PINA 52
Boineelo Jwa Bokeresete
E e Gatisitsweng
1. Jehofa o ne a bopa
Lobopo le tsotlhe,
Magodimo le lefatshe,
Ke ’tiro tsa gagwe.
O neile tsotlhe botshelo
Gape a re bontsha
Gore re tshwanetse go mmaka
Le go mo obamela.
2. Jesu a kolobediwa
Go dira tshiamo.
Mme a rapela Modimo:
‘Ke tla go direla.’
O dule mo Joredane
E le Motlodiwa.
Ka metlha o ne a’ikanyega,
A dira thato ya Jah.
3. Re tla go wena Jehofa,
Go go galaletsa
Ka ’pelo tsotlhe tsa rona,
Re’ineela go wena.
O re ntsheditse Morwao,
Gore a re swele.
Ga re tlhole re itshelela,
Re tla tshelela wena.
(Bona le Math. 16:24; Mar. 8:34; Luke 9:23.)