Ntlha e e Kwa Tlase
c Daniele o ne a bonela pele tshenyo e kgolo e kgosi eno e neng e tla e baka ka nako ya ntwa eo ka go kwala jaana: “E tla senya ka tsela [e e boifisang] e e gakgamatsang.” (Dan. 8:24) Ka sekai, United States e ne ya baka tshenyo e kgolo fa e ne e latlhela dibomo tsa atomo tse pedi mo nageng ya mmaba wa Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika.