Bagodi, lo Botlhokwa Thata mo Phuthegong
“Waitse ga ke sa tlhole ke kgona go dira dilo tse dintsi jaaka ke ne ke dira fa ke sa le mosha. Gone jaanong bogodi bo dira gore ke se ka ka tlhola ke kgona go dira go le gontsi jaaka pele.”—Connie, wa dingwaga di le 83.
Gongwe le wena ga o sa tlhole o kgona go dira dilo tse dintsi tse o neng o di dira fa o sa le mosha. Le fa o feditse dingwaga di le dintsi o direla Jehofa ka boikanyegi, o ka tswa o bapisa tsela e o neng o direla Jehofa ka yone mo nakong e e fetileng, le e o mo direlang ka yone gone jaanong, mme seo se ka go kgoba marapo. Fa e le gore go ntse jalo, ke eng se se ka go thusang gore o tswelele o itumetse?
JEHOFA O LEBELETSE ENG MO GO WENA?
Ipotse go re: “Jehofa o lebeletse eng mo go nna?” Mafoko a a mo go Duteronome 6:5 a ka go gomotsa. A re: “O tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.”
Temana eno e bontsha gore Jehofa o lebeletse gore o mo direle ka pelo, moya le nonofo yotlhe ya gago. Go gopola seno go ka go thusa gore o se ka wa ipapisa le batho ba bangwe kgotsa wa bapisa se o kgonang go se dira gone jaanong le se o neng o se dira mo nakong e e fetileng.
Akanya ka seno: Fa o ne o sa le mosha, o ne o direla Jehofa go le kana kang? Bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba ne ba ka re ba ne ba direla Jehofa ka bojotlhe. Gongwe le wena fa o ne o sa le mosha o ne o direla Jehofa ka bojotlhe, go ya ka maemo a gago ka nako eo. O kgona go direla Jehofa go le kana kang gone jaanong? Ga go pelaelo gore le gompieno o sa ntse o direla Jehofa ka bojotlhe go ya ka maemo a gago. Fa o leba dilo jalo, o ka lemoga gore se o se direlang Jehofa gone jaanong, se tshwana le se o neng o se dira mo nakong e e fetileng. O ne o mo direla ka bojotlhe ka nako eo, mme le gone jaanong o sa ntse o mo direla ka bojotlhe.
O diretse Jehofa ka bojotlhe o sa le mosha, e bile o sa ntse o mo direla ka bojotlhe o tsofetse
MAITEMOGELO A GAGO A KA THUSA BATHO BA BANGWE
O se ka wa akanya fela ka dilo tse o sa tlholeng o kgona go di dira. Go na le moo, akanya ka dilo tse dintsi tse o ka di dirang go thusa batho ba bangwe. Tota e bile, e re ka jaanong o le mogodi, o ka kgona go dira dilo dingwe tse o neng o ka se kgone go di dira fa o le mosha. Ka sekai, o ka dira dilo tse di latelang:
Bolelela ba bangwe se o se ithutileng mo botshelong. Akanya ka mafoko ano a a kwadilweng mo Baebeleng:
Kgosi Dafide: “Nkile ka bo ke le monnye mme jaanong ke tsofetse, le fa go ntse jalo, ga ke ise ke bone ope yo o siameng a latlhilwe, kgotsa bana ba gagwe ba tlhoka dijo.”—Pes. 37:25.
Joshua: “Jaanong ke tloga ke swa, mme lo itse sentle ka pelo yotlhe ya lona le ka moya otlhe wa lona gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragalang mo ditsholofetsong tsotlhe tse di molemo tse Jehofa, Modimo wa lona a di buileng le lona. Di lo diragaletse tsotlhe fela. Ga go na lefoko lepe la tsone le le sa diragalang.”—Josh. 23:14.
Gongwe le wena o kile wa bua mafoko a a tshwanang le a ga Dafide le Joshua. Ba ne ba bua se se ba diragaletseng. E re ka batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ne ba bone dilo tse ba neng ba bua ka tsone ka dingwagangwaga, ruri ba ne ba itse se ba se buang.
Fa e le gore o na le lobaka lo loleele o direla Jehofa, le wena o ka bolelela ba bangwe ka masego a go dira jalo. A o gopola nako ya fa o ne o bona Jehofa a thusa batlhanka ba gagwe ka tsela e e kgethegileng? Fa go ntse jalo, bolelela ba bangwe ka kgang eo. Seo se ka ba itumedisa fela jaaka le wena o ile wa se itumelela. O ka kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi fela thata ka go ba bolelela ka maitemogelo a gago.—Bar. 1:11, 12.
Tsela e nngwe e o ka kgothatsang ba bangwe ka yone ke ka go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi fa go kgonega. Fa o dira jalo, o tla kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi, mme le bone ba tla go kgothatsa. Kgaitsadi Connie yo re buileng ka ene kwa tshimologong a re: “Go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi go nthusa gore ke se ka ka kgobega marapo. Tota ke tla bo ke hutsafadiwa ke eng bakaulengwe le bokgaitsadi ba mpontsha lorato jalo? Ke leka go bontsha ba bangwe gore ke a ba rata ka go ba naya dimphonyana tse di sa reng sepe. Gape ke dira dilo tse di nthusang go atamalana le Jehofa ke na le bakaulengwe le bokgaitsadi.”
JEHOFA O LEBOGELA SOTLHE SE O MO DIRELANG SONE
Baebele e na le dikai tsa batho ba le bantsi ba Jehofa a neng a ba rata, le fa gone ba ne ba sa tlhole ba kgona go mo direla jaaka pele. Akanya ka mogodi mongwe wa Moiseraele yo o bidiwang Simeone yo a neng a tshela fa Jesu a ne a tsholwa. Fa Simeone a ne a le kwa tempeleng, o tshwanetse a bo a ne a bona makawana a dira tiro ya botlhokwa. Simeone o ne a dira eng? A ka tswa a ne a akanya gore ga a sa tlhole a le botlhokwa mo go Jehofa ka gonne a ne a sa tlhole a kgona go mo direla jaaka makawana ao. Mme gone, Jehofa o ne a leba dilo ka tsela e e farologaneng. O ne a tsaya Simeone e le motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang e bile o ile a mo naya tshiamelo ya go bona Jesu a sa le losea. Tota e bile, Jehofa o ile a dirisa Simeone go bolelela pele gore Jesu e ne e tla nna Mesia! (Luke 2:25-35) Ruri go a bonala gore Jehofa o ne a sa lebe Simeone e le monnamogolo fela yo o koafalang. Go na le moo, o ne a itse gore o na le tumelo e e nonofileng le gore “o ne a na le moya o o boitshepo.”
Jehofa o ile a segofatsa Simeone ka go mo naya tshiamelo ya gore a bone Jesu e sa le losea le gore a bolelele pele gore Jesu e ne e tla nna Mesia
Le wena o ka tlhomamisega gore Jehofa o itumelela seo o se dirang mo tirelong ya gagwe le fa o sa tlhole o kgona go dira jaaka pele. “O lebeletse gore motho a ntshe se a nang le sone, e seng se a se nang sone.”—2 Bakor. 8:12.
Ka jalo, tlhoma mogopolo mo go se o kgonang go se dira. Ka sekai, a go na le ditsela dingwe tsa go rera tse o sa ntseng o kgona go di dira, tota le fa e le ka nako e khutshwane? A o ka kgona go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ka go ba founela kgotsa go ba romelela karata? Go dira dilo tseno, go ka ba kgothatsa fela thata, segolobogolo fa di dirwa ke wena, motlhanka wa ga Jehofa yo o feditseng dingwaga di le dintsi o mo direla.
Bangwe ga ba sa tlhole ba kgona go dira go le gontsi. Akanya ka maitemogelo a kwa Africa a a mo lebokosong le le reng, “O Bolokile Botshelo.”
Nna o gopotse gore o ka kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ka sekao sa gago se sentle sa go direla Jehofa ka dingwaga di le dintsi. Re itumelela boitshoko jwa gago, e bile o ka tlhomamisega gore ‘Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya gago le tsela e o ratang leina la gagwe ka yone; o bontsha seo ka go direla badumedimmogo le wena go tla go fitlha jaanong.’—Baheb. 6:10.
THUSA BA BANGWE
Dipatlisiso di bontsha gore bagodi ba le bantsi ba ba thusang batho ba bangwe, ba nna le botsogo jo bo botoka, ba kgona go gopola dilo motlhofo e bile ba tshela lobaka lo loleele.
Ke boammaaruri gore, go thusa ba bangwe go ka se tlose mathata otlhe a botsofe. Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla tlosang botsofe le loso, tse di bakilweng ke boleo.—Bar. 5:12.
Mme gone, fa o dira sotlhe se o ka se kgonang mo tirong ya ga Jehofa, se se akaretsang go thusa batho ba bangwe go mo itse, o tla tlhatswega pelo le go feta gore dilo tse Jehofa a di solofetsang di tla direga e bile o ka nna le botsogo jo bo botoka. Bagodi, tsweetswee itseng gore Jehofa o tsaya tiro e lo mo direlang yone e le botlhokwa thata le gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelela sekao sa lona se se bontshang gore lo na le tumelo.