Kafa o ka Nnang le Lenyalo le le Atlegileng ka Gone
LENYALO le ka tshwantshiwa le loeto, lo go nang le dilo tse dintsi tse o ka kopanang le tsone tse o sa di lebelelang—dingwe tsa tsone di a kgatlha mme dingwe tsa tsone di utlwisa botlhoko. Maemo a a sa lebelelwang a ka go tlisetsa dikgoreletsi tse o sa di lebelelang, tse dingwe tsa tsone di ka bonalang di se kitla di rarabololega. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba atlega mo loetong lono mme ka boitumelo ba nna le dikgoreletsi di le mmalwa fela. Ee, manyalo a a atlegang ga a nne gone ka go bo go na le mathata a le mmalwa fela mo loetong lono mme go ikaegile ka gore banyalani ba lebana jang le mathata ao.
O akanya gore ke eng se se ka dirang gore loeto lono lwa lenyalo lo atlege le go feta le gore e nne lo lo monate? Banyalani ba le bantsi ba tlhoka ‘mmapa wa tsela ya lenyalo’ gore o ba kaele mo loetong lwa bone. “Mmapa” wa lenyalo o o ka ikanngwanng thata e bile e le o o tshwanetseng re o newa ke Mosimolodi wa lenyalo—Jehofa Modimo. Le fa go ntse jalo, Lefoko la gagwe e leng Baebele e e Boitshepo, ga se pheko nngwe ya boselamose. Go na le moo, e na le kaelo e e mosola e banyalani ba tlhokang go e latela gore ba nne le lenyalo le le atlegileng.—Pesalema 119:105; Baefeso 5:21-33; 2 Timotheo 3:16.
Mma re sekaseke mangwe a matshwao a Dikwalo e leng melaometheo ya konokono ya Baebele—e e ka go thusang gore o nne le loeto lo lo atlegileng le lo lo itumedisang lwa lenyalo.
▸ Tsaya lenyalo le le boitshepo. “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Mathaio 19:6) Mmopi o simolotse thulaganyo ya lenyalo fa a ne a naya monna wa ntlha e bong Adame mosadi wa gagwe Efa. (Genesise 2:21-24) Keresete Jesu, yo o ileng a bona ka matlho tiragalo eno ka nako ya fa a ise a nne motho wa nama, o ne a gatelela gore lenyalo la ga Adame le Efa le ne le dirilwe gore e nne kamano e e tla nnelang ruri. O ne a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:4-6.
Fa Jesu a ne a re “se Modimo a se kopantseng mmogo,” o ne a sa reye gore manyalo a rulaganngwa kwa legodimong. Go na le moo, o ne a gatelela gore kamano ya lenyalo e ne e tlhomilwe ke Modimo ka boene mme ka jalo e tshwanetse ya tsewa e le e e boitshepo.a
Gone ke boammaaruri gore banna le basadi ba ka se batle go nna ba ‘kopantswe mmogo’ mo kamanong e go se nang lorato lope mo go yone. Go na le moo, ba batla go nna le lenyalo le mo go lone ka bobedi ba kgotsofetseng e bile ba itumetseng. Ba ka kgona go nna ba ‘kopantswe mmogo’ ka boitumelo fa ba dirisa kgakololo e e mosola ya Mmopi e e mo Baebeleng.
E re ka rotlhe re sa itekanela, go sa utlwane le dikgotlang di tla nna di le teng. Le fa go ntse jalo, gantsi lenyalo le le atlegileng ga le a ikaega thata ka gore banyalani ba na le dilo tse kana kang tse ba tshwanang ka tsone mme le ikaegile ka gore ba lepalepana jang le go sa tshwane ga bone. Ka jalo, bokgoni bongwe jo bo botlhokwa thata mo lenyalong ke go kgona go rarabolola dikgotlang ka tsela e e lorato, ka gonne lorato “lo kopanya sengwe le sengwe mmogo ka kutlwano e e molemo.”—Bakolosa 3:14, English Standard Version.
▸ Bua ka tsela e e supang tlotlo. “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Diane 12:18) Babatlisisi ba lemogile gore metlotlo e mentsi e felela ka tsela e e simologileng ka yone. Ka jalo, fa motlotlo o simolola ka tsela e e supang tlotlo, ga go na pelaelo gore o tla felela ka tsela e e ntseng jalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, o a itse gore go botlhoko jang fa mongwe yo o mo ratang a bua le wena ka tsela ya go sa akanye. Ka jalo, rapela ka kgang eno mme o dire maiteko a go bua ka tsela e e supang seriti, ka tsela ya tlotlo le ka tsela e e lorato. (Baefeso 4:31) Mosadi mongwe wa Mojapane yo o bidiwang Haruko,b yo o nyetsweng dingwaga di le 44 a re: “Le fa gone mongwe le mongwe wa rona a bona bokoa jwa yo mongwe, re leka go bua ka tsela e e supang gore re a tlotlana e bile re bontsha gore re anaanela dinonofo tse dintle tsa yo mongwe. Seo se ile sa re thusa gore re nne le lenyalo le le atlegileng.”
▸ Leka go nna pelonomi le go nna kutlwelobotlhoko. “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo.” (Baefeso 4:32) Fa go nna le dikgotlhang tse dikgolo, fa molekane yo mongwe a galefa go motlhofo gore le yo mongwe a galefe. Kwa Jeremane, Annette yo o mo lenyalong le le itumetseng ka dingwaga di le 34 o dumela jaana: “Ga go motlhofo go nna o ritibetse fa o tlaletswe—gantsi o bua dilo tse di kgopisang molekane wa gago, e leng se se dirang fela gore dilo di senyege le go feta.” Le fa go ntse jalo, fa o leka go nna pelonomi le go nna kutlwelobotlhoko, o ka thusa thata gore lenyalo le nne le kagiso.
▸ Bontsha boikokobetso. “Lo [se ka lwa dira] sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.” (Bafilipi 2:3) Dikgotlang tse dintsi di nna gone ka gonne balekane ba lenyalo ka boikgogomoso, ba leka go pega molekane yo mongwe molato ka ntlha ya mathata a bone go na le gore ka boikokobetso ba batle ditsela tse ka tsone ba ka tokafaletsang yo mongwe dilo. Go nna le mogopolo wa boikokobetso le go nna boikobo go ka go thusa gore o se ka wa batla gore e nne e kete ke wena o buang se se siameng ka metlha fa go nna le dikgotlhang.
▸ O se ka wa itlhaganela go kgopisega. “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago.” (Moreri 7:9) Leka go tila go ganetsa molekane wa gago kgotsa go itlhaganelela go iphemela fa molekane wa gago a go botsa ka sengwe se o se buileng kgotsa se o se dirileng. Go na le moo, reetsa mme o amogele se molekane wa gago a se buang. Akanya ka kelotlhoko pele ga o araba. Banyalani ba le bantsi ba lemoga go setse go le thari mo botshelong gore go nna le kamano e e molemo le molekane wa bone go botlhokwa thata go na le go fenya ngangisano.
▸ Itse gore ke leng o tshwanetseng go didimala. “Nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Ga go pelaelo gore go nna le puisano e e molemo ke nngwe ya matshwao a tsela a a botlhokwa thata a go nna le lenyalo le le itumetseng. Gone mme, ke ka ntlha yang fa Baebele e bolela gore go na le “nako ya go didimala”? (Moreri 3:7) Eno e ka nna nako ya go reetsa ka tlhoafalo gore o tle o tlhaloganye gore molekane wa gago a reng e leng karolo e e botlhokwa ya go buisana e e akaretsang go lemoga gore tota molekane wa gago wa lenyalo o ikutlwa jang le gore ke ka ntlha yang fa a ikutlwa jalo.
▸ Reetsa ka tsela e e supang gore o a amega. “Ipeleng le batho ba ba ipelang; lelang le batho ba ba lelang.” (Baroma 12:15) Gore o kgone go amega, go botlhokwa gore o kgone go buisana sentle le molekane wa gago ka gonne go tla go thusa gore o kgone go nna le maikutlo a a boteng a molekane wa gago a nang le one. Go ka thusa gore go nne le maemo a mo go one maikutlo le dipono tsa mongwe le mongwe di tlotliwang le go tseelwa kwa godimo. Nella wa kwa Brazil yo o nyetsweng ka dingwaga di le 32 o tlhalosa jaana: “Fa re bua ka mathata a rona, ka metlha ke reetsa ka kelotlhoko gore ke tle ke tlhaloganye se Manuel a se akantseng le gore o ikutlwa jang.” Fa molekane wa gago wa lenyalo a bua, ke ‘nako ya gore wena o didimale’ mme o reetse ka tsela e e supang gore o a amega.
▸ Itlwaetse go bontsha kanaanelo. “Itshupeng lo na le tebogo.” (Bakolosa 3:15) Manyalo a a nonofileng ke a banna le basadi ba ba tlhomamisang gore balekane ba bone ba lenyalo ba itse gore ba a ba anaanela. Le fa go ntse jalo, mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi jwa lenyalo, balekane bangwe ba lenyalo ba itlhokomolosa karolo eno e e botlhokwa ya puisano mme ba tsaya fela gore molekane wa bone o a itse gore o a anaanelwa. Dr. Ellen Wachtel a re: “Bontsi jwa banyalani, ba ne ba ka bolelela balekane ba bone gore ba a ba anaanela mme gantsi ga ba akanye go dira jalo.”
Basadi ke bone segolobogolo ba tlhokang gore banna ba bone ba nne ba ba tlhomamisetsa gore ba ba rata le go ba bolelela gore ba ba anaanela. Lona banna lo ka thusa thata go tokafatsa kamano ya lenyalo la lona le go tokafatsa boitekanelo jwa basadi ba lona le jwa lona ka bolona ka go itlwaetsa go akgela ka tsela e e supang kanaanelo malebana le dilo tse di siameng tse basadi ba lona ba di dirang le ka dinonofo tsa bone tse dintle.
Go botlhokwa go ba tlhomamisetsa seno ka mafoko le kwantle ga mafoko. Fa lona banna lo atla basadi ba lona ka bonolo, lo ba ama ka tsela e e bopelonomi le go nyenya ka tsela e e lorato, go bolela mo gontsi go na le fa lo ba raya fela lo re “Ke a go rata.” Go mo tlhomamisetsa gore o botlhokwa mo go wena le gore o a mo tlhoka. Mo letsetse mogala kgotsa mo romelele molaetsa ka khomputara o mmolelele gore “Ke go tlhologeletswe” kgotsa “Letsatsi la gago le ntse le tsamaya jang?” Fa e le gore fa e sa le o tlogela go bolelela mosadi wa gago dilo tseo pele ga lo nyalana, go tla nna molemo gore o simolole go dira jalo gape. Tswelela o ithute gore ke eng se se itumedisang molekane wa gago wa lenyalo.
Mafoko ano a ga mmaagwe Kgosi Lemuele wa Iseraele wa bogologolo a tshwanela tota: “Monna wa gagwe o mmaka ka gore, ‘Basadi ba le bantsi ba dira sentle, mme wena o ba gaisa botlhe fela.’” (Diane 31:1, 28, 29, Tanakh—The Holy Scriptures) Ke leng la bofelo o ileng wa baka mosadi wa gago? Kgotsa wena mosadi, monna wa gago?
▸ Nna bonako go itshwarela. “A letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile.” (Baefeso 4:26) Mo lenyalong ka bobedi jwa lona lo tla dira diphoso. Ka jalo, go botlhokwa go ikemisetsa go itshwarela. Clive le Monica ba mo Afrika Borwa, ba ba nyalaneng dingwaga di le 43 tse di fetileng, ba lemogile gore kgakololo eno ya Baebele e thusa thata. Clive o tlhalosa jaana: “Re leka go dirisa molaomotheo o o fitlhelwang mo go Baefeso 4:26, mme re leka go nna bonako go itshwarelana ka gonne re itse gore go itumedisa Modimo. Go tswa foo re itumelela seemo seno, re bo re ya go robala re na le segakolodi se se phepa mme re bo re robala sentle.”
Seane sengwe sa bogologolo se bolela jaana ka tshwanelo: “Ke bontle . . . go tlhokomologa tlolo.” (Diane 19:11) Annette, yo o umakilweng kwa godimonyana, o dumelana le seo mme o oketsa jaana: “Ga go kgonege gore lo nne le lenyalo le le siameng fa lo sa itshwarelane.” O tlhalosa lebaka la go bo go ntse jalo ka go bolela jaana: “Fa lo sa dire jalo, go kgopisega le go sa tshepane go a gola mme seo ke selo se se senyang lenyalo ka bonya. Fa lo itshwarelana, kamano ya lenyalo la lona e a nonofa mme lo atamalana gaufi.”
Fa e le gore o ile wa utlwisa molekane wa gago botlhoko, o se ka wa akanya fela gore o tla lebala ka gone. Gantsi go dira kagiso go tlhoka gore o dire sengwe sa dilo tse go leng boima thata tse banyalani ba tshwanetseng go di dira: Go dumela gore o dirile phoso. Le fa go ntse jalo, leka go bona tsela ya go bua sengwe se se jaaka seno ka tsela e e supang boikokobetso: “Intshwarele Moratiwa. Ke dirile phoso.” Go kopa maitshwarelo ka boikokobetso go tla dira gore molekane wa gago a go tlotle, go tla dira gore lo nne le kamano e lo tshepanang mo go yone e bile go tla tokafatsa kagiso ya gago ya mogopolo.
▸ Ikemisetse go nnela ruri le molekane wa gago le mo lenyalong la gago. “[Monna le mosadi] ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Mathaio 19:6) Lo ile lwa solofetsana ka go ikana go tswa pelong fa pele ga Modimo le batho gore lo tla nna mmogo go sa kgathalesege mathata a a ka nnang a tlhaga.c Le fa go ntse jalo, go itlama ga se fela sengwe se se batlegang kafa molaong. Go na le moo, ke sengwe se se tlhotlhelediwang ke lorato lwa mmatota mme go supa gore lo a tlotlana le gore lo tlotla Modimo. Ka jalo, le ka motlha o se ka wa tseela kamano ya gago ya lenyalo e e boitshepo kwa tlase ka go tshameka ka maikutlo a batho ba bangwe; kgatlhegela molekane wa gago fela.—Mathaio 5:28.
▸ Go ithontsha dilo dingwe go nonotsha boikemisetso jwa gago. “[Tlhokomelang], e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” (Bafilipi 2:4) Go baya ditlhoko le dikgatlhego tsa molekane wa gago wa lenyalo kwa pele ga tsa gago ke nngwe ya ditsela tsa go nonotsha boikemisetso jwa gago. Premji, yo o nyetseng ka dingwaga di le 20, o leka thata go thusa mosadi wa gagwe yo o dirang tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng ka tiro ya mo lelapeng. A re: “Ke thusa Rita ka go apaya le go phepafatsa le ka ditiro tse dingwe gore a tle a nne le nako le maatla a go dira dilo tse a di ratang.”
Maiteko a Tlisa Matswela
Ka dinako tse dingwe, matsapa a a tlhokegang go dira gore lenyalo e nne le le itumetseng a ka dira gore bangwe ba ikutlwe ba batla go itlhoboga. Le fa go ntse jalo, o se ka wa letla gore mathata a dire gore o itlhoboge kgotsa a dire gore o latlhe sengwe le sengwe se lo se tseetseng matsapa a a kana kana mo loetong lono lwa lona lo le mmogo.
Sid, yo lenyalo la gagwe le atlegileng ka dingwaga di le 33 o akantsha jaana: “Fa o dira maiteko a magolo e bile o bontsha gore o batla gore lenyalo la gago le atlege, Jehofa o tla go segofatsa.” Fa lo tshegetsana ka nako ya mathata le ka dinako tse di monate go tla lo thusa gore lo itumelele loeto lwa lona lwa go nna le lenyalo le le atlegileng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Jesu o ne a bolela gore lebaka le le lengwe fela le ka lone lenyalo le ka fedisiwang ka lone mme motho a bo a gololesegile go ka nyala gape ke boaka—go nna le dikamano tsa tlhakanelodikobo le motho yo o sa nyalanang le ene.—Mathaio 19:9.
b Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.
c Baebele e letla molekane yo o se nang molato go nna le tshwanelo ya go dira tshwetso ya gore a o batla go tlhala molekane yo o dirileng boaka kgotsa nnyaa. (Mathaio 19:9) Bona setlhogo se se reng “Kgopolo E E Mo Bibeleng: Boaka—Ke mo Itshwarele Kgotsa Ke se mo Itshwarele?” mo go Tsogang! ya August 8, 1995.
[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 6]
Baebele e tshwana le mmapa o o ka o dirisang go tsamaya mo loetong lwa gago lwa lenyalo
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
Fa lo tlhoka go buisana ka bothata bongwe
◼ Rulaganyang nako e ka yone go tla bong go se na ope wa lona yo o tla bong a lapile.
◼ Tilang go tshwayana diphoso; nnang le boikutlo jo bo siameng mongwe ka yo mongwe.
◼ Tilang go tsena yo mongwe mo ganong; refosanang ka go reetsana le ka go bua.
◼ Amogela tsela e molekane wa gago a ikutlwang ka yone.
◼ Bontshang gore mongwe le mongwe wa lona o amega ka yo mongwe, tota le fa lo sa dumalane.
◼ Nnang tekatekano mme lo ikemisetse go fetoga.
◼ Kopa maitshwarelo ka boikokobetso fa e le gore o dirile phoso.
◼ Bontshanang kanaanelo le lorato.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]
Go nna le lenyalo le le atlegileng
◼ Ngaparelang melaometheo ya Baebele e e nonotshang lenyalo.
◼ Iphe nako ya lenyalo la gago le ya molekane wa gago.
◼ Dirang gore go nne le lorato fa gare ga lona.
◼ Ikanyegeng mme lo ineele.
◼ Nnang pelonomi le go bontshana tlotlo.
◼ Thusanang ka tiro ya mo lelapeng.
◼ A mongwe le mongwe a dire seabe sa gagwe gore go nne le motlotlo o o itumedisang.
◼ Tshegisanang le go iketla mmogo.
◼ Nnang lo kgaratlhela go nonotsha lenyalo la lona.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go Bona se Wena O ka Se Dirang
◼ Ke eng se ke tlhokang go se tokafatsa thata mo lenyalong la me?
◼ Ke tla tsaya dikgato dife go dira seno?