LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w23 November ts. 2-7
  • Jehofa o re Netefaletsa Gore o Tla Dira Lefatshe Paradaise

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o re Netefaletsa Gore o Tla Dira Lefatshe Paradaise
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • JEHOFA O SOLOFETSA GORE O TLA RE DIRELA ENG?
  • JEHOFA O RE NETEFALETSA GORE O TLA DIRA SE A SE SOLOFEDITSENG
  • “KE DIRA DILO TSOTLHE DISHA”
  • “MAFOKO ANO A A IKANYEGA E BILE A BOAMMAARURI. . . . A DIRAGADITSWE!”
  • “KE NNA ALEFA LE OMEGA”
  • KE ENG SE SE RE TLHATSWANG PELO GORE JEHOFA O TLA DIRA LEFATSHE PARADAISE?
  • “Alefa le Omega” ke Mang Kgotsa ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Legodimo le Lesha le Lefatshe le Lesha
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Modimo o Ikaeletse go Direla Batho Eng?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
w23 November ts. 2-7

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 46

Jehofa o re Netefaletsa Gore o Tla Dira Lefatshe Paradaise

“Ope fela yo o batlang go segofadiwa mo lefatsheng o tla segofadiwa ke Modimo wa boammaaruri.”​—ISA. 65:16.

PINA 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONEa

1. Moporofeti Isaia o ile a bolelela Baiseraele ntlha efe ya botlhokwa?

MOPOROFETI ISAIA o ile a re Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri.” Fa lefoko “boammaaruri” le ranolwa jaaka le ntse, le kaya “amen.” (Isa. 65:​16, ntlh.) Lefoko “amen” le kaya gore “a go nne jalo” kgotsa “a go diragale.” Gantsi Baebele e dirisa lefoko leno go bontsha gore se Jehofa kgotsa Jesu ba se buang se boammaaruri. Ka jalo fa Isaia a ne a bolelela Baiseraele gore Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri,” o ne a gatelela ntlha ya gore sengwe le sengwe se Jehofa a se buang se a direga. Go ntse fela jalo! Jehofa ga a ke a bua sengwe a bo a sa se dire.

2. Goreng re ka tshepa gore Jehofa o tla dira se a se solofetsang, mme re tla tlotla ka dipotso dife?

2 A le rona re ka tshepa gore Jehofa o tla dira dilo tse a solofetsang gore o tla re direla tsone mo nakong e e tlang? Dingwaga di ka nna 800 morago ga motlha wa ga Isaia, moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore Modimo o tla dira se a se solofeditseng. O ne a re: ‘Modimo a ka se ka a aka.’ (Baheb. 6:18) Ga go kgonege gore motswedi wa metsi o ntshe metsi a a monate le a a letswai. Ka tsela e e tshwanang, e re ka Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, ga go kgonege gore a bue maaka. Ka jalo, re ka tshepa sengwe le sengwe se a se buang, go akaretsa le dilo tse a reng o tla re direla tsone mo nakong e e tlang. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dipotso tse di latelang: Jehofa o solofetsa gore o tla re direla eng mo nakong e e tlang? O re netefaletsa jang gore o tla dira se a re solofetsang sone?

JEHOFA O SOLOFETSA GORE O TLA RE DIRELA ENG?

3. (a) Ke tsholofetso efe e batlhanka ba ga Jehofa ba e ratang thata? (Tshenolo 21:​3, 4) (b) Batho ba bangwe ba a reng fa re ba bolelela se Jehofa a se solofeditseng?

3 Re tlile go tlotla ka tsholofetso nngwe e batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba e ratang thata. (Bala Tshenolo 21:​3, 4.) Jehofa o solofetsa gore mo nakong e e tlang, “loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.” Go le gantsi re balela batho ditemana tseno go ba kgothatsa le go ba bontsha gore botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa Paradaiseng. Batho bangwe ba a reng fa re ba balela ditemana tseno? Bangwe ba tlhola ba re: “Ke go ijesa dijo tsa ditoro.”

4. (a) Jehofa o ne a itse eng fa a ne a laela Johane gore a “kwale” gore o tla dira lefatshe Paradaise? (b) Ke eng gape se Jehofa a ileng a se dira?

4 Fa Jehofa a ne a laela Johane gore a kwale tsholofetso ya gore o tla dira lefatshe Paradaise, o ne a itse gore re tla balela batho tsholofetso eo fa re ba rerela ka Bogosi jwa gagwe. Gape o ne a itse gore batho ba le bantsi ga ba kitla ba dumela gore o tla dira dilo tse a re solofetsang tsone. (Isa. 42:9; 60:2; 2 Bakor. 4:​3, 4) Ka jalo, re ka thusa jang batho gore ba dumele gore Tshenolo 21:3 le 4 e tla diragadiwa? Mme rona re ka tlhatswega pelo jang gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng? Jehofa o re neile mabaka a a utlwalang a a re thusang go dumela gore o tla dira se a se solofeditseng. Ke mabaka afe ao?

JEHOFA O RE NETEFALETSA GORE O TLA DIRA SE A SE SOLOFEDITSENG

5. Ke ditemana dife tse di re nayang mabaka a go dumela gore Modimo o tla dira se a se solofeditseng, mme tsa reng?

5 Ditemana tse di latelang di re naya mabaka a a re thusang go dumela gore Jehofa o tla dira lefatshe Paradaise. Tshenolo 21:5 le 6a, e a re: “Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi o ne a re: ‘Ke dira dilo tsotlhe disha.’ Gape o ne a re: ‘Kwala seno, ka gonne mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.’ E bile o ne a nthaya a re: ‘Mafoko ano a diragaditswe! Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo.’”

6. Tshenolo 21:5 le 6 e re tlhatswa pelo jang gore Modimo o tla dira se a se solofeditseng?

6 Goreng ditemana tseno di re tlhatswa pelo gore Modimo o tla dira se a se solofeditseng? Mo ditemaneng tseno, go ntse jaaka e kete Jehofa o saena tumalano e e re netefaletsang gore eleruri o tlile go dira se a se solofeditseng. Ka jalo, Tshenolo 21:3 le 4 e re tlhalosetsa se Modimo a tlileng go re direla sone. Mme mo go temana 5 le 6, go ntse jaaka e kete o saena tumalano, a netefatsa gore o tla dira se a re solofetsang sone.

7. Ke mang yo o buang mo go temana 5, mme goreng mafoko ao a le botlhokwa thata?

7 Temana 5 e simolola jaana: “Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi o ne a re.” (Tshen. 21:5a) Mafoko ano a botlhokwa ka gonne a re bontsha gore se Jehofa a tlileng go se bua, o se bua ka boene, ga a dirise moengele kgotsa Jesu. E re ka e le Jehofa a buang, re ka tlhatswega pelo gore mafoko a a mo go Tshenolo 21:​5, 6 a tlile go diragala ka gonne Jehofa ga ‘a ake.’​—Tito 1:2.

“KE DIRA DILO TSOTLHE DISHA”

8. Jehofa o re netefaletsa jang gore o tlile go dira se a se solofetsang? (Isaia 46:10)

8 Ka puo ya Segerika, mo go Tshenolo 21:5 Jehofa o simolola ka go re, “Bona!” Lefoko leno le tlhaga makgetlo a le mantsi mo bukeng ya Tshenolo ka Segerika. Buka nngwe e a re lefoko leno le “thusa mmadi gore a reetse ka kelotlhoko se se tla buiwang.” Fa Jehofa a sena go re, “Bona!” o ne a re: “Ke dira dilo tsotlhe disha.” Ke boammaaruri gore Jehofa o tlile go baakanya dilo mo nakong e e tlang, mme o bua jaaka e kete o a di baakanya gone jaanong, ka gonne o a itse gore o tlile go dira se a se solofeditseng.​—Bala Isaia 46:10.

9. (a) Fa Jehofa a ne a re: “Ke dira dilo tsotlhe disha,” o ne a raya jang? (b) Go tlile go direga eng ka “legodimo la pele le lefatshe la pele”?

9 Fa Jehofa a ne a re: “Ke dira dilo tsotlhe disha” o ne a raya jang? Kgaolo eno e bua ka dilo tse pedi tse Jehofa a tlileng go di dira. Sa ntlha, o tlile go fedisa “legodimo la pele le lefatshe la pele.” Go tswa foo, a bo a di emisetsa ka “legodimo le lesha le lefatshe le lesha.” “Legodimo la pele le lefatshe la pele” tse Tshenolo 21:1 e buang ka tsone ke eng? “Legodimo la pele” ke dipuso tse di laolwang ke Satane le madimona a gagwe. (Math. 4:​8, 9; 1 Joh. 5:19) Ka dinako tse dingwe, fa Baebele e bua ka “lefatshe” e a bo e bua ka batho. (Gen. 11:1; Pes. 96:1) Ka jalo, “lefatshe la pele” ke batho ba ba bosula ba re tshelang le bone gompieno. Jehofa ga a kitla a baakanya “legodimo la pele le lefatshe la pele,” go na le moo o tlile go di fedisa, go tswa foo a bo a di emisetsa ka “legodimo le lesha le lefatshe le lesha.” Seno se raya gore o tla tlhoma Bogosi jo bo tla busang batho ba ba siameng.

10. Jehofa o tla dira dilo disha ka tsela efe gape?

10 Jehofa o tla dira dilo tsotlhe disha ka tsela efe gape? (Tshen. 21:5) O tla baakanya lefatshe e bile o tla dira gore batho ba se ka ba tlhola ba nna le boleo. Fela jaaka Isaia a ne a bolelela pele, Jehofa o tlile go dira gore lefatshe le nne lentle jaaka tshimo ya Edene. Gape o tla dira gore re nne basha ka go re fodisa. O tla fodisa ba ba golafetseng, ba ba sa boneng le ba ba sa utlweng. Mo godimo ga moo, o tla tsosa baswi.​—Isa. 25:8; 35:​1-7.

“MAFOKO ANO A A IKANYEGA E BILE A BOAMMAARURI. . . . A DIRAGADITSWE!”

11. Jehofa o ne a laela Johane gore a dire eng, mme ka ntlha ya eng?

11 Jehofa o re tlhomamisetsa jang gape gore re ka mo tshepa? O ne a laela Johane a re: “Kwala seno, ka gonne mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.” (Tshen. 21:5) Ga a ka a mo laela fela gore a ‘kwale,’ gape o ne a tlhalosa lebaka la go bo a mo laela gore a dire jalo. O ne a re: “Ka gonne mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.” Ka jalo, re ka a tshepa. Re lebogela go bo Johane a ile a “kwala” ka tsholofetso ya gore Modimo o tla dira lefatshe Paradaise, ka gonne re kgona go e bala le go akanyetsa kwa teng ka yone.

12. Goreng Jehofa a re: “Mafoko ano a diragaditswe”?

12 Gape Modimo a re: “Mafoko ano a diragaditswe!” (Tshen. 21:6) Goreng Jehofa a re se a se solofetsang se setse se diragaditswe? Ka gonne ga go na sepe se se ka mo emang kwa pele, o tla dira se a se solofeditseng. Go na le sengwe gape se Jehofa a se buang go re netefaletsa gore o tla dira se a se solofeditseng. Ke eng seo?

“KE NNA ALEFA LE OMEGA”

13. Goreng Jehofa a re: “Ke nna Alefa le Omega”?

13 Jehofa o ile a bua le Johane ka makgetlo a le mararo mo diponatshegelong. (Tshen. 1:8; 21:​5, 6; 22:13) Mo makgetlong ao o ile a re: “Ke nna Alefa le Omega.” Alefa ke alefabete ya ntlha mo dialefabeteng tsa Segerika, mme omega ke ya bofelo. Fa Jehofa a re, “Ke nna Alefa le Omega” o bontsha gore fa a simolotse sengwe, o a se fetsa.

Ditshwantsho: Boikaelelo jwa ga Jehofa bo a diragadiwa. 1. “Alefa.” Adame le Efa ba le mo tshimong ya Edene. 2. Diphelelo tsa go sa reetse Modimo, Satane, Adame le Efa ba tsofetse, tora ya kwa Babele, mabitla, masole, koloi ya ntwa, madirelo a a kgotlelang moya le metsi, batho ba ba gwantang. Ditshwantsho tse dingwe di bontsha boikaelelo jwa ga Jehofa bo direga: Jesu o ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, bana ba ga Adame le Efa ba ba dirang se se siameng ba mo nakong e e fetileng le ba mo motlheng wa rona. 3. “Omega.” Batho ba itumelela go dira mmogo kwa Paradaiseng.

Jehofa ga a ke a palelwa ke go fetsa se a se simolotseng (Bona serapa 14 le 17)

14. (a) Jehofa o ne a bua leng a re “Alefa,” mme o tla bua leng a re “Omega”? (b) Genesise 2:​1-3 e re netefaletsa eng?

14 Fa Jehofa a sena go bopa Adame le Efa, o ne a ba bolelela se a ikaeletseng go se dira ka batho le ka lefatshe. Baebele e a re: “Modimo o ne a ba segofatsa mme a ba raya a re: ‘Atang lo nne bantsi lo tlatse lefatshe lo bo lo nne beng ba lone.’” (Gen. 1:28) Fa Jehofa a ne a bua se a se ikaeletseng ka batho le ka lefatshe, e ne e le tshimologo kgotsa “Alefa.” Fa Jehofa a tla bo a dirile se a se solofeditseng, bana ba ga Adame le Efa ba tladitse lefatshe e bile ba dirile gore e nne paradaise, seo e tla bo e le bokhutlo kgotsa “Omega.” Fa Jehofa a sena go bopa “magodimo le lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go tsone,” o ile a bua sengwe se se bontshang gore o tla dira se a se ikaeletseng. (Bala Genesise 2:​1-3.) O ne a re letsatsi la bosupa le boitshepo. Seno se raya goreng? Se raya gore Jehofa o ne a tla netefatsa gore boikaelelo jwa gagwe ka batho le ka lefatshe bo diragaditswe kwa bowelong jwa letsatsi leo.

15. Goreng Satane a ka tswa a ne a akanya gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo iteile sefololetse?

15 Fa Adame le Efa ba sena go tlhanogela Modimo, ba ne ba nna le boleo ba bo ba fetisetsa boleo le loso mo baneng ba bone. (Bar. 5:12) Go ne go ka lebega e kete boikaelelo jwa ga Jehofa jwa gore batho ba ba se nang boleo ba tlatse lefatshe, bo iteile sefololetse. A mme go ne go ntse jalo? Satane a ka tswa a ne a akanya gore Jehofa ga a ka ke a kgona go dira se a se ikaeletseng. A ka tswa a ne a akanya gore Jehofa o tla bolaya Adame le Efa, a bo a bopa banyalani ba bangwe ba ba se nang boleo gore ba diragatse boikaelelo jwa gagwe. Mme fa Modimo a ka bo a ile a dira jalo, Satane o ne a ka mo latofatsa ka gore o paletswe. Goreng re rialo? Ka gonne mo go Genesise 1:​28, Jehofa o ne a boleletse Adame le Efa gore bana ba bone ba tla tlatsa lefatshe.

16. Ke eng se se ka tswang se ile sa dira gore Satane a akanye gore Jehofa a ka se dire se a se ikaeletseng?

16 Ke eng gape se Satane a ka tswang a ne a akanya gore Modimo o tla se dira? Gongwe a ka tswa a ne a akanya gore Jehofa o tla letla Adame le Efa gore ba nne le bana, mme bana bao ba bo ba tswelela ba na le boleo. (Mor. 7:20; Bar. 3:23) Fa Jehofa a ne a ka dira jalo, Satane o ne a ka mo latofatsa ka gore o paletswe ke go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa gore lefatshe le tlale ka batho ba ba se nang boleo.

17. Fa Satane, Adame le Efa ba sena go tlhanogela Jehofa, Jehofa o ile a rarabolola jang kgang eo, mme seo se tla felela jang? (Bona le setshwantsho.)

17 Fa Satane, Adame le Efa ba sena go tlhanogela Jehofa, Jehofa o ne a rarabolola kgang eo ka tsela e e neng ya dira gore Satane a sale a itshwere seledu. (Pes. 92:5) Jehofa o ile a dira se a neng a se ikaeletse, ka gonne o ne a letla Adame le Efa gore ba nne le bana. Gape o ile a bontsha gore fa a ikaeletse go dira sengwe, ga go na sepe se se ka mo emang kwa pele. O ne a netefatsa gore boikaelelo jwa gagwe jwa go dira gore go nne le “losika” lo lo neng lo tla golola bana ba ga Adame le Efa mo boleong le mo losong, bo tla diragadiwa. (Gen. 3:15; 22:18) Satane o tshwanetse a bo a ile a gamarega. Goreng re rialo? Ka gonne thekololo e bontsha gore Jehofa o lorato, e leng sengwe se Satane a se nang sone. (Math. 20:28; Joh. 3:16) Thekololo e tla dira gore morago ga Puso ya ga Jesu ya Dingwaga Tse di Sekete, bana ba ga Adame le Efa ba tshelele ruri mo paradaiseng ba se na boleo, fela jaaka Jehofa a ne a ikaeletse go tswa kwa tshimologong. Ka nako eo, Jehofa o tla re, “Omega.”

KE ENG SE SE RE TLHATSWANG PELO GORE JEHOFA O TLA DIRA LEFATSHE PARADAISE?

18. Jehofa o re netefaletsa jang gore o tla dira lefatshe Paradaise? (Bona lebokoso le le reng, “Mabaka a Mararo a go Tshepa se Jehofa a se Solofeditseng.”)

18 Mo setlhogong seno, re tlotlile ka mabaka a a re netefaletsang gore Jehofa o tlile go dira lefatshe Paradaise. Re ka netefaletsa ba bangwe jang gore seo se tlile go direga? Sa ntlha, Jehofa ke ene a solofetsang gore o tla dira jalo. Buka ya Tshenolo e a re: “Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi o ne a re: ‘Ke dira dilo tsotlhe disha.’” O tla kgona go dira jalo ka gonne o botlhale, o na le maatla e bile seo ke sengwe se a batlang go se dira. Sa bobedi, Jehofa o a itse gore o tla dira se a se solofeditseng. Ke gone ka moo a neng a re: “Mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri. . . . A diragaditswe!” Sa boraro, Jehofa ga a ke a palelwa ke go fetsa se a se simolotseng. Ke gone ka moo a neng a re: “Ke nna Alefa le Omega.” Jehofa o tla bontsha gore Satane ke rramaaka, le gore ga a ka ke a mo kgoreletsa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.

Mabaka a Mararo a go Tshepa se Jehofa a se Solofeditseng

Lesedi le le tswang mo setulong sa bogosi le le emelang Jehofa.
  • “Ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi o ne a re: ‘Ke dira dilo tsotlhe disha.’”​—Tshen. 21:5

Moaposetoloi Johane a kwalela mo letlalong.
  • “Gape o ne a re: ‘Kwala seno, ka gonne mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri. . . . A diragaditswe!’”​—Tshen. 21:​5, 6

Dialefabete tsa Segerika, alefa le omega.
  • “Ke nna Alefa le Omega.”​—Tshen. 21:6

19. Fa motho a sa dumele gore Modimo o tla dira lefatshe Paradaise, o ka mo raya wa reng?

19 Gopola gore fa o bolelela batho ba bangwe se Jehofa a ileng a se bua go re netefaletsa gore o tla dira se a se solofeditseng, le wena o tlhatswega pelo le go feta gore o tla dira jalo. Ka jalo, mo nakong e e tlang fa o balela mongwe Tshenolo 21:4 a bo a re: “Seo ke go ijesa dijo tsa ditoro,” o ka mo raya wa reng? O ka mmalela temana 5 le 6 o bo o mo tlhalosetsa tsone. Mmontshe gore mo ditemaneng tseno go ntse jaaka e kete Jehofa o saena tumalano e e re netefaletsang gore o tla dira se a se solofeditseng.​—Isa. 65:16.

O KA ARABA JANG?

  • Go itse gore Jehofa ke ene a solofetsang gore o tla dira lefatshe Paradaise go re kgothatsa jang?

  • Jehofa o ile a reng go re netefaletsa gore o tla dira se a se solofeditseng?

  • Ke eng se se ka re tlhatswang pelo gore Jehofa o tla dira se a se solofeditseng?

PINA 145 Tsholofetso ya Modimo ya Paradaise

a Mo setlhogong seno re tlile go bona gore Jehofa o re netefaletsa jang gore o tla dira lefatshe Paradaise. Nako le nako fa re bolelela batho ba bangwe ka seo, re tlhatswega pelo le go feta gore Jehofa o tla diragatsa se a se solofeditseng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela