LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • “Ga go Na Monni Ope yo o Tla Reng: ‘Ke a Bobola’”
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
    • Phodiso

      20. Batho ba Modimo ba tla fodisiwa ka tsela efe, mme leng?

      20 Karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia e konela ka tsholofetso e e itumedisang: “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’ Batho ba ba nnang mo lefatsheng ba tla bo ba itshwaretswe tlolo ya bone.” (Isaia 33:24) Bolwetse jo Isaia a buang ka jone tota ke jwa semoya, ka gonne bo amana le boleo, kana “tlolo.” Mo tiragatsong ya ntlha ya mafoko ano, Jehofa o solofetsa gore fa setšhaba seno se sena go gololwa mo botshwarong jwa Babelona, se tla fodisiwa semoyeng. (Isaia 35:5, 6; Jeremia 33:6; bapisa Pesalema 103:1-5.) E re ka Bajuda ba ba boang ba tla bo ba itshwaretswe maleo a bone a pele, ba tla tlhoma kobamelo e e itshekileng sesha kwa Jerusalema.

      21. Baobamedi ba ga Jehofa gompieno ba fodisiwa semoyeng ka ditsela dife?

      21 Le fa go ntse jalo, go na le tsela e boporofeti jwa ga Isaia bo diragadiwang ka yone gompieno. Batho ba ga Jehofa gompieno le bone ba ile ba fodisiwa semoyeng. Ba golotswe mo dithutong tsa maaka tse di jaaka go sa sweng ga moya, Tharonngwe le molelo wa dihele. Ba newa kaelo ya boitsholo, e e ba gololang mo mekgweng ya boitsholo jo bo sa siamang e bile e ba thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Mme ka thuso ya setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thekololo, ba na le leina le lentle fa pele ga Modimo e bile ba na le segakolodi se se phepa. (Bakolosa 1:13, 14; 1 Petere 2:24; 1 Johane 4:10) Phodiso eno ya semoya e na le mesola mo mmeleng wa motho. Ka sekai, go tila tlhakanelodikobo ya boitsholo jo bo sa siamang le go tila go dirisa metsoko go sireletsa Bakeresete mo malwetseng a a tshelanwang a tlhakanelodikobo le mefuta mengwe ya kankere.—1 Bakorintha 6:18; 2 Bakorintha 7:1.

      22, 23. (a) Isaia 33:24 e tla diragadiwa jang ka tsela e kgolo mo isagweng? (b) Gompieno baobamedi ba boammaaruri ba ititeile sehuba go dira eng?

      22 Mo godimo ga moo, mafoko a Isaia 33:24 a tla diragadiwa ka tsela e kgolwane morago ga Haramagedona, mo lefatsheng le lesha la Modimo. Fa go busa Bogosi jwa Bomesia, batho ba tla bona phodiso e kgolo ya mo mmeleng fa ba ntse ba fodisiwa semoyeng. (Tshenolo 21:3, 4) Morago fela ga go senngwa ga tsamaiso ya ga Satane ya dilo, dikgakgamatso tse di tshwanang le tse Jesu a di dirileng fa a ne a le mo lefatsheng eleruri di tla diragala mo lefatsheng lotlhe. Difofu di tla bona, bosusu ba tla utlwa, digole di tla tsamaya! (Isaia 35:5, 6) Seno se tla dira gore botlhe ba ba falolang pitlagano e kgolo ba kgone go nna le seabe mo tirong e kgolo ya go dira lefatshe paradaise.

      23 Moragonyana, fa tsogo e simologa, kwantle ga pelaelo ba ba boelang mo botshelong gape ba tla tsosiwa ba na le botsogo jo bontle jwa mo mmeleng. Mme fa tlhwatlhwa ya setlhabelo sa thekololo e ntse e diragadiwa go ya pele, go tla latela melemo e mengwe gape ya mo mmeleng, go fitlha batho ba itekanela. Go tswa foo, basiami ba tla “tshela” ka botlalo. (Tshenolo 20:5, 6) Ka nako eo, ka tsela ya semoya le ka tsela ya senama, “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” A tsholofetso e e itumedisang jang ne! E kete baobamedi botlhe ba boammaaruri gompieno ba ka ititaya sehuba gore ba nne bangwe ba ba ba tla bonang fa e diragadiwa!

  • “Ga go Na Monni Ope yo o Tla Reng: ‘Ke a Bobola’”
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
    • [Ditshwantsho mo go tsebe 353]

      Ka thuso ya setlhabelo sa thekololo, batho ba ga Jehofa ba na le leina le lentle fa pele ga gagwe

      [Setshwantsho mo go tsebe 354]

      Mo lefatsheng le lesha, go tla nna le phodiso e kgolo ya mo mmeleng

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela