Ntlha e e Kwa Tlase
c E le gore monna a tshwanelege go newa ditshiamelo dingwe mo phuthegong ya Bokeresete, ga a tshwanela go nna “moitei”—ke gore, motho yo o itayang ba bangwe mo mmeleng kgotsa yo o ba kgobang ka mafoko. Ka jalo, makasine wa Tora ya Tebelo wa September 1, 1990 o bolela jaana mo go tsebe 25: “Monna a ka se ka a tshwanelega fa a dira ka tsela ya bomodimo fa a le kwa mafelong a mangwe mme mo legaeng la gagwe e le modipa.”—1 Timotheo 3:2-5, 12.