlala le go tlhoka magae. Mongwe le mongwe o tla nna le dijo tse dintsi tse di nang le dikotla e bile o tla nna le legae le a tla itumelelang go nna mo go lone.—Pesalema 72:16; Isaia 65:21-23.
Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa dilo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko tse di bakilweng ke ntwa. Dilo tseno di akaretsa dintho tse batho ba nnileng le tsone le matsadi a ba neng ba nna le one mo mogopolong le mo maikutlong ka ntlha ya dilo tse di botlhoko tse di diregileng ka nako ya dintwa. Tota le batho ba ba suleng ka nako ya ntwa, ba tla tsosiwa gore ba tshele gape mo lefatsheng. (Isaia 25:8; 26:19; 35:5, 6) Malapa a tla boa a kopana gape e bile batho ba tla bo ba sa tlhole ba gopola dilo tse di botlhoko tse di neng tsa direga ka nako ya ntwa, ka gonne “dilo tse di neng di tlhola di direga [di tla bo di sa] tlhole di le teng.”—Tshenolo 21:4.
MODIMO O TLA FEDISA BOLEO
Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa mo lefatsheng, batho botlhe ba tla bo ba obamela Modimo yo o esi fela wa boammaaruri e bong Jehofac, “Modimo wa lorato le wa kagiso.” (2 Bakorintha 13:11) Batho ba tla ithuta go tshela mmogo ka kagiso. (Isaia 2:3, 4; 11:9) Botlhe ba ba ikobelang Modimo ga ba kitla ba tlhola ba nna le boleo.—Baroma 8:20, 21.
MODIMO O TLA FEDISA SATANE LE MADIMONA
Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa Satane le madimona ka gonne ke bone ba tlhotlheletsang gore go nne le dintwa. (Tshenolo 20:1-3, 10) E re ka tlhotlheletso ya bone e e bosula e tla bo e sa tlhole e le gone, “kagiso e tla nna ntsi.”—Pesalema 72:7.
O ka tlhatswega pelo gore Modimo o tla fedisa dintwa fela jaaka a solofeditse. O na le bokgoni jwa go fedisa dintwa e bile o eletsa go dira jalo.
Modimo o botlhale e bile o na le maatla a go fedisa dintwa. (Jobe 9:4) Ga go na sepe se se ka mo palelang.—Jobe 42:2.
Modimo ga a itumelele go bona batho ba boga. (Isaia 63:9) Gape o “tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”—Pesalema 11:5.
Ka metlha, Modimo o diragatsa se sa se solofeditseng; ga a ke a bua maaka.—Isaia 55:10, 11; Tito 1:2.
Mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tla dira gore go nne le kagiso ya mmatota le e e nnelang ruri.
Modimo o tla fedisa dintwa
a Bala setlhogo se se reng “Ntwa ya Haramagedona ke Eng?” mo jw.org/tn.
b Leba bidio ya setlhogo se se reng Bogosi Jwa Modimo ke Eng? mo jw.org/tn.
c Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.