MARCH 2-8, 2026
PINA 97 Lefoko la Modimo le Naya Botshelo
Tswelela o Nonotsha Botsala Jwa Gago le Jehofa
TEMANA YA NGWAGA YA 2026: “Go itumela batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo.”—MATH. 5:3.
SE GO BUIWANG KA SONE
Kaelo e Jehofa a re nayang yone e dira gore re itumele fela thata. Re tlile go bona gore re tshwanetse go dira eng gore e re tswele mosola.
1. Ke dilo dife tse batho ba di tlhokang? (Mathaio 5:3)
JEHOFA o itse dilo tse batho ba di tlhokang. Ka sekai, re tlhoka dijo, diaparo, le lefelo le re ka nnang mo go lone. Fa re ka se ka ra nna le dilo tseno, re ka swa kgotsa botshelo jwa rona bo ka nna thata tota. Mo godimo ga moo, Jehofa o a itse gore go na le sengwe gape se batho ba se tlhokang. O re bopile re na le keletso ya go mo itse le go ikaega ka ene gore a re kaele. (Bala Mathaio 5:3.) Fa re batla go itumela, re tshwanetse go lemoga gore re tlhoka go atamalana le ene, mme re bo re tswelela re mo tshepa.
2. Naya sekai se se bontshang gore go ‘lemoga gore o tlhoka go ithuta ka Modimo’ go kaya eng.
2 Go ‘lemoga gore o tlhoka go ithuta ka Modimo’ go kaya eng? Ka Segerika mafoko ano a dira gore re akanye ka mokopi. Akanya ka mokopi yo diaparo tsa gagwe di leng makgasa, a ikhutagantse mo khoneng ya seterata, e bile a sule ke tlala. Fa go le motshegare o babolwa ke letsatsi, mme bosigo serame se felela mo go ene. Batho ba mo itlhokomolosa ka ntlha ya tsela e a lebegang ka yone. Mokopi yono o a itse gore o tlhoka gore batho ba bangwe ba mo thuse gore boemo jwa gagwe bo nne botoka. Ka tsela e e tshwanang, motho yo o lemogang gore o tlhoka go ithuta ka Modimo, o a lemoga gore o tlhoka thuso gore boemo jwa gagwe bo tokafale. Ka jalo, o ikemiseditse go ikobela kaelo e Jehofa a e nayang batho ba ba mo ratang.
3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Mo setlhogong seno, re tla simolola pele ka go ithuta ka mosadi wa Mofonikia yo o neng a kopa Jesu gore a mo thuse. Pego eno e gatelela dinonofo tse tharo tse batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo ba tshwanetseng go nna le tsone. Go tswa foo, re tla tlotla ka sekao sa ga Petere, Paulo le Dafide, ba ba neng ba ikaega ka Jehofa gore a ba thuse.
DINONOFO TSE THARO TSA BOTLHOKWA TSE DI TLHOKEGANG
4. Mosadi wa Mofonikia o ne a batla gore Jesu a mo direle eng?
4 Ka letsatsi lengwe, mosadi mongwe wa Mofonikia o ile a ya kwa go Jesu. Morwadie o ne a ‘boga mo go botlhoko ka gonne a tsenwe ke ledimona.’ (Math. 15:21-28) Mosadi yono o ne a khubama fa pele ga ga Jesu, a bo a mo kopa gore a thuse morwadie. A re boneng gore re ka ithuta eng mo tseleng e mosadi yono a neng a kopa thuso mo go Jesu ka yone.
5. Ke dinonofo dife tse mosadi yono a ileng a di bontsha, mme Jesu o ile a mo thusa jang? (Bona le setshwantsho.)
5 Mosadi wa Mofonikia o ne a le boikokobetso tota. Goreng re rialo? Ka gonne ga a a ka a kgopisiwa ke tsela e Jesu a ileng a mo araba ka yone. O ile a mo tshwantsha le ntšanyana. Gongwe dintšanyana e ne e le mofuta wa diruiwa tse batho ba e seng Bajuda ba neng ba nna le tsone mo matlong a bone. Wena o ne o tla dira eng fa Jesu a ne a go boleletse mafoko ao? A o ne o tla ikutlwa o tlhapaditswe o bo o ngala? Mosadi wa Mofonikia ga a a ka a dira jalo. O ne a le boikokobetso gape o ne a sa ineele. Re lemoga seo ka gonne o ile a nna a kopa Jesu gore a mo thuse. Ke eng se se ileng sa mo tlhotlheletsa gore a dire jalo? O ne a na le tumelo mo go Jesu. Tota e bile, tumelo e mosadi yono a neng a na le yone, e ile ya dira gore Jesu a batle go mo thusa. Le fa Jesu a ile a re o rometswe mo “dinkung tse di latlhegileng tsa setšhaba sa Iseraele,” o ile a leleka ledimona le le neng le le mo ngwaneng wa mosadi yoo.
Gore mosadi wa Mofonikia a bone thuso, o ne a tlhoka gore a nne boikokobetso, a se ka a ineela le gore a nne le tumelo (Bona serapa 5)
6. O ithuta eng mo pegong ya mosadi wa Mofonikia?
6 Kaelo e Jehofa a re nayang yone e ka re tswela mosola fa re na le dinonofo tse mosadi wa Mofonikia a neng a na le tsone. Re tshwanetse go nna boikokobetso, go sa ineele, le go nna le tumelo e e nonofileng. Re tlhoka go nna boikokobetso, mme re tswelele re kopa Modimo gore a re thuse. Gape re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng mo go Keresete Jesu le go tshepa ba a ba dirisang go kaela barutwa ba gagwe. (Math. 24:45-47) Fa re na le dinonofo tseno, Jehofa le Morwawe ba tla re thusa le go re kaela. (Bapisa le Jakobe 1:5-7.) A jaanong re sekasekeng gore Jehofa o re kaela jang, re gore o re naya jang dilo tse re di tlhokang gore re itumele. Gape re tla bona gore sekao sa ga Petere, Paulo le Dafide, se ka re thusa jang gore kaelo e Jehofa a re nayang yone e re tswele mosola.
NNA O ITHUTA LEFOKO LA MODIMO JAAKA PETERE
7. Jesu o ile a raya Petere a reng, mme ke eng gape se Petere a neng a tlhoka go se dira? Tlhalosa. (Bahebera 5:14–6:1)
7 Akanya ka sekao sa ga Petere. E ne e le mongwe wa Bajuda ba ntlha ba ba neng ba lemoga gore Jesu ke Mesia, yo Jehofa a neng a mo dirisa go ruta batho “mafoko a a nayang botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 6:66-68) Pele Jesu a boela kwa legodimong, o ile a raya Petere a re: “Fudisa dinku tsa me tse dinnye.” (Joh. 21:17) Petere o ile a dira jalo ka boikanyegi, e bile Jehofa o ile a mo dirisa gore a kwale makwalo a mabedi a gone jaanong a leng mo Baebeleng. Mme gape, Petere o ne a tshwanetse go nonotsha botsala jwa gagwe le Jehofa ka go ithuta Lefoko la Modimo. Ka sekai, o ile a ithuta makwalo a Paulo a a kwadileng a e neng e setse e le karolo ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Petere o ile a re go ne go le thata go ‘tlhaloganya dilo’ dingwe tse Paulo a di kwadileng. (2 Pet. 3:15, 16) Le fa go ntse jalo, ga a a ka a ineela. O ne a dumela gore Jehofa o tla mo thusa go di tlhaloganya le go di ikobela.—Bala Bahebera 5:14–6:1.
8. Petere o ile a dira eng fa moengele a mo naya kaelo e ntšha?
8 Petere o ile a bontsha gore o dumela mo go Jehofa ka go ikobela kaelo e a neng a e newa. Ka sekai, fa a ne a le kwa motseng wa Jopa, o o nang le boemakepe, o ile a bona ponatshegelo e mo go yone moengele a ileng a mmolelela gore a tlhabe a bo a je diphologolo tse go ya ka Molao wa ga Moshe di neng di se phepa. Ka jalo, se moengele a ileng a se bolelela Petere se ne se tla gakgamatsa Bajuda. Kwa tshimologong Petere o ne a re: “Nnyaa Morena, ka gonne ga ke ise ke tsamaye ke je sepe se se leswafetseng e bile se se phepa.” Go tswa foo, moengele o ile a mo raya a re: “Tlogela go bitsa dilo tse Modimo a di phepafaditseng o re di leswafetse.” (Dit. 10:9-15) Petere o ile a ikobela kaelo eo. Re itse jang? Go ise go ye kae, banna ba le bararo ba ba tswang kwa go Korenelio, yo e neng e se Mojuda, ba ile ba ya kwa go Petere ba bo ba mmolelela gore mong wa bone o kopa gore a tle kwa go ene gore a bue le ene. Pele ga foo, Petere o ne a ka se dumele go ya kwa ntlong ya motho yo e seng Mojuda. Bajuda ba ne ba tsaya batho ba e seng Bajuda ba se phepa. (Dit. 10:28, 29) Mme gone, ka yone nako eo Petere o ile a fetola tsela e a neng a akanya ka yone gore a ikobele Jehofa. (Diane 4:18) O ile a rerela Korenelio le ba lelapa la gagwe, e bile o ile a itumelela go ba bona ba amogela boammaaruri le moya o o boitshepo ba bo ba kolobediwa.—Dit. 10:44-48.
9. Go ipha nako ya go ithuta ka dilo tse go leng thata go di tlhaloganya go ka re tswela mosola jang ka ditsela tse pedi?
9 Fela jaaka Petere, re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha. Gantsi re ithuta dilo tse go leng motlhofo go di tlhaloganya. Mme gone, gape re tshwanetse go ithuta dilo tse go leng thata go di tlhaloganya. Re tshwanetse go ipha nako e e lekaneng ya go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo. Go botlhokwa gore re tseye matsapa a go leka go tlhaloganya dilo tse re ka tswang re sa di tlhaloganye. Goreng? Go dira jalo go ka re tswela mosola ka ditsela tse pedi. Sa ntlha, go ithuta ka Jehofa, go tla dira gore re mo rate le gore re mo tlotle le go feta. Sa bobedi, go tla re tlhotlheletsa gore re bolelele batho ba bangwe ka Rraarona yo o kwa legodimong. (Bar. 11:33; Tshen. 4:11) Go na le sengwe gape se re ka se ithutang mo go Petere: Fa tsela e re tlhaloganyang Lefoko la Modimo ka yone e tokafadiwa, re tshwanetse go nna bonako go fetola tsela e re akanyang ka yone le e re dirang dilo ka yone. Seo se tla dira gore Jehofa a tswelele a re kaela e bile re tla kgona go mo direla ka boikanyegi.
APARA BOTHO JO BOSHA JAAKA PAULO
10. Go nna le dinonofo tse di itumedisang Modimo go kaya eng? (Bakolosa 3:8-10)
10 Gape Jehofa o re kaela ka go re bontsha gore re ka dirang eng go nna le botho jo bo mo itumedisang. Seo se kaya eng? Moaposetoloi Paulo o ile a re re tshwanetse go apola “botho jo bogologolo” mme re apare “botho jo bosha.” (Bala Bakolosa 3:8-10.) Seo se tla tlhoka nako le gore re tseye matsapa. Akanya ka se se ileng sa diragalela Paulo. Fa a ne a sa le mosha o ne a dira ka natla gore Modimo a mo amogele. (Bagal. 1:14; Bafil. 3:4, 5) Mme gone, o ne a sa tlhaloganye gore a ka obamela Modimo jang ka tsela e a e amogelang. Mo godimo ga moo, o ne a sa itse boammaaruri jo Jesu a neng a bo ruta. Gape Paulo o ne a ikgogomosa. Ka jalo, o ne a itshwara ka tsela e e sa itumediseng Modimo. Paulo o ile a re o ne a “se na maitseo.”—1 Tim. 1:13.
11. Paulo o ne a tlhoka go dira phetogo efe? Tlhalosa.
11 Pele Paulo e nna Mokeresete, e ne e le motho yo o bogale. Pego ya Ditiro e re bolelela gore Paulo o ne a galefela barutwa ba ga Jesu thata jaana mo a neng a ‘ikemiseditse go ba bogisa le go ba bolaya.’ (Dit. 9:1) Fa a sena go nna Mokeresete, ga go pelaelo gore o ile a dira ka natla gore a apole botho jo bogologolo. (Baef. 4:22, 31) Mme gone, o ne a dira diphoso. Fa ene le Barenabase ba ne ba sa dumalane ka kgang nngwe, “ba ne ba omana botlhoko tota.” (Dit. 15:37-39) Le fa ka nako eo Paulo a ne a sa itshwara ka tsela e Modimo a neng a batla gore a itshware ka yone, ga a a ka a ineela. O ne a nna a ‘laola mmele wa gagwe,’ kgotsa a lwantsha makoa a gagwe gore a itumedise Jehofa.—1 Bakor. 9:27.
12. Ke eng se se thusitseng Paulo gore a apole botho jo bogologolo?
12 Paulo o ile a kgona go apola botho jo bogologolo mme a apara botho jo bosha, ka gonne o ne a sa ikaega ka maatla a gagwe. (Bafil. 4:13) Fela jaaka Petere, Paulo o ne a ikaegile “ka nonofo e Modimo a e mo nayang.” (1 Pet. 4:11) Mme gone, ka dinako dingwe Paulo o ne a dira diphoso mme seo se ne se mo kgoba marapo. Fa a ne a kgobegile marapo, o ne a akanya ka dilo tse dintle tse Rraagwe yo o kwa legodimong a neng a mo diretse tsone. Mme seo se ne se dira gore a leke go dira diphetogo gore a itumedise Jehofa.—Bar. 7:21-25.
13. Re ka etsa Paulo jang?
13 Tota le fa re na le dingwaga di le dintsi re direla Jehofa, re tshwanetse go nna re dira ka natla gore re apole botho jo bogologolo mme re apare botho jo bosha fela jaaka Paulo. Gone re tla dira diphoso. Ka sekai, re ka nna ra galefa kgotsa ra tlhaba mongwe ka mafoko. Fa seo se direga, ga re a tshwanela go akanya gore re ka se tsoge re itumedisitse Jehofa. Go na le moo, re tshwanetse go nna re leka go dira diphetogo. (Bar. 12:1, 2; Baef. 4:24) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna re gopotse ntlha eno ya botlhokwa: Go apara botho jo bosha ga go tshwane le go apara diaparo. Fa seaparo se le segolo, re ka nna ra se fokotsa gore se re lekane. Mme go apara botho jo bosha gone, go tlhoka rona gore re dire diphetogo gore re itumedise Jehofa.
LETLA JEHOFA GORE A GO SIRELETSE JAAKA DAFIDE
14-15. Jehofa o re sireletsa jang? (Pesalema 27:5) (Bona le setshwantsho.)
14 Gore re itumele, gape re tlhoka Jehofa gore a re sireletse. Mme gone Jehofa o re sireletsa jang, mme re tshwanetse go dira eng gore a re sireletse?
15 Kgosi Dafide o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o ne a tla mo sireletsa fa a lebane le maemo a a thata. (Bala Pesalema 27:5.) Mme gone, Jehofa o re sireletsa jang gompieno? Ga a letlelele ope kgotsa sepe go senya tumelo e re nang le yone mo go ene. Tota le fa batho ba leka go dira gore re kgaotse go mo direla, o solofetsa gore o tla sireletsa botsala jwa rona le ene. (Pes. 34:7; Isa. 54:17) Satane, madimona le batho ba ba re bogisang ba na le maatla, mme Jehofa o maatla go ba feta. Le fa ba ka re bolaya, Jehofa o tla re tsosa. (1 Bakor. 15:55-57; Tshen. 21:3, 4) Gape Jehofa o re thusa gore re se ka ra tlogela go mo direla fa re tlhobaela thata. (Diane 12:25; Math. 6:27-29) Rraarona yo o lorato o re naya bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba re eme nôkeng le gore ba re tshegetse ka dinako tsa mathata. Gape o re naya bagolwane, gore ba re rute le go re thusa gore re nne re na le tumelo e e nonofileng. (Isa. 32:1, 2) Fa re nna gone kwa dipokanong ka metlha, gantsi re gopodiwa ditsela tse dingwe tse re ka letlang Jehofa go re sireletsa le go re thusa ka tsone.—Baheb. 10:24, 25.
Kgaitsadi o nonotsha botsala jwa gagwe le Jehofa ka go nna teng kwa dipokanong a na le bakaulengwe le bokgaitsadi (Bona serapa 14-15)
16. Jehofa o ile a sireletsa Dafide jang?
16 Fa Dafide a ne a ikobela Jehofa, Jehofa o ile a mo thusa gore a dire ditshwetso tse di siameng, mme Dafide o ne a itumela. Eo ke tsela e Jehofa a neng a mo sireletsa ka yone. (Bapisa le Diane 5:1, 2.) Mme fa Dafide a ne a sa ikobele Jehofa, o ne a boga ka gonne a dirile ditshwetso tse di sa siamang. Jehofa o ne a sa thibele ditlamorago tsa ditshwetso tse a di dirileng. (2 Sam. 12:9, 10) Ka dinako tse dingwe, Dafide o ne a boga ka gonne batho ba bangwe ba sa mo tshware sentle. Fa seo se direga, Dafide o ne a rapela Jehofa a mmolelela ka dilo tse di mo tshwenyang, mme Jehofa o ne a mo sireletsa. O ile a dira seo jang? Jehofa o ile a mo gomotsa ka go mo tlhomamisetsa gore o a mo rata le gore o tla mo tlhokomela.—Pes. 23:1-6.
17. Re ka etsa Dafide jang?
17 Re ka etsa Dafide ka go kopa Jehofa gore a re neye kgakololo fa re dira ditshwetso. Gape re a lemoga gore ka dinako dingwe re ka boga, e seng ka gonne Jehofa a sa re sireletse, mme e le ka gonne re dirile ditshwetso tse di sa siamang. (Bagal. 6:7, 8) Mme le fa re ikobela Jehofa, ka dinako tse dingwe re ka boga ka ntlha ya mabaka a mangwe. Mo dinakong tseo tse di thata, re ka rapela Jehofa re mmolelela kafa re ikutlwang ka gone. Go tswa foo, o tla re gomotsa a bo a re tlhomamisetsa gore o a re rata.—Bafil. 4:6, 7.
TSWELELA O NONOTSHA BOTSALA JWA GAGO LE JEHOFA
18. Ke eng se batho ba le bantsi ba se akanyang ka go kaelwa ke Modimo, mme rona re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a tswelele a re kaela? (Bona le ditshwantsho.)
18 Temana ya rona ya ngwaga ya 2026 e a re: “Go itumela batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo.” Se Jesu a neng a se bua se botlhokwa thata gone jaanong. Goreng? Ka gonne batho ba le bantsi gompieno ba dumela gore ga ba tlhoke go kaelwa ke Modimo kgotsa ba dumela mo Modimong mme ba mo obamela ka tsela e ba e batlang. Ba bangwe bone, ba ikaega ka kgakololo e ba e newang ke batho ba bangwe. Seo se dira gore ba se ka ba itumela. Mme rona ga re batle go tshwana le bone. Ka jalo, re tshwanetse go dira eng gore re ikaege ka Jehofa? Re tshwanetse go tswelela re ithuta Lefoko la gagwe, re nna le botho jo bo mo itumedisang, re mo ikobela e bile re mo letla gore a re sireletse.
Re tshwanetse go tswelela re ithuta ka Jehofa, re nna le dinonofo tse di mo itumedisang, e bile re mo letla gore a re sireletse (Bona serapa 18)a
PINA 162 Ke Tlhoka go Ithuta ka Modimo
a TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi yo o tlhagang mo setshwantshong se se fetileng o amogela kaelo ya ga Jehofa ka go ithuta makasine wa Tora ya Tebelo, ka go thusa ba bangwe ka se ba se tlhokang ka gonne a batla go nna le botho jo bo itumedisang Jehofa le ka go amogela kaelo le kgothatso e bagolwane ba ba lorato ba mo nayang yone.