LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 14
  • A Johane Mokolobetsi o Kile a tsamaya a Tshela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Johane Mokolobetsi o Kile a tsamaya a Tshela?
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bolawa Mongwe Kwa Moletlong wa Letsatsi La Botsalo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Polao ka Nako ya Moletlo wa Letsatsi la Matsalo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Polao ka Nako ya Moletlo wa Letsatsi la Matsalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 14
Johane Mokolobetsi a kolobetsa batho.

A Johane Mokolobetsi o Kile a tsamaya a Tshela?

Diefangele di bua ka monna mongwe yo o bidiwang Johane Mokolobetsi, yo o neng a rera ka Bogosi jwa Modimo kwa Judea. A Baebele e bua nnete ka pego ya ga Johane Mokolobetsi? Akanya ka seno:

  • Baebele ya re: “Johane Mokolobetsi a tla a rera kwa nageng ya Judea, a re: ‘Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.’” (Mathaio 3:1, 2) A mafako ano a ka tlhomamisiwa ke ba itse ba hisitori? Ee.

    Rra hisitori mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus o ile a bua ka monna mongwe yo o bidiwang “Johane Mokolobetsi,” yo o ileng a “rotloetsa Bajuda gore ba tshele matshelo a a siameng,” gore ba “ineele mo Modimong” le “gore ba kolobediwe.”​—Jewish Antiquities, Book XVIII.

  • Baebele e tlhalosa gore Johane o ile a kgalemela Herode Antipase, yo o e neng e ele mmusi wa kgaolo ya Galalea le Perea. Herode o ne a ipolela gore ke Mojuta le gore o obamela molao wa ga Moshe. Johane o ne a bolela Herode gore ga go ka fa molaong gore a nyale mosadi wa ga morwarragwe. (Mareko 6:18) Ka jalo, seno se bontsha gore Baebele e dumalana le se baitse bangwe ba hisitori ba se buang.

    Josephus a re Antipase “o ile a kgatlhegela Herodiase” mme “a mmolelela gore o batla go mo nyala.” Herodiase o ile a tlogela monna wa gagwe mme a dumela go nyalwa ke Antipase.

  • Baebele ya re: “Jerusalema le Judea yotlhe le naga yotlhe e e dikologileng Joredane ba tswela kwa go ene, mme batho ba ne ba kolobediwa ke ene mo Nokeng ya Joredane”​—Mathaio 3:5, 6.

    Josephus o dumalana le se mafoko ano a se buang, fa a re batho ba ile ba tla ka “bontsintsi” go bona Johane le gore “dilo tse Johane a neng a di bua di ne tsa ba kgatlha fela thata.”

Tota dilo tseno tsotlhe di bontsha gore Josephus o ne a tlhatswegile pelo gore Johane Mokolobetsi o kile a tshela. Ka jalo le rona re ka tlhatswega pelo gore pego e e mo Baebeleng e e kaga Johane Mokolobetsi e boammaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela