MARCH 9-15, 2026
PINA 45 Go Tlhatlhanya ga Pelo ya Me
Jehofa A ka Go Thusa fa o Kgobegile Marapo
“Ruri ke tlhomola pelo!”—BAR. 7:24.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore re ka dira eng fa re kgobegile marapo.
1-2. Moaposetoloi Paulo o ne a tle a ikutlwe jang, mme sekao sa gagwe se ka re thusa jang? (Baroma 7:21-24)
FA O akanya ka moaposetoloi Paulo, ke eng se se tlang mo mogopolong? A o akanya ka morongwa yo o pelokgale, morutisi yo o nang le bokgoni kgotsa motho yo o kwadileng dibuka tse dintsi tsa Baebele? Dintlha tseo di boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe Paulo o ne a kgobega marapo fela jaaka rona.
2 Bala Baroma 7:21-24. Mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng Baroma, o ile a tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone, e leng tsela e le rona re a tleng re ikutlwe ka yone. Paulo o ne a ikanyega e bile o ne a batla go ikobela Jehofa. Mme e re ka a ne a na le boleo, go ne go le thata gore ka metlha a dire se Jehofa a se batlang. Gape fa Paulo a ne a akanya ka dilo tse a di dirileng pele a nna Mokeresete, o ne a ikutlwa molato e bile ka dinako dingwe o ne a hutsafadiwa ke bothata bongwe jo a neng a na le jone mme bo sa tokafale.
3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno? (Bona le “Tlhaloso.”)
3 Le fa ka dinako dingwe Paulo a ne a kgobega marapo,a o ne a dira ka natla gore a se ka a nna fela a akantse ka dilo tse di mo hutsafatsang. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dipotso tseno: Ke eng se se neng se kgoba Paulo marapo ka dinako dingwe? Paulo o ile a thusiwa ke eng fa a ne a kgobegile marapo? Mme rona re ka thusiwa ke eng fa re kgobegile marapo?
KE ENG SE SE NENG SE KGOBA PAULO MARAPO?
4. Ke eng se se neng se dira gore Paulo a kgobege marapo?
4 Dilo tse a di dirileng mo nakong e e fetileng. Pele Paulo, yo o neng a bidiwa Saulo a nna Mokeresete, o ile a dira dilo tse di sa siamang. Ka sekai, o ile a dumalana le gore monna yo o ikanyegang e bong Setefane a bolawe. Saulo o ne a akanya gore go dira jalo ga go phoso. (Dit. 7:58; 8:1) Gape Saulo o ne a bogisa Bakeresete setlhogo.—Dit. 8:3; 26:9-11.
5. Paulo o ne a ikutlwa jang ka dilo tse a di dirileng pele a nna Mokeresete?
5 Fa moaposetoloi Paulo a sena go nna Mokeresete, o ne a ikutlwa molato ka ntlha ya dilo tse a di dirileng mo nakong e e fetileng. Fa nako e ntse e tsamaya, a ka tswa a ile a ikutlwa molato le go feta fa a akanya gore o ile a bogisa Bakeresete. Ka sekai, fa a ne a kwalela Bakorintha lekwalo la ntlha, mo e ka nnang ka 55 C.E., o ile a re: “Ga ke tshwanelwe ke go bidiwa moaposetoloi, ka gonne ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo.” (1 Bakor. 15:9) Dingwaga di ka nna tlhano moragonyana fa a ne a kwalela Baefeso lekwalo, o ile a ba bolelela gore ke “motho yo o seng botlhokwa mo go botlhe ba ba boitshepo.” (Baef. 3:8) Gape fa a ne a kwalela Timotheo, o ile a re ‘e ne e le motlhapatsi, a bogisa batho ba ga Keresete e bile a se na maitseo.’ (1 Tim. 1:13) Fa Paulo a ne a etela diphuthego, o tshwanetse a bo a ne a utlwa botlhoko fa a kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba a ba bogisitseng kgotsa ba malapa a bone.
6. Ke eng se se neng se dira gore Paulo a tlhobaele? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)
6 Mmitlwa mo nameng. Paulo o ne a na le bothata jo bo neng bo mo tlhobaetsa e bile o ne a bo tshwantsha le “mmitlwa mo nameng.” (2 Bakor. 12:7) Ga a a ka a tlhalosa gore bothata joo ke eng. Mme gone, a ka tswa a ne a lwala kgotsa a na le bothata bongwe jo bo neng bo dira gore a tlhobaele.b
7. Makoa a ga Paulo a ne a dira gore a ikutlwe jang? (Baroma 7:18, 19)
7 Makoa a gagwe. Paulo o ile a leka ka natla go tokafatsa botho jwa gagwe. (Bala Baroma 7:18, 19.) Le fa a ne a batla go dira se se siameng, boleo bo ne bo mo kgoreletsa go dira jalo. O ile a re o ne a nna a leka go dira se se siameng go na le go ineela mo dikeletsong tse di sa siamang. Mme gone, o ne a dira diphoso. (1 Bakor. 9:27) O tshwanetse a bo a ne a kgobega marapo fa makoa a gagwe a tlhaga gape mme a dirile ka natla go fetola botho jwa gagwe.
PAULO O ILE A THUSIWA KE ENG FA A KGOBEGILE MARAPO?
8. Makwalo a Paulo a a kwadileng a re thusa jang go bona se se mo thusitseng go fenya makoa a gagwe?
8 Makwalo a ga Paulo a re bontsha gore o ile a akanyetsa kwa teng kafa moya o o boitshepo o ka thusang ene le Bakeresetemmogo le ene ka gone go lwantsha dikeletso tse di sa siamang le go di fenya. (Bar. 8:13; Bagal. 5:16, 17) Gangwe le gape Paulo o ne a bua ka mekgwa le dikeletso tse di sa siamang tse Bakeresete ba tshwanetseng go di lwantsha. (Bagal. 5:19-21, 26) Ga go pelaelo gore Paulo o ile a akanyetsa kwa teng ka makoa a gagwe a bo a batla kgakololo mo Dikwalong, e e neng e ka mo thusa go bona gore a ka dira diphetogo dife le gore a ka di dira jang. Re ka tlhatswega pelo gore o ile a dirisa kgakololo e a ileng a e naya ba bangwe.
9-10. Ke eng se se ileng sa thusa Paulo fa a ne a kgobegile marapo? (Baefeso 1:7) (Bona le setshwantsho.)
9 Le fa gone ka dinako dingwe Paulo a ne a kgobega marapo, go na le dilo di le dintsi tse di neng di mo thusa go itumela. Ka sekai, o ne a itumela fa a utlwa ka dilo tse dintle tse di diregang kwa diphuthegong tse di kgakala. (2 Bakor. 7:6, 7) O ne a itumelela botsala le bakaulengwe le bokgaitsadi. (2 Tim. 1:4) Gape o ne a itse gore Jehofa o a mo amogela. Paulo o ne a itumela ka gonne a itse gore o direla Modimo “ka segakolodi se se phepa.” (2 Tim. 1:3) Tota le fa a ne a le kwa kgolegelong kwa Roma, o ile a rotloetsa Bakeresetemmogo le ene gore ba ‘itumele ka metlha ka ntlha ya Morena.’ (Bafil. 4:4) O ne a sa nnele go akanya ka mathata a gagwe kgotsa diphoso tse a di dirileng. Fa a ne a simolola go akanya ka dilo tse di kgobang marapo, ka bonako fela o ne a akanya ka dilo tse di mo itumedisang.
10 Gape Paulo o ile a kgona go lwantsha go kgobega marapo ka gonne o ne a dumela gore thekololo ke mpho e e neng e ntsheditswe ene. (Bagal. 2:20; bala Baefeso 1:7.) Seo se ne se dira gore a tlhatswege pelo gore Jehofa o mo itshwaretse ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu. (Bar. 7:24, 25) Le fa gone a ile a dira diphoso mo nakong e e fetileng e bile a ne a na le makoa, Paulo o ile a naya Modimo botshelo jwa gagwe e le “setlhabelo se se se nang molato.”—Baheb. 9:12-14.
Le fa Paulo a ne a tle a utlwisiwe botlhoko ke se a se dirileng, go akanyetsa kwa teng ka thekololo go ne go mo thusa (Bona serapa 9-10)
11. Goreng sekao sa ga Paulo se re kgothatsa?
11 Fela jaaka Paulo, re ka ikutlwa e kete re tshwanetse go nna re dira ka natla gore re se ka ra akanya, ra bua kgotsa ra dira sengwe se se sa itumediseng Jehofa. Ka jalo, ka dinako dingwe re ka nna ra kgobega marapo ka gonne re sa kgone go itumedisa Jehofa ka dinako tsotlhe. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Elizac o tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone. A re: “Ke itumelela go itse gore Paulo o ile a tshwanelwa ke go dira diphetogo tse le nna ke tshwanetseng go di dira. Seno se nkgopotsa gore Jehofa o itse mathata a batlhanka ba gagwe ba kopanang le one.” Fela jaaka Paulo, ke eng se se ka re thusang gore re nne le segakolodi se se phepa le gore re itumele le fa ka dinako dingwe re kgobega marapo?
KE ENG SE SE KA RE THUSANG FA RE KGOBEGILE MARAPO?
12. Go dira dilo tse di re thusang go atamalana le Jehofa go ka re tswela mosola jang fa re kgobegile marapo?
12 Dira dilo tse di tla go thusang go atamalana le Jehofa. Akanya ka seno: Re ikutlwa botoka fa re ja dijo tse di nang le dikotla, re ikatisa ka metlha e bile re robala mo go lekaneng. Ka tsela e e tshwanang, go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, go ya tshimong, go baakanyetsa dipokano, go ya kwa go tsone le go arabela, go tla re kgothatsa. Go dira dilo tseno go tla re thusa gore re akanye ka dilo tse di siameng go na le go akanya ka dilo tse di ka re kgobang marapo e bile re tla itumela.—Bar. 12:11, 12.
13-14. Go dira dilo tse di re thusang go atamalana le Jehofa go thusitse Bakeresete ba bangwe jang?
13 Akanya ka John yo o ileng a tshwarwa ke bolwetse jwa kankere a na le dingwaga di le 39. Kwa tshimologong, o ne a tshogile e bile a kgobegile marapo. A re: “Ke ne ke ipotsa gore goreng ke lwala ke sa le mosha jaana?” Ka nako eo, morwawe o ne a na le dingwaga di le tharo. Ke eng se se thusitseng John gore a se ka a nna fela a hutsafetse? A re: “Le fa gone ke ne ke na le letsapa le le tseneletseng, nna le ba lelapa la me re ne re nna gone ka metlha kwa dipokanong, re ya bodireding beke le beke, e bile re ne re tshwara kobamelo ya lelapa ka metlha. Re ne re dira dilo tseno le fa go ne go se motlhofo.” Gape John a re: “Fa re lebane le maemo a a thata re ka hutsafala, mme ke ithutile gore mo nakong e e sa fediseng pelo Jehofa o re naya maatla a re a tlhokang e bile o re bontsha gore o a re rata. Ka jalo, Jehofa o tla go thusa fela jaaka a ile a nthusa.”
14 Kgaitsadi Eliza yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Nako le nako fa ke ya dipokanong e bile ke ithuta ke le nosi, ke gopola gore Jehofa o araba dithapelo tsa me le gore o a nthata. Seo se dira gore ke itumele.” Molebedi mongwe wa potologo wa kwa Africa yo o bidiwang Nolan o tlhalosa se se thusang ene le mosadi wa gagwe e bong Diane. A re: “Fa re kgobegile marapo, re tswelela re dira dilo tse di re thusang go atamalana le Jehofa. Ka metlha Jehofa o dira gore re lemoge gore o re thusa go leba dilo sentle. Fa re kgobegile marapo, re leka go gopola gore Jehofa o tla re thusa le gore o tla re segofatsa. Ga re itse gore o tla dira seo jang, mme ga re belaele gore o tla dira jalo.”
15. Ke eng gape se re ka se dirang fa re kgobegile marapo? Naya sekai.
15 Fa e le gore re sa ntse re kgobegile marapo mme re dirile dilo tse re tlotlileng ka tsone, go na le dilo tse dingwe gape tse re ka tlhokang go di dira. Ka sekai, a re re o na le bothata jwa mokwatla, o ka kopa mongwe mo lelapeng gore a go sidile. Mme gore o fole, o ka tlhoka go dira dipatlisiso ka bothata joo le go ya kwa ngakeng. Ka tsela e e tshwanang, re ka tlhoka go dira dipatlisiso mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa rona kgotsa go bua le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o ka re nayang kgakololo ka boemo joo. Go na le dilo tse dingwe gape tse di ka re thusang.
16. Ke eng se se ka re thusang go lemoga se se dirang gore re kgobege marapo? (Pesalema 139:1-4, 23, 24)
16 Kopa Jehofa gore a go thuse go lemoga se o se tlhokang. Kgosi Dafide o ne a itse gore ga go na ope yo o mo itseng sentle jaaka Jehofa. Ka jalo, o ile a kopa Jehofa gore a mo thuse go lemoga gore ke eng se se neng se dira gore a nne le ‘dikakanyo tse di tlhobaetsang.’ (Bala Pesalema 139:1-4, 23, 24.) Le wena o ka kopa Jehofa gore a go thuse go lemoga se se dirang gore o kgobege marapo le gore o ka thusiwa ke eng. Gape o ka ipotsa go re: “Ke eng se se dirang gore ke kgobege marapo? A ke nna fela ke akantse ka dilo tse di kgobang marapo go na le go tswa mo go tsone?”
17. Fa o ithuta o le nosi, ke ditlhogo dife tse di ka go thusang gore o akanye ka dilo tse di kgothatsang? (Bona le setshwantsho.)
17 Bala ditlhogo tse di ka go thusang fa o kgobegile marapo. Ka dinako dingwe fa o ithuta o le nosi, o ka ithuta ka dinonofo tsa ga Jehofa. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ile a thusiwa ke go akanyetsa kwa teng ka thekololo le kafa Jehofa a re itshwarelang ka gone. Le wena o ka dira se se tshwanang. O ka dirisa Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa, Watch Tower Publications Index, kgotsa dikgatiso tse di leng teng ka puo ya gago gore o ithute kafa Jehofa a re utlwelang botlhoko ka gone, kafa a re itshwarelang ka gone le ka lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng. Fa o sena go bona ditlhogo tse di ka go tswelang mosola, di kwale. Go tswa foo, di beye mo o ka kgonang go di bona motlhofo gone, mme o di bale fa o simolola go kgobega marapo. Leka go dirisa se o se badileng.—Bafil. 4:8.
Tlhopha ditlhogo tse di tla go kgothatsang (Bona serapa 17)
18. Bakeresete bangwe ba ithuta ka eng?
18 Kgaitsadi Eliza yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o ile a dira dipatlisiso ka Jobe. A re: “Ke ile ka nna le mathata a le mantsi ka nako e le nngwe. Ka jalo, ke ile ka ithuta ka sekao sa ga Jobe. O ne a na le mathata a le mantsi e bile a kgobegile marapo thata. Mme le fa a ne a sa itse lebaka la go bo a boga, o ile a tswelela a tshepa Jehofa.” (Jobe 42:1-6) Kgaitsadi Diane yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, a re: “Nna le monna wa me re ithuta ka dinonofo tsa ga Jehofa re dirisa buka ya Atamalana le Jehofa. Re lebogela go bo Jehofa a re thusa go tshwana le ene. Fa re kgobegile marapo ka ntlha ya diphoso tse re di dirang, re gopola gore Jehofa o a re ruta le gore o re thusa go nna batho ba ba botoka. Seno se nonotsha botsala jwa rona le ene.”—Isa. 64:8.
TLHATSWEGA PELO GORE JEHOFA O TLA GO THUSA
19. Ka dinako dingwe re ka ikutlwa jang, mme ke eng se re ka tlhatswegang pelo ka sone?
19 Tota le fa re ka dirisa dikgakololo tsotlhe tse di mo setlhogong seno, ka dinako dingwe re ka nna ra hutsafala kgotsa ra tshwenyega. Tota e bile, ka malatsi mangwe re ka nna ra kgobega marapo thata. Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla re thusa gore re se ka ra nna fela re akantse ka dilo tse di kgobang marapo e bile a ka re thusa go ritibala. Re ka tlhatswega pelo gore bontsi jwa nako re tla itumelela botshelo le gore re tla itumela ka gonne re atamalane le Jehofa e bile re itse gore o itumelela dilo tse re mo direlang tsone.
20. O ikemiseditse go dira eng?
20 A re direng sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra letla mathata, dilo tse di re diragaletseng mo nakong e e fetileng kgotsa diphoso tsa rona gore di re tseele boitumelo. Fa re simolola go tlhobaela, Jehofa a ka re thusa go ritibala. (Pes. 143:10) Re lebile pele go tshela kwa lefatsheng le lesha ka nako ya fa re tla bo re akanya fela dilo tse di itumedisang. Ka nako eo, re tla bo re sa tshwenyege ka sepe. Letsatsi le letsatsi re tla itumelela go direla Modimo wa rona yo o lorato, e bong Jehofa.
PINA 34 Go Tsamaya ka Bothokgami
a TLHALOSO: Mo setlhogong seno, re tlile go bua ka batho ba ba kgobegang marapo kgotsa ba ba tlhobaelang ka dinako dingwe, e seng ka batho ba ba tshwenyegang thata mo maikutlong ba ba tlhokang go bona ngaka.
b Makwalo a ga Paulo a bontsha gore o ne a sa bone sentle. Seo se ka tswa se ne se dira gore go nne thata gore a kwalele diphuthego makwalo le go rera. (Bagal. 4:15; 6:11) Kgotsa Paulo a ka tswa a ne a tlhobaediwa ke se barutisi ba maaka ba neng ba se bua ka ene. (2 Bakor. 10:10; 11:5, 13) Le fa gone re sa itse gore Paulo o ne a bua ka eng, se re se itseng ke gore ka dinako dingwe o ne a tlhobaela.
c Maina mangwe a fetotswe.