Ntlha e e Kwa Tlase
a Mo setshwantshong seno, go na le lobaka lo lo rileng lwa nako magareng ga nako ya go goelediwa go twe, “Monyadi ke yoo!” (temana 6) le nako ya go tla ga monyadi (temana 10). Fa e sa le metlha ya bofelo e simologa go tla go fitlha jaanong, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba tsweletse go ikanyega mo Modimong. Ba ile ba lemoga bosupi jwa go nna gone ga ga Jesu, ka jalo, ba a itse gore o busa e le Kgosi mo Bogosing Jwa Modimo. Mme gone, ba tshwanetse go nna ba disitse go fitlha a goroga.