cako74/DigitalVision Vectors via Getty Images
NNANG LO DISITSE!
Thubakanyo ya Tsa Sepolotiki—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
Thubakanyo e e amanang le dilo tsa sepolotiki e a oketsega mo lefatsheng.
Goreng thubakanyo e e amanang le dilo tsa sepolotiki e le ntsi jaana? A e tla tsamaya e fela? Baebele e a reng?
Go kgaogana ga dipolotiki go sa le go boleletswe pele
Baebele e ile ya bolelela pele gore mo metlheng ya rona, e Baebele e e bitsang ‘malatsi a bofelo,’ batho ba le bantsi ba tla nna le mekgwa e e dirang gore go nne le thubakanyo le dingangisano.
“Mo malatsing a bofelo, go tla nna le dinako tse di thata e bile di le kotsi. Gonne batho . . . ba sa leboge, ba sa ikanyege, . . . ba sa batle go dumalana le ba bangwe ka sepe, . . . ba le bogale jo bo tshabegang, . . . ba tsietsa ba bangwe, ba le tlhogoethata, ba ikgogomosa.”—2 Timotheo 3:1-4.
Baebele e ile ya bolelelapele gore go tla nna le dikhuduego tse di jaaka tse di bakiwang ke go tlhanogela puso le go nna kgatlhanong le yone. (Luke 21:9, ntlha e e kwa tlase) Le fa go ntse jalo, dilo tseno ga di na go nnela ruri.
Go tla fela
Baebele e tlhalosa gore Modimo o tla tlhoma puso ya gagwe e e kwa legodimong mo boemong jwa dipuso tsa lefatshe.
“Modimo yo o kwa legodimong o tla tlhoma bogosi . . . bo tla thubaganya bo bo bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema bo le nosi ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.
Bogosi Jwa Modimo bo tla kopanya batho mme bo dire gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe.
Mmusi wa jone e bong Jesu Keresete, o bidiwa “Kgosana ya Kagiso,” mme o tla netefatsa gore “go tla nna le kagiso go ya go ile.”—Isaia 9:6, 7.
Babusiwa ba Bogosi joo ba setse ba ithuta go tshela ka kagiso. Ke gone ka moo Baebele e reng: “Ba tla fetola ditšhaka tsa bone ba di dira megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se lwa le setšhaba se sengwe, e bile ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:3, 4.
Go ithuta mo go oketsegileng bala setlhogo se se reng, “Bogosi Jwa Modimo bo Tla Fitlhelela Eng?” mme o lebe bidio ya setlhogo se se reng, Bogosi Jwa Modimo ke Eng?