-
O ne A Rapela Modimo go Tswa PelongTora ya Tebelo—2010 | July 1
-
-
HANA o ne a tshwaregile ka go ipaakanyetsa loeto, a leka gore a se ka a akanya ka mathata a gagwe. E ne e tshwanetse go nna nako e e itumedisang; monna wa gagwe e bong Elekana o ne a tlwaetse go tsaya loeto lono ngwaga le ngwaga le lelapa lotlhe la gagwe go ya go obamela Modimo kwa motlaaganeng kwa Shilo. Jehofa o ne a batla gore dinako tseo di itumedise. (Duteronome 16:15) Ga go pelaelo gore Hana o ne a itumelela meletlo eo go tloga fa a sa le monnye. Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa fetoga fa dingwaga di ntse di tsamaya.
-
-
O ne A Rapela Modimo go Tswa PelongTora ya Tebelo—2010 | July 1
-
-
Mo mosong go ne go le modumo mo ntlong. Mongwe le mongwe, tota le bana ba ne ba ipaakanyetsa go tsaya loeto. Lelapa le legolo le ne le tla tsamaya dikilometara di feta 30 go ya kwa Shilo kwa nageng e e nang le dithota ya Eferaime.c Loeto lono lo ka tsaya letsatsi le le lengwe kgotsa a le mabedi fa motho a tsamaya ka dinao. Hana o ne a itse gore mogadikane wa gagwe o ne a tla itshwara jang. Le fa go ntse jalo, Hana o ne a se ka a sala kwa lapeng. Ka go dira jalo, o tlhometse baobamedi ba Modimo sekao se se molemo go fitlha le gompieno. Ga re a tshwanela go letla tsela e e sa siamang e batho ba bangwe ba itshwarang ka yone gore e dire gore re se ka ra obamela Modimo. Fa re ne re ka dira jalo, re ne re ka se bone masego a re ka nnang le one fa re itshoka.
-
-
O ne A Rapela Modimo go Tswa PelongTora ya Tebelo—2010 | July 1
-
-
c Sekgala seno se lekanyediwa ka motse o Elekana a goletseng kwa go one e leng Rama, motse o o neng o itsege e le Arimathea mo motlheng wa ga Jesu.
-