SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 49
PINA 44 Thapelo ya Motho yo o Tlhokang Kgothatso
Buka ya Jobe E ka Go Thusa Jang fa o Naya Mongwe Kgakololo?
“Jaanong Jobe, tsweetswee utlwa mafoko a me.”—JOBE 33:1.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore buka ya Jobe e ka re thusa jang go naya mongwe kgakololo e e ka mo tswelang mosola.
1-2. Ke kgwetlho efe e ditsala tse tharo tsa ga Jobe mmogo le Elihu ba ileng ba lebana le yone?
FA Jobe a ne a latlhegelwa ke dikhumo tsotlhe tsa gagwe, batho ba le bantsi ba kwa Botlhaba ba ile ba utlwalela ka seo. Ditsala tsa ga Jobe tse tharo, e leng Elifase, Biledade le Sofare, ba ile ba ya kwa Use gore ba ye go mo gomotsa. Fa ba tsena koo, ba ile ba gakgamadiwa ke se ba neng ba se bona.
2 Leka go akanya ka se se neng sa diragalela Jobe. O ne a latlhegetswe ke sengwe le sengwe. Go ne go ile fela jalo ka leruo la gagwe le lentsintsi la dinku, dikgomo, dikamela le ditonki. Batlhanka ba gagwe ba le bantsi ba ne ba swa e bile bana ba gagwe botlhe le bone ba ne ba swa fa ntlo e ba wela. Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, Jobe o ne a tlhaselwa ke bolwetse. Mmele otlhe wa gagwe o ne o tletse mathopa a a botlhoko. Fa Elifase, Biledade le Sofare ba goroga, Jobe o ne a ntse mo meloreng e bile a hutsafetse. Ba ile ba dira eng? Go ne ga feta malatsi a le supa ba ntse le monna yono yo o neng a le mo ditlhabing ba sa bue sepe. (Jobe 2:12, 13) Lekawana lengwe le le bidiwang Elihu le lone le ne la tla go bona Jobe, mme le ne la nna gaufi le banna bano. La bofelo, Jobe o ne a simolola go bua. O ne a hutsa letsatsi le a tshotsweng ka lone e bile o ne a eletsa e kete a ka bo a sule. (Jobe 3:1-3, 11) Tota Jobe o ne a tlhoka thuso. Banna bano ba ne ba tshwanetse go kgothatsa Jobe le go mmontsha gore ke ditsala tsa boammaaruri tse di mo kgathalelang. A re boneng gore ba ile ba dira eng.
3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Jehofa o ile a laela Moshe gore a kwale se ditsala tse tharo tsa ga Jobe mmogo le Elihu ba ileng ba se bua le se ba ileng ba se dira. Ela tlhoko gore dilo dingwe tse Elifase a neng a di bua go lebega di ne di tlhotlheleditswe ke ledimona. Mme Elihu ene o ne a bua se se tswang kwa go Jehofa. (Jobe 4:12-16; 33:24, 25) Ke gone ka moo mo bukeng ya Jobe go nang le kgakololo e e siameng le e e sa siamang. Re tlile go sekaseka gore buka ya Jobe e ka re thusa jang fa re batla go naya mongwe kgakololo. Sa ntlha, re tla tlotla ka dikao tse di sa siamang tsa ditsala tse tharo tsa ga Jobe. Go tswa foo, re tla tlotla ka sekao se se siameng sa ga Elihu. Gape re tla bona gore ke eng se Baiseraele ba neng ba ka se ithuta mo bukeng ya Jobe le gore rona re ka ithuta eng mo go yone.
DITSALA TSE THARO TSA GA JOBE DI ILE TSA MO NAYA KGAKOLOLO JANG?
4. Goreng ditsala tse tharo tsa ga Jobe di ile tsa palelwa ke go mo gomotsa? (Bona le setshwantsho.)
4 Baebele e tlhalosa gore fa ditsala tse tharo tsa ga Jobe di sena go utlwa dilo tse di botlhoko tse di neng di mo diragaletse, di ile tsa ya kwa go ene gore di ye “go hutsafala le [ene] le go mo gomotsa.” (Jobe 2:11) Le fa go ntse jalo, ba ile ba palelwa ke go dira jalo. Goreng? Ka ntlha ya mabaka ano a mararo. Sa ntlha, ga ba a ka ba ipha nako ya go mo reetsa le go leka go tlhaloganya maemo a gagwe. Ka sekai, ba ne ba akanya gore Jehofa o a mo otlhaya ka gonne a dirile sengwe se se sa siamang.a (Jobe 4:7; 11:14) Sa bobedi, bontsi jwa dilo tse ba neng ba di bua di ne di sa mo thuse, le fa gone di ne di utlwala e kete di siame. (Jobe 13:12) Gape ba ne ba bua dilo tse di neng di mo utlwisa botlhoko. Ka sekai, Biledade o ile a bolelela Jobe ka makgetlo a le mabedi gore o bua thata. (Jobe 8:2; 18:2) Mme Sofare ene o ile a tshwantsha Jobe le “motho yo o seeleele.” (Jobe 11:12) Sa boraro, le fa gone ba ne ba sa tsholetse mantswe fa ba bua le ene, se ba neng ba se bua le tsela e ba neng ba bua ka yone e ne e dira gore a ikutlwe molato e bile a sa ratiwe. (Jobe 15:7-11) Banna bano ba ile ba tswelela ba leka go bontsha Jobe gore o leofile e bile ga ba a ka ba mo gomotsa kgotsa ba nonotsha tumelo ya gagwe.
Fa o naya mongwe kgakololo, o se ka wa dira gore a akanye gore o botoka mo go ene. Dira sotlhe se o ka se kgonang go mo thusa (Bona serapa 4)
5. Kgakololo e ditsala tsa ga Jobe di ileng tsa mo naya yone, e ne ya felela jang?
5 Fa Elifase, Biledade le Sofare ba sena go bua le Jobe, o ne a utlwile botlhoko le go feta. (Jobe 19:2) E re ka ba ne ba mo latofatsa ba sa kgaotse ba re o dirile dilo tse di sa siamang, le ene o ile a tswelela a leka go ba tlhalosetsa gore ga a molato. Ka jalo, re kgona go tlhaloganya lebaka la go bo a ne a batla go ba bontsha gore o siame le gore ke eng fa gantsi a ne a bua dilo tse a neng a sa tshwanela go di bua. (Jobe 6:3, 26) Se ditsala tsa ga Jobe di neng di se bua, se ne se sa tsamaisane le tsela e Jehofa a akanyang ka yone e bile ba ne ba sa tlhomogele Jobe pelo. Ka ntlha ya seo, Satane o ne a ba dirisa go kgoba Jobe marapo. (Jobe 2:4, 6) Pego eno e ne e ka thusa Baiseraele jang, mme rona e ka re thusa jang?
6. Bagolwane ba kwa Iseraele ba ne ba ka ithuta eng mo sekaong se se sa siamang sa ditsala tse tharo tsa ga Jobe?
6 Pego ya ga Jobe e ne e ka tswela Baiseraele mosola jang? Fa Jehofa a ne a naya Baiseraele melao, o ile a tlhoma bagolwane gore ba atlhole batho ba gagwe le gore ba ba thuse go ikobela melao eo. (Dute. 1:15-18; 27:1) Banna bao ba ne ba tshwanetse go reetsa batho ka kelotlhoko pele ga ba ba naya kgakololo kgotsa ba ba atlhola. (2 Ditir. 19:6) Gape ba ne ba tshwanetse go ba botsa dipotso, go na le go ipolelela gore ba itse dintlha tsotlhe. (Dute. 19:18) Ba ne ba sa tshwanela go galefela batho ba ba neng ba tla go kopa thuso mo go bone. Goreng? Ka gonne batho ba ne ba ka se phuthologe go ba bolelela gore ba ikutlwa jang fa ba se bonolo. (Ekes. 22:22-24) Tseno ke dilo tse bagolwane ba kwa Iseraele ba neng ba ka ithuta tsone mo go se se neng sa diragalela Jobe.
7. Kwantle ga bagolwane ba kwa Iseraele, ke bomang gape ba ba neng ba ka naya ba bangwe kgakololo, mme pego ya ga Jobe e ne e ka ba thusa jang? (Diane 27:9)
7 Bagolwane ba kwa Iseraele e ne e se bone fela ba ba neng ba ka naya ba bangwe kgakololo. Mongwe le mongwe o ne a ka thusa tsala ya gagwe go atamalana le Jehofa, e bile o ne a ka mo naya kgakololo fa a dirile sengwe se se phoso. (Pes. 141:5) Seo se ne se tla bo se bontsha gore ke tsala ya boammaaruri. (Bala Diane 27:9.) Go akanya ka se Elifase, Biledade le Sofare ba neng ba se bua fa ba ne ba bua le Jobe, go ne go ka thusa Baiseraele go itse gore ke eng se ba neng ba sa tshwanela go se bua le go se dira fa ba naya mongwe kgakololo.
8. Ke eng se re sa tshwanelang go se dira fa re naya mongwe kgakololo? (Bona le ditshwantsho.)
8 Pego ya ga Jobe e ka re tswela mosola jang? Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba lebana le diteko, re batla go ba thusa. Mme gone, gore re kgone go ba gomotsa, ga re a tshwanela go dira se ditsala tse tharo tsa ga Jobe di ileng tsa se dira. Sa ntlha, re tshwanetse go tlhomamisa gore re itse dintlha tsotlhe pele ga re naya ba bangwe kgakololo. Sa bobedi, ga re a tshwanela go ba naya kgakololo re ikaegile fela ka se re se itseng, e leng se gantsi Elifase a neng a se dira, go na le moo ka metlha re batla go dirisa Lefoko la Modimo. (Jobe 4:8; 5:3, 27) Sa boraro, re batla go bua le bone re le pelonomi, re sa ba tshwayatshwaye diphoso. Gopola gore dingwe tsa dilo tse Elifase le ditsala tsa gagwe ba ileng ba di bua di ne di le boammaaruri, e bile moragonyana moaposetoloi Paulo o ile a nopola mafoko a ga Elifase. (Bapisa Jobe 5:13 le 1 Bakorintha 3:19.) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa dilo tse Elifase, Biledade le Sofare ba ileng ba di bua ka Modimo di ne di se boammaaruri e bile di ne di utlwisa Jobe botlhoko. Ka jalo, Jehofa o ile a re se ba neng ba se bua ga se boammaaruri. (Jobe 42:7, 8) Fa re naya ba bangwe kgakololo ga re batle gore ba akanye gore Jehofa o setlhogo kgotsa ga a ka ke a ba rata. A jaanong re boneng gore re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Elihu.
Fa o naya mongwe kgakololo, (1) batla dintlha tsotlhe, (2) dirisa Lefoko la Modimo, e bile (3) bua o le pelonomi (Bona serapa 8)
ELIHU O ILE A NAYA JOBE KGAKOLOLO JANG?
9. Tlhalosa gore ke eng fa Jobe a ne a tlhoka go gomodiwa fa ditsala tsa gagwe di sena go bua le ene le gore Jehofa o ile a mo thusa jang.
9 Jobe le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ile ba ngangisana ka lobaka lo loleele. Ba ile ba bua thata jaana mo e leng gore mafoko a bone a kwadilwe mo dikgaolong di le 28 tsa Baebele, e bile bontsi jwa se ba neng ba se bua se ne se bontsha gore ba galefile e bile ba tenegile. Ga go gakgamatse go bo Jobe a ne a sa ntse a le mo kutlobotlhokong fa ba fetsa go bua le ene. O ne a tlhoka go gomodiwa le go newa kgakololo. Jehofa o ile a mo thusa jang? O ile a dirisa Elihu gore a mo neye kgakololo. Goreng Elihu a ile a leta lobaka lo loleele a sa bue sepe? O ile a re: “Ke mmotlana, mme lona lo tsofetse. Ka jalo, ke ne ka ithiba go bua ka gonne ke lo tlotla.” (Jobe 32:6, 7) Elihu o ne a itse gore gantsi batho ba ba godileng ba botlhale ka gonne ba tshedile lobaka lo loleele e bile ba na le maitemogelo a mantsi go feta basha. Mme gone, fa Elihu a sena go reetsa Jobe le ditsala tsa gagwe, o ne a sa tlhole a kgona go itshoka. O ile a re: “Botsofe bo le nosi fela ga bo dire gore motho a nne botlhale, e bile batho ba ba godileng ga se bone fela ba ba tlhaloganyang se se siameng.” (Jobe 32:9) Ke eng se a ileng a se bua morago ga moo, mme o ne a se bua jang?
10. Ke eng se Elihu a ileng a se dira pele a naya Jobe kgakololo? (Jobe 33:6, 7)
10 Pele Elihu a naya Jobe kgakololo, o ne a batla gore Jobe a ritibale gore a kgone go reetsa se a neng a tlile go mmolelela sone. O ile a dira seo jang? Sa ntlha, o ile a netefatsa gore ene ka boene o wetse makgwafo. Re itse seo ka gonne Baebele e a re kwa tshimologong Elihu o ne a galefile. (Jobe 32:2-5) Mme gone, ga a a ka a tlhaba Jobe ka mafoko. Go na le moo, o ile a mo gomotsa. Ka sekai, o ile a mo raya a re: “Ke tshwana fela le wena fa pele ga Modimo wa boammaaruri.” (Bala Jobe 33:6, 7.) Gape Elihu o ile a tlhalosa gore fa Jobe a ne a bua, o ne a mo reeditse ka kelotlhoko. Tota e bile, o ile a boeletsa dintlha dingwe tsa botlhokwa tse Jobe a ileng a di bua. (Jobe 32:11; 33:8-11) O ile a dira se se tshwanang le mo makgetlong a mangwe fa a ne a naya Jobe kgakololo.—Jobe 34:5, 6, 9; 35:1-4.
11. Elihu o ile a naya Jobe kgakololo jang? (Jobe 33:1)
11 Fa Elihu a ne a naya Jobe kgakololo, ga a a ka a dira gore a ikutlwe e se motho wa sepe. Go na le moo, o ile a bontsha monna yoo yo o ikanyegang gore o a mo tlotla. Ka sekai, Elihu o ne a dirisa leina la ga Jobe fa a bua le ene, e leng sengwe se go lebegang banna ba bangwe ba bararo ba sa se dira. (Bala Jobe 33:1.) Gongwe Elihu o ile a gopola gore fa Jobe le ditsala tsa gagwe ba ne ba ntse ba ngangisana, le ene o ne a eletsa go bua. Ka jalo, fa a ntse a gakolola Jobe o ne a sa bue a le nosi fela, go na le moo o ne a mo naya tshono ya gore le ene a bue. (Jobe 32:4; 33:32) Gape Elihu o ile a bontsha Jobe lebaka la go bo dilo dingwe tse a neng a di bua le tse a neng a di dira di sa siama a bo a mo gopotsa gore Jehofa o botlhale, o na le maatla, o tshiamiso e bile o na le lorato lo lo sa kgaotseng. (Jobe 36:18, 21-26; 37:23, 24) Ga go pelaelo gore kgakololo e Elihu a ileng a e naya Jobe e ne ya mo thusa gore a ipaakanyetse go amogela kgakololo e nngwe e Jehofa a neng a tlile go mo naya yone. (Jobe 38:1-3) Sekao sa ga Elihu se ne se ka thusa Baiseraele jang, mme rona se ka re thusa jang?
12. Jehofa o ile a dirisa jang baporofeti go thusa batho ba gagwe, mme sekao sa ga Elihu se ne se ka thusa Baiseraele jang?
12 Pego ya ga Jobe e ne e ka tswela Baiseraele mosola jang? Gantsi Jehofa o ne a dirisa baporofeti go itsise Baiseraele maikaelelo a gagwe. Ka sekai, ka nako ya Baatlhodi, Jehofa o ile a dirisa moporofeti wa mosadi e bong Debora go kaela batho ba gagwe. Gape o ile a dirisa Samuele, go kaela batho ba gagwe, tota le fa Samuele a ne a le monnye. (Baatlh. 4:4-7; 5:7; 1 Sam. 3:19, 20) Ka nako ya dikgosi, Jehofa o ne a nna a dirisa baporofeti gore ba thuse Baiseraele gore ba mo obamele ka tsela e a e amogelang. Mme fa ba ne ba sa mo ikobele, o ne a romela baporofeti bao gore ba ba gakolole. (2 Sam. 12:1-4; Dit. 3:24) Sekao sa ga Elihu se se mo bukeng ya Jobe, se ne se ka thusa banna le basadi bano ba ba ikanyegang gore ba itse se ba neng ba ka se bua fa ba gakolola mongwe le gore ba ne ba ka dira seo jang ka bonolo.
13. Re ka kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona jang?
13 Pego ya ga Jobe e ka re tswela mosola jang? Le rona gompieno, re bolelela batho molaetsa wa Baebele gore ba itse thato ya Modimo. Gape re dirisa mafoko a a siameng gore re gomotse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le go ba kgothatsa. (1 Bakor. 14:3) Ka metlha, bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba bua le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le pelonomi, tota le fa batho bao ba bua ba tenegile kgotsa ba ‘bua ba sa akanye.’—1 Bathes. 5:14; Jobe 6:3.
14-15. Bagolwane ba ka etsa Elihu jang fa ba naya mongwe kgakololo?
14 Akanya ka seno. Mogolwane o utlwalela gore kgaitsadi mongwe mo phuthegong o kgobegile marapo. Ene le mokaulengwe yo mongwe ba etela kgaitsadi yoo gore ba ye go mo kgothatsa. Fa ba le koo, kgaitsadi o ba bolelela gore le fa gone a nna a ya tshimong e bile a ya dipokanong, ga a a itumela. Mogolwane yoo o tla dira eng?
15 Sa ntlha, o tla leka go tlhaloganya gore ke eng se se dirang gore kgaitsadi yono a ikutlwe ka tsela eo. Gore a dire jalo, o tla tshwanelwa ke go mmotsa dipotso, go tswa foo a bo a mo reetsa ka kelotlhoko. A o ikutlwa jalo ka gonne a akanya gore Modimo ga a mo rate? Kgotsa a o tlhobaela thata ka dilo tse a di tlhokang? (Luke 21:34) Sa bobedi, mogolwane yono o tla leka go mo akgolela dilo tse dintle tse a di dirang. Ka sekai, a ka mo akgolela gore o ya dipokanong e bile o ya tshimong le fa gone go se motlhofo go dira jalo. Sa boraro, fa a sena go tlhaloganya boemo jwa kgaitsadi yono le lebaka la go bo a ikutlwa ka tsela eo, o tla dirisa Baebele go mo netefaletsa gore Jehofa o a mo rata.—Bagal. 2:20.
TSWELELA O ITHUTA DITHUTO TSA BOTLHOKWA MO BUKENG YA JOBE
16. Re ka dira eng gore buka ya Jobe e tswelele e re tswela mosola?
16 Ga go pelaelo gore go na le dilo di le dintsi tse re ka di ithutang mo bukeng ya Jobe. Mo setlhogong se se fetileng, re ithutile gore buka ya Jobe e tlhalosa lebaka la go bo Jehofa a letlelela batho gore ba boge le gore ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa fa re boga. Mme mo setlhogong seno, re ithutile kafa rotlhe fela re ka etsang Elihu ka gone ka go naya ba bangwe kgakololo e e tla ba tswelang mosola go na le go etsa Elifase, Biledade le Sofare. Goreng o sa iphe nako ya go boeletsa dithuto tsa botlhokwa tse di mo bukeng eno gore o kgone go di dirisa mo nakong e e tlang fa o tlhoka go naya mongwe kgakololo? Fa e le gore go fetile nako o sa bale buka eno, o ka ipeela mokgele wa go e bala mo bogautshwaneng. O tla ithuta dintlha tse dingwe tse di botlhokwa mo go yone.
PINA 125 “Go Itumela ba ba Kutlwelobotlhoko!”
a Go bonala Elifase a ne a tlhotlhelediwa ke ledimona gore a dumele gore ga go na motho ope yo Jehofa a mo tsayang a siame le gore ga go na ope yo o ka mo itumedisang. Elifase o ile a dumela kakanyo eo e e sa siamang. Ka jalo, nako le nako fa a bua le Jobe, o ne a e boaboeletsa.—Jobe 4:17; 15:15, 16; 22:2.