Go Laola Kgalefo
DINGWAGA tse di fetang 2 000 tse di fetileng, mofilosofi wa Mogerika e bong Aristotle o ne a dirisa polelwana “go bontsha kgalefo” go tlhalosa “go ntshetsa kwa ntle” kgatelelo ya maikutlo e e nnang teng morago ga gore motho a lebelele motshameko kgotsa terama e e utlwisang botlhoko. Kgopolo ya gone e ne e le gore fa motho a sena go ntshetsa kgalefo kwa ntle, o ikutlwa a lapologetswe mo tlhaloganyong.
Mo tshimologong ya lekgolo le le fetileng la dingwaga, ngaka e e alafang malwetse a boboko e bong Sigmund Freud wa kwa Austria, o ne a buelela kgopolo e e tshwanang. O ne a bolela gore fa batho ba ne ba ka gatelela kgotsa ba boloka maikutlo a a sa siamang kafa gare, moragonyana a tla boa e le bothata bongwe jwa tlhaloganyo, jo bo jaaka go lwala mo tlhaloganyong. Ka jalo, Freud o ne a ikema ka gore motho o tshwanetse go bontsha kgalefo go na le go e thibela.
Mo dingwageng tsa bosheng jaana, babatlisisi ba ba ileng ba lekeletsa kgopolo ya go bontsha kgalefo mo dingwageng tsa bo1970 le tsa bo1980 ga ba a ka ba bona bosupi bope jo bo tshegetsang kgopolo eo. Seno se ne sa dira gore moithutatlhaloganyo e bong Carol Tavris a kwale jaana: “Ke nako ya gore re tlogele go tshegetsa kgopolo ya gore go ntshetsa bogale kwa ntle go mosola. Kgopolo ya gore go lebelela thubakanyo (kgotsa go e bontsha phatlalatsa) go fedisa maikutlo a a sa siamang ga e ise e ko e tshegediwe ke dipatlisiso.”
Moithutatlhaloganyo yo mongwe e bong Gary Hankins o ne a re: “Patlisiso e bontsha gore ‘go ntshetsa’ kgalefo yotlhe ya gago kwa ntle gantsi go dira gore o galefe le go feta, ga go fokotse kgalefo.” Boammaaruri ke gore, baitse ba malwetse a tlhaloganyo ba ka se dumalane malebana le kgang ya go ntshetsa kgalefo kwa ntle. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ile ba solegelwa molemo ke motswedi o mongwe wa botlhale, e leng Baebele.
“Tlogela Bogale”
Kgopolo ya go laola bogale jwa gago e tlhalosiwa bontle ke mopesalema wa Baebele e bong Dafide. O ne a re: “Tlogela bogale mme o lese tšararego; o se ka wa itshupa o galefetse fela gore o dire bosula.” (Pesalema 37:8) Tsela ya go tila go bua kgotsa go dira sengwe se o ka se ikwatlhaelang moragonyana ke go ithiba gore o se ka wa ‘galefa.’ Gone ke boammaaruri gore go motlhofo go bua go na le go dira. Mme go ka dirwa! Mma re sekaseke ditsela di le tharo tse o ka laolang bogale jwa gago ka tsone.
Dira Gore O se Ka wa Galefa Thata
Gore o se ka wa galefa thata, kgwa moya mme o ritibale. Leka go tila go bua selo sa ntlha se o se akanyang. Fa o ikutlwa o tseega maikutlo mme o utlwa gore o mo kotsing ya go palelwa ke go laola maikutlo a gago, dirisa kgakololo eno ya Baebele: “Tshimologo ya manganga e tshwana le yo o bulelang metsi; ka jalo pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.”—Diane 17:14.
Seno ke se se ileng sa thusa monna yo o bidiwang Jack gore a kgone go laola kgalefo ya gagwe e e dirang gore a dirise dikgoka. Rraagwe Jack o ne a ineetse mo botagweng le mo kgalefong. Fa Jack a ntse a gola, le ene o ne a simolola go nna motho yo o ratang dikgoka. A re: “Fa ke ne ke galefa, ke ne ke tuka malakabe. Mme ke ne ke tlhasela batho ba bangwe ka mafoko le ka mabole.”
Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa simolola go fetoga fa Jack a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlhaloganya gore ka thuso ya Modimo, a ka kgona go fetoga le go laola kgalefo ya gagwe. Mme o ne a fetoga! Jack o tlhalosa kafa a neng a tsiboga ka gone fa motho yo a berekang le ene a ne a mo tlhapatsa a galefile: “Ke ne ke ikutlwa ke bela ka go bo ke galefile. Selo sa ntlha se ke neng ke batla go se dira e ne e le go mo phamola le go mo latlhela fa fatshe.”
Ke eng se kgabagare se neng sa thusa Jack gore a nne a ritibetse? O tlhalosa jaana: “Ke gakologelwa ke rapela ke re, ‘Tsweetswee Jehofa, nthuse gore ke ritibale!’ Morago ga foo, ka lekgetlho la ntlha, ke ne ka ikutlwa ke nna le kagiso mme ke ne ka kgona go tswa ke tsamaya.” Jack o ne a tswelela go ithuta Baebele. O ne a dirisa nako e ntsi a rapela le go tlhatlhanya ka ditemana tse di jaaka Diane 26:20 e e reng: “Fa go se nang dikgong teng molelo o a tima.” Morago ga moo, kgabagare Jack o ne a kgona go laola bogale jwa gagwe.
Ithute go Ritibala
“Pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama.” (Diane 14:30) Go dirisa boammaaruri jono jwa motheo jwa Baebele go ka thusa go tokafatsa boitekanelo jwa motho jwa maikutlo, jwa mo mmeleng le jwa semoya. Simolola ka go ithuta mekgwa e e motlhofo ya go ritibala, e e tla go thusang go fokotsa boikutlo jwa go galefa. Mekgwa e e latelang e itshupile e le mosola mo go thibeleng kgalefo e e amanang le go gatelelwa mo maikutlong:
● Goga moya kwa teng, mo e leng nngwe ya ditsela tse di molemolemo—le tse di bonako go gaisa—tsa go go thusa gore o se ka wa galefa thata.
● Fa o ntse o goga moya kwa teng, boeletsa mafoko a a go thusang go ritibala, a a jaaka “wela makgwafo,” “lebala ka gone” kgotsa “iketle.”
● Dira sengwe se o se itumelelang—gongwe go bala, go reetsa mmino, go bereka mo tshingwaneng kgotsa mofuta o mongwe wa tiro e e dirang gore o ritibale.
● Itshidile mmele ka metlha le go ja dijo tse di nang le dikotla.
Fetola Dilo Tse o di Lebeletseng
O ka nna wa se kgone go tila gotlhelele batho kgotsa dilo tse di dirang gore o galefe mme o ka kgona go ithuta go laola tsela e o di tsibogelang ka yone. Seno se akaretsa go fetola tsela e o akanyang ka yone.
Batho ba ba lebeletseng dilo tse di kwa godimo ba nna le mathata a magolo a go galefa. Ka ntlha yang? Ka gonne fa mongwe kgotsa sengwe se sa fitlhelele melao ya bone e e kwa godimo, ka bonako fela ba kgobega marapo kgotsa ba a galefa. Go thibela boikutlo jono jwa go sa kgotsofalele sepe, go molemo go gakologelwa gore “ga go na motho yo o siameng, le fa e le a le mongwe fela . . . Batho botlhe ba fapogile, botlhe fela.” (Baroma 3:10, 12) Ka jalo, fa re akanya gore rona kgotsa motho ope fela o itekanetse re dira gore re feleletse re nna le boikutlo jwa gore re paletswe.
Re tla bo re le botlhale fa re sa lebelele dilo tse dintsi mo go rona kgotsa mo bathong ba bangwe. Baebele ya re: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng.” (Jakobe 3:2) Ee, “ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.” (Moreri 7:20) Ka jalo, fa re itira se re seng sone—batho ba ba itekanetseng—botshelo jwa rona bo tla tlala ka tlalelo le kgalefo.
E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, rotlhe re galefa gangwe le gape. Mme re tla itlhophela gore re bontsha jang kgalefo ya rona. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ka ene jaana: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile.” (Baefeso 4:26) Ee, fa re laola bogale jwa rona, re ka kgona go ntsha maikutlo a rona ka tsela e e siameng, tsela e e tla solegelang batho botlhe ba ba amegang molemo.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
ITHUTE GO RITIBALA
Itlwaetse go goga moya kwa teng
Dira sengwe se o se itumelelang
Itshidile mmele ka metlha