A o A Gakologelwa?
A o badile ditlhogo tsa ngwaga ono tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Leka go bona gore a o ka kgona go araba dipotso tseno:
Ke eng se se re rotloetsang go naya Jehofa kgalalelo?
Re dira jalo ka gonne re tlotla Jehofa e bile re mo rata thata. Gape re a mo galaletsa ka gonne re batla gore batho ba bangwe ba mo itse.—w25.01, ts. 3.
Fa mongwe a re kgopisitse, ke eng se se ka re thusang go mo itshwarela?
Ga re a tshwanela go itlhokomolosa tsela e re ikutlwang ka yone; le fa go ntse jalo, go sa nnele go galefa le go itshwarela batho ba bangwe go re tswela mosola.—w25.02, ts. 15-16.
Morutwa Mareko o ile a tlhomela bakaulengwe ba basha sekao se se molemo jang?
Mareko o ile a amogela kabelo e a ileng a e newa. Tota le fa a ka tswa a ne a utlwisitswe botlhoko ke se se mo diragaletseng kgotsa se mo kgobile marapo, ga a a ka a tlogela go direla Jehofa. O ile a atamalana le Paulo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba nang le tumelo e e nonofileng.—w25.04, ts. 27.
Jesu o ne a kaya eng fa a ne a rapela a re: “Ke ba rutile ka ga leina la gago”? (Joh. 17:26)
Barutwa ba gagwe ba ne ba setse ba itse leina la Modimo. Mme gone, Jesu o ne a ba rutile gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang, go akaretsa boikaelelo jwa gagwe, se a setseng a se dirile, se a tla se dirang mo nakong e e tlang le dinonofo tsa gagwe.—w25.05, ts. 20-21.
Fa re ikokobeditse, re tla lemoga eng?
Re tla lemoga gore go na le dilo tse re sa di itseng. Ka sekai, ga re itse gore bokhutlo bo tla tla leng e bile ga re itse gore Jehofa o tla re thusa jang ka nako eo. Ga re itse gore go tla direga eng kamoso e bile re ka se tlhaloganye ka botlalo kafa Jehofa a re itseng ka gone.—w25.06, ts. 15-18.
O ka dira eng gore go bala setlhogo sengwe kgotsa go reetsa puo ya phatlalatsa go go tswele mosola?
Re ka ipotsa go re: ‘Go dirisitswe bosupi bofe go tlhatswa bareetsi pelo? A go na le sekai se se rutang se nka se dirisang go ruta motho yo mongwe thuto eno? Ke mang yo o ka kgatlhegelang kgang eno?’—w25.07, ts. 19.
Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Dafide ka yone e re ruta eng ka tsela e a itshwarelang ka yone?
Le fa Dafide a ile a dira maleo a a masisi, o ile a ikwatlhaya ka pelo yotlhe, mme Jehofa o ile a mo itshwarela. (1 Dikg. 9:4, 5) Fa Jehofa a itshwarela motho yo o dirileng boleo jo bo masisi, ga a nnele go akanya ka jone e bile ga a kitla a mo gopotsa jone mo nakong e e tlang.—w25.08, ts. 17.
O ka dira eng fa motho yo o ithutang le ene a sa tlhaloganye sengwe?
Fa e le gore motho yo o ithutang le ene o sa ntse a sa tlhaloganye sengwe mme o lekile go dirisa Baebele go se tlhalosa sentle, o ka tswelela ka thuto o bo o rulaganya go boela kwa go sone moragonyana.—w25.09, ts. 24.
Baebele e a re boleo bo na le “maatla a a tsietsang.” (Baheb. 3:13) E raya jang?
Boleo bo ka re raela go dira dilo tse di sa siamang. Gape bo ka dira gore re belaele gore a tota Jehofa o a re rata.—w25.10, ts. 16.
Dilo tse tharo tse di ka re thusang go tokafatsa dithapelo tsa rona ke dife?
(1) Akanya ka dinonofo tse Jehofa a nang le tsone. (2) Re ka akanya ka bothata jo re lebaneng le jone, jaaka fa re tlhoka go itshwarela mongwe. (3) Re ka rapela re se mo lobelong. Seo se tla dira gore re kgone go bolelela Jehofa gore re ikutlwa jang re phuthologile.—w25.10, ts. 19-20.
Re ka thusa bagodi jang?
Re ka etela bagodi kgotsa re ka ba founela. Gape re ka tsamaya le bone fa ba ya go bona dingaka. Kgotsa re ka bereka le bone mo tshimong re dirisa mekgwa e e farologaneng.—w25.11, ts. 6-7.
Ke eng se se ka dirang gore lenyalo la Mokeresete le tlotlege?
Ikobele melao ya puso e e amanang le lenyalo. Tlhomamisa gore go nna le moya wa Modimo kwa puong le kwa moletlong wa lenyalo. Dira gore tsela e o aparang ka yone e bontshe gore o boingotlo. Gape tlhomamisa gore ga o dire meetlo e e kgatlhanong le Baebele. Buisanang sentle fa lo dira dithulaganyo tsa lenyalo.—w25.12, ts. 21-24.