LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w16 April ts. 15-20
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Gone Kwa Dipokanong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Gone Kwa Dipokanong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIPOKANO DI A RE THUSA
  • RE THUSA BA BANGWE FA RE LE KWA DIPOKANONG
  • RE TLA ITUMEDISA JEHOFA
  • TSWELELA O KOPANELA LE BAKAULENGWE BA GAGO
  • Dipokano Tsa Basupi ba ga Jehofa Di ka Go Thusa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go ya Dipokanong go Bontsha Eng ka Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kopana Mmogo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A o Nna le Seabe go Dira Gore Dipokano Tsa Bokeresete di Age?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
w16 April ts. 15-20
Corinna le kgaitsadi mongwe ba tsamaya sekgala se seleele go ya kwa dipokanong kwa Siberia

Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Gone Kwa Dipokanong?

“Ba ne ba tswelela ba ineela, . . . mo go abalaneng.” —DITIRO 2:42.

PINA: 20, 119

DIRISA LEBOKOSO LE LE RENG, “MABAKA A GO NNA GONE KWA DIPOKANONG” GO TLHALOSA . . .

  • kafa dipokanong di re thusang ka gone.

  • kafa re thusang ba bangwe ka gone fa re nna gone kwa dipokanong.

  • kafa Jehofa a ikutlwang ka gone fa re nna gone kwa dipokanong.

1-3. (a) Bakeresete ba ile ba bontsha jang gore ba tlhoafalela go kopana mmogo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

FA Corinna a ne a na le dingwaga di le 17, mmaagwe o ne a tshwarwa mme a romelwa kgakala kwa kampeng ya pogisetso. Moragonyana, Corinna le ene o ne a isiwa kwa Siberia, kgakala thata le legae la gaabo. O ne a fitlha a bereka mo polasing e bile o ne a tshwarwa jaaka lekgoba. Ka dinako tse dingwe, o ne a patelediwa go bereka kwa ntle mo serameng a sa apara diaparo tse di lekaneng go mo thuthafatsa. Le fa maemo a le jalo, ene le kgaitsadi mongwe ba ne ba ipoleletse gore ba tla dira sotlhe se ba ka se kgonang go ngwega gore ba kgone go ya dipokanong.

2 Corinna a re: “Re ne re tswa maitseboa re bo re tsamaya dikilometara di le 25 go ya kwa seteisheneng sa diterena. Terena e ne ya tloga ka ura ya bobedi mo mosong e bo e tsamaya diura di le thataro mme fa re goroga re bo re tsamaya dikilometara di le lesome go ya kwa lefelong le dipokano di tshwarelwang kwa go lone.” Corinna o ne a itumetse tota fa a goroga. A re: “Fa re le kwa dipokanong, re ne re ithuta Tora ya Tebelo re bo re opela dipina tsa Bogosi. Dipokano tseo di ne di re kgothatsa thata e bile di nonotsha tumelo ya rona.” Bokgaitsadi bano ba babedi ba ne ba boela kwa polasing morago ga malatsi a le mararo mme mong wa bone o ne a sa lemoge le gore ba ntse ba seyo.

3 Batho ba ga Jehofa ga ba bolo go itumelela go kopana mmogo. Ka sekai, Bakeresete ba ntlhantlha ba ne ba tlhoafalela go kopana mmogo go tla go obamela Jehofa le go ithuta ka ene. (Ditiro 2:42) Ga go pelaelo gore le wena o itumelela go ya dipokanong. Mme fela jaaka go a tle go diragalele Bakeresete ba bangwe, le wena o ka fitlhela go le thata go ya dipokanong ka metlha. Gongwe o tshwanelwa ke go bereka diura tse dintsi, o na le tiro e ntsi kgotsa o nna o lapile ka dinako tsotlhe. Fa go le jalo, ke eng se se tla go thusang gore o kgone go nna gone kwa dipokanong?[1] (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.) Re ka thusa jang batho ba re ithutang Baebele le bone mmogo le Bakeresete ba bangwe gore ba nne gone kwa dipokanong ka metlha? Setlhogo seno se tla tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go nna gone kwa dipokanong (1) go le botlhokwa mo go rona, (2) go thusa ba bangwe e bile (3) go itumedisa Jehofa.[2]—Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.

DIPOKANO DI A RE THUSA

4. Go nna gone kwa dipokanong go re thusa jang gore re ithute ka Jehofa?

4 Fa re le kwa dipokanong, re a ithuta. Nako le nako fa re le kwa dipokanong, re ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa. Ka sekai, bosheng jaana diphuthego di le dintsi di ile tsa ithuta buka ya Atamalana le Jehofa ka nako ya Thuto ya Baebele ya Phuthego. O ile wa ikutlwa jang fa o ne o ithuta ka dinonofo tsa ga Jehofa le fa o ne o utlwa tsela e Bakeresete ba bangwe ba neng ba akgela ka yone ba tlhalosa tsela e ba ikutlwang ka yone ka Modimo? Ga go pelaelo gore seo se dirile gore o rate Jehofa le go feta. Gape fa re le kwa dipokanong, re ithuta Baebele mo go oketsegileng fa re tlhoma mogopolo fa go neelwa dipuo le dipontsho le go reetsa ka kelotlhoko fa go balwa Baebele. (Nehemia 8:8) Gape akanya fela ka dilo tse dintsi tse re ithutang tsone beke le beke fa re baakanyetsa mmalo wa Baebele le go utlwa ba bangwe ba tlhalosa se ba se ithutileng.

5. Dipokano di go thusitse jang gore o dirise se o se ithutileng mo Baebeleng le go tokafatsa tsela e o rerang ka yone?

5 Dipokano di re thusa go dirisa se re se ithutang mo Baebeleng. (1 Bathesalonika 4:9, 10) Ka sekai, a go kile ga nna le setlhogo sengwe sa Tora ya Tebelo se se dirileng gore o batle go direla Jehofa mo go oketsegileng, o tokafatse dithapelo tsa gago kgotsa o itshwarele mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe? Pokano ya mo gare ga beke e re ruta kafa re ka rerang dikgang tse di molemo ka gone le go thusa ba bangwe go tlhaloganya boammaaruri jo bo mo Baebeleng.—Mathaio 28:19, 20.

6. Dipokano di re kgothatsa le go re nonotsha jang?

6 Fa re le kwa dipokanong, re a kgothadiwa. Batho ba lefatshe leno la ga Satane ba leka go koafatsa tumelo ya rona e bile ba ka nna ba dira gore re ikutlwe re gateletswe kgotsa re kgobegile marapo. Mme fa re le kwa dipokanong, re a kgothadiwa e bile re nna le maatla a go tswelela re direla Jehofa. (Bala Ditiro 15:30-32.) Gantsi re ithuta kafa boporofeti jwa Baebele bo diragadiwang ka gone. Seno se re thusa gore re tlhomamisege gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di tla diragadiwa. Bakeresetemmogo le rona ba a re kgothatsa e seng fela fa ba naya dipuo mme gape le fa ba akgela le go baka Jehofa ka go opela go tswa pelong. (1 Bakorintha 14:26) Fa re bua le bone pele ga dipokano le morago ga tsone, re ikutlwa re lapologile ka gonne re itse gore re na le ditsala tse dintsi tse di amegang ka rona.—1 Bakorintha 16:17, 18.

Fa re le kwa dipokanong, re a kgothadiwa e bile re nna le maatla a go tswelela re direla Jehofa

7. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne gone kwa dipokanong?

7 Fa re le kwa dipokanong, Modimo o re naya moya o o boitshepo. Jesu o dirisa moya o o boitshepo go kaela diphuthego. Tota e bile, o ile a re re tshwanetse go ‘utlwa se moya o se buang le diphuthego.’ (Tshenolo 2:7) Moya o o boitshepo o re thusa go tila dithaelo le go rera ka bopelokgale. Gape o ka re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Ke ka moo re tshwanetseng go dira sotlhe se se mo maatleng a rona go nna gone kwa dipokanong le go amogela moya o o boitshepo.

RE THUSA BA BANGWE FA RE LE KWA DIPOKANONG

8. Fa baobamedimmogo le rona ba re utlwa re akgela le go opela kwa dipokanong, seno se ba thusa jang? (Bona lebokoso le le reng, “O Nna a Ikutlwa Botoka fa a Tswa Teng.”)

8 Fa re le kwa dipokanong, re nna le tshono ya go bontsha Bakeresete ba bangwe gore re a ba rata. Bontsi jwa rona re na le mathata. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “A re akanyetsaneng.” (Bahebera 10:24, 25) Re bontsha bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi gore re a ba kgathalela ka go nna gone kwa dipokanong. Fa re nna gone kwa dipokanong, re bontsha bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi gore re batla go ba bona, go bua le bone le go utlwa gore ba tsoga jang. Ba a kgothala fa ba re utlwa re akgela le go opela go tswa pelong.—Bakolosa 3:16.

9, 10. (a) Tlhalosa kafa mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 10:16 a re thusang ka gone go tlhaloganya lebaka la go bo go le botlhokwa go nna gone kwa dipokanong. (b) Fa re nna gone ka metlha kwa dipokanong, re ka thusa jang mongwe yo ba lelapa la gagwe ba sa tlholeng ba mmatla ka ntlha ya go bo e le Mosupi?

9 Fa re nna gone kwa dipokanong, re thusa phuthego gore e nne seoposengwe. (Bala Johane 10:16.) Jesu o ile a re ke modisa mme balatedi ba gagwe ke letsomane. Akanya ka seno: Fa dinku tse pedi di le kwa thabeng, tse dingwe tse pedi di le kwa molapong mme e nngwe e le golo gongwe, a o ka bitsa dinku tseno tse tlhano o re ke letsomane? Nnyaa, ka gonne letsomane le nna le le mmogo e bile le latela modisa wa lone. Ka tsela e e tshwanang, ga re a tshwanela go tila go nna mmogo le Bakeresete ka rona ka go sa nne gone kwa dipokanong. Re tshwanetse go kopana mmogo go nna “letsomane le le lengwe” le le latelang “modisa a le mongwe.”

10 Dipokano di re thusa gore re nne seoposengwe jaaka lelapa le le itumetseng. (Pesalema 133:1) Bangwe mo phuthegong ba kgaogane le ba malapa a bone, jaaka batsadi ba bone, bomonnaabone kgotsa bokgaitsadiabone ka ntlha ya go bo ba obamela Jehofa. Mme gone, Jesu o ile a ba solofetsa gore ba tla nna karolo ya lelapa le le tla ba ratang le go ba tlhokomela. (Mareko 10:29, 30) Ka jalo, fa o nna gone kwa dipokanong ka metlha, o tla kgona go nna rraagwe, mmaagwe, monnawe kgotsa kgaitsadie mongwe mo phuthegong. Fa re leba dilo jalo, re tla dira sotlhe se se mo maatleng a rona go nna gone kwa dipokanong tsotlhe.

O NNA A IKUTLWA BOTOKA FA A TSWA TENG

“BOSHENG jaana, ke na le go ikutlwa ke imetswe ka ntlha ya mathata a botsogo a a dirang gore go nne thata go ya dipokanong. Mme fa ke le kwa dipokanong, ke itumelela dijo tsa semoya tse Jehofa a re baakanyeditseng tsone. Le fa mangole a opa, ke na le mathata a pelo e bile ke tshwenngwa ke bolwetse jwa sukiri, fa dipokano di fela, ke ikutlwa botoka go na le ka nako ya fa ke ne ke goroga.

“La ntlha fa ke ne ke utlwa pina 68 e e reng, ‘Thapelo ya Motho wa Maemo a a Kwa Tlase,’ e opelwa kwa dipokanong, ke ne ka gelela dikeledi. E ne e le monate tota! E re ka ke dirisa didirisiwa tse di nthusang go utlwa sentle, ke ne ke kgona go utlwa mantswe a batho botlhe e bile le nna ke ne ke opela le bone. Ke ne ke itumetse tota go bo ke kgonne go nna gone kwa dipokanong!”—George, yo o nang le dingwaga di le 58.

RE TLA ITUMEDISA JEHOFA

11. Go nna gone kwa dipokanong go re thusa jang gore re neye Jehofa se se mo tshwanetseng?

11 Fa re le kwa dipokanong, re naya Jehofa se se mo tshwanetseng. E re ka e le ene Mmopi, re tshwanetse go mo leboga, go mo tlotla le go mo galaletsa. (Bala Tshenolo 7:12.) Re ka dira seo kwa dipokanong fa re rapela Jehofa, re mmaka e bile re bua ka ene. Re na le tshono e ntle tota ya go obamela Jehofa beke le beke!

Jehofa o a lemoga gore re batla go ya dipokanong e bile o itumelela matsapa a re a dirang go nna gone kwa go tsone

12. Jehofa o ikutlwa jang fa re ikobela taelo ya gagwe ya gore re nne gone kwa dipokanong?

12 Jehofa ke ene a re bopileng mme re tshwanetse go mo obamela. O re laela gore re kopane mmogo segolobogolo fa bokhutlo bo ntse bo atamela. Ka jalo, fa re ikobela taelo eno, Jehofa o a itumela. (1 Johane 3:22) Jehofa o a lemoga gore re batla go ya dipokanong e bile o itumelela matsapa a re a dirang go nna gone.—Bahebera 6:10.

13, 14. Re atamalana jang le Jehofa le Jesu fa re le kwa dipokanong?

13 Fa re nna gone kwa dipokanong re bontsha Jehofa gore re batla go nna gaufi le ene gammogo le Morwawe. Fa re le kwa dipokanong, Jehofa o dirisa Baebele go re ruta dilo tse re tshwanetseng go di dira le kafa re tshwanetseng go tshela ka gone. (Isaia 30:20, 21) Tota le batho ba ba re etetseng ba kgona go bona gore re kaelwa ke Modimo. (1 Bakorintha 14:23-25) Jehofa o dirisa moya o o boitshepo go kaela dipokano e bile se re se ithutang se tswa kwa go ene. Ka jalo, fa re le kwa dipokanong, re reetsa se Jehofa a se buang, re utlwa lorato lwa gagwe e bile re atamalana le ene le go feta.

14 Tlhogo ya phuthego e bong Jesu o ne a re: “Koo go nang le ba le babedi kgotsa ba le bararo gone ba phuthegile ka leina la me, ke gone koo mo gare ga bone.” (Mathaio 18:20) Gape Baebele ya re Jesu o ‘tsamaya mo gare’ ga diphuthego. (Tshenolo 1:20–2:1) Ga go pelaelo gore Jehofa le Jesu ba re eme nokeng e bile ba a re nonotsha fa re le kwa dipokanong. O akanya gore Jehofa o ikutlwa jang fa a go bona o leka ka thata go atamalana le ene le Morwawe?

15. Fa re nna gone kwa dipokanong re bontsha jang gore re batla go ikobela Modimo?

15 Fa re le kwa dipokanong, re bontsha Jehofa gore re batla go mo ikobela. Jehofa ga a re pateletse go mo ikobela. (Isaia 43:23) Ka jalo, fa re ikobela taelo ya gagwe ya go nna gone kwa dipokanong, re mmontsha gore re a mo rata le gore re dumela gore o na le tshwanelo ya go re bolelela gore re dire eng. (Baroma 6:17) Ka sekai, re tla dira eng fa mothapi wa rona a batla gore re bereke diura tse dintsi mo re feleletsang re sa kgone go ya dipokanong? Gongwe puso ya re batho ba ba kopanang go obamela Jehofa ba tla duedisiwa, ba tla isiwa kgolegelong kgotsa ba tla otlhaiwa botlhoko. Kgotsa ka dinako tse dingwe re ka tswa re batla go dira sengwe se sele go na le go ya dipokanong. Mo maemong ano otlhe, re tshwanetse go itirela tshwetso. (Ditiro 5:29) Mme nako le nako fa re dira tshwetso ya go ikobela Jehofa, o a itumela.—Diane 27:11.

TSWELELA O KOPANELA LE BAKAULENGWE BA GAGO

16, 17. (a) Re itse jang gore dipokano di ne di le botlhokwa mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Mokaulengwe George Gangas o ne a ikutlwa jang ka go ya dipokanong?

16 Morago ga pokano ya Pentekosete ya ngwaga wa 33, Bakeresete ba ne ba tswelela ba kopana ka metlha go obamela Jehofa. Ba ne ba “tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi le mo go abalaneng.” (Ditiro 2:42) Mme ga ba a ka ba emisa go kopana mmogo fa ba ne ba bogisiwa ke puso ya Roma le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda. Le fa go ne go le thata, ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go kopana mmogo.

17 Le gompieno, batlhanka ba ga Jehofa ba anaanela dipokano e bile ba a di itumelela. George Gangas yo o feditseng dingwaga di feta 22 e le leloko la Setlhopha se se Laolang o ne a re: “Go kopana mmogo le Bakeresete ba bangwe, go a intumedisa e bile go dira gore ke ikutlwe ke kgothetse. Ke rata go nna wa ntlha kwa Holong ya Bogosi le go nna wa bofelo go tswa, fa go kgonega. Ke itumela tota fa ke bua le batho ba Modimo. Fa ke na le bone, ke ikutlwa ke le kwa gae, ke le mo paradaiseng ya semoya.” Gape o ne a re: “Go nna gone kwa dipokanong ke selo se ke nnang ke akantse thata ka sone e bile ke selo se ke se eletsang go tswa pelong.”

18. O ikutlwa jang ka dipokano tsa rona mme o ikemiseditse go dira eng?

18 A le wena o ikutlwa jalo? Fa go le jalo, leka ka natla go nna le bakaulengwe ba gago kwa dipokanong le fa go ka nna thata jang. Bontsha Jehofa gore o ikutlwa fela jaaka Kgosi Dafide fa a ne a re: “Jehofa, ke ratile bonno jwa ntlo ya gago.”—Pesalema 26:8.

^ [1] (serapa 3) Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ga ba kgone go ya dipokanong ka metlha ka ntlha ya maemo a ba sa kgoneng go a laola. Ka sekai, ba ka tswa ba lwala. Mme gone, ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tlhaloganya boemo jwa bone le gore o lebogela sengwe le sengwe se ba se dirang go mo obamela. Bagolwane ba ka thusa Bakeresete bano gore ba kgone go reetsa dipokano ka founo kgotsa go ba rekotela tsone.

^ [2] (serapa 3) Bona lebokose le le reng “Mabaka a go Nna Gone Kwa Dipokanong.”

Dipokano di tsweletse

MABAKA A GO NNA GONE KWA DIPOKANONG

  1. Re rutwa ke Jehofa.

  2. Re a kgothadiwa.

  3. Re thusiwa ka moya o o boitshepo.

  4. Re na le ditshono tsa go bontsha bakaulengwe ba rona gore re a ba rata.

  5. Re nna seoposengwe le bakaulengwe ba rona.

  6. Re naya Jehofa se se mo tshwanetseng.

  7. Re bontsha Jehofa gore re batla go atamalana le ene le Morwawe.

  8. Re bontsha Jehofa gore re batla go mo obamela.

MAFOKO MANGWE A A TLHALOSIWA

  • Re kopana mmogo go tla go obamela Modimo: Re rata Jehofa e bile re batla go mo ikobela, ka jalo, re ikemiseditse go mo galaletsa re na le bakaulengwe ba rona. Fa re le kwa dipokanong, re a rapela, re a opela e bile re bua ka Jehofa mme seno se a mo itumedisa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela