Ntlha e e Kwa Tlase
a Ga se fela dihoromone tsa go ngomoga pelo tse di ka gobatsang lesea le le iseng le belegwe mme gape le motsoko, bojalwa le diokobatsi tse dingwe di ka le gobatsa. Go molemo gore bommè ba ba imileng ba se ka ba dirisa dilo tse di kotsi. Mo godimo ga moo, go botlhokwa go buisana le ngaka malebana le gore melemo e e nowang ke mmè e tla ama jang lesea le le iseng le belegwe.