LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp16 no. 3 ts. 9
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • O ne a Amogela Kaelo ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
wp16 no. 3 ts. 9

A O NE O ITSE?

Rraagwe Josefa e ne e le mang?

Josefa o ruta Jesu tiro ya go betla

Josefa, mmetli wa kwa Nasaretha, e ne e le rraagwe Jesu yo a mo godisitseng. Mme rraagwe Josefa ene e ne e le mang? Tatelano ya losika lwa ga Jesu e e mo Efangeleng ya ga Mathaio e umaka monna mongwe yo o bidiwang Jakobe, mme Efangele ya ga Luke yone e tlhalosa gore Josefa ke “morwa Heli.” Goreng go bonala e kete ditemana tseno ga di dumalane?—Luke 3:23; Mathaio 1:16.

Pego ya ga Mathaio ya re: “Jakobe a nna rraagwe Josefa,” ka go rialo e dirisa lefoko la Segerika le le bontshang sentle gore Jakobe e ne e le rraagwe Josefa yo a mo tshotseng. Ka jalo, Mathaio o ne a latedisa tatelano ya losika lwa ga Josefa, losika lwa ga Dafide lwa segosi, lo lo neng lo tla dirisiwa go fetisetsa tshwanelo ya go busa mo go morwa Josefa yo a mo godisitseng e bong Jesu.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, pego ya ga Luke ya re: “Josefa, morwa Heli.” Polelwana eo e e reng, “morwa,” e ka kaya “mogwe wa ga.” Pego e e tshwanang le eo e fitlhelwa mo go Luke 3:27, e mo go yone Shelatiele, yo rraagwe wa mmatota e leng Jekonia, a tlhalosiwang e le “morwa Neri.” (1 Ditiragalo 3:17; Mathaio 1:12) Go bonala Shelatiele a ne a nyetse morwadia Neri yo o sa umakiwang ka leina, ka jalo a nna mogwe wa gagwe. Ka tsela e e tshwanang, Josefa le ene e ne le “morwa” Heli, e re ka a ne a nyetse Marea, morwadia Heli. Ka jalo, Luke o latedisa tatelano ya losika lwa ga Jesu “ka fa nameng,” ka fa go mmaagwe yo a mo tshotseng e bong Marea. (Baroma 1:3) Ka gone, Baebele e re naya ditlhaloso tse pedi tse di farologaneng e bile di le mosola, tsa tatelano ya losika lwa ga Jesu.

Go ne go na le matsela afe le difetolammala dife mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele?

Letsela la wulu e e fetotsweng mmala le le fitlhetsweng mo logageng gaufi le Lewatle le le Suleng, la pele ga 135 C.E.

Letsela la wulu e e fetotsweng mmala le le fitlhetsweng mo logageng gaufi le Lewatle le le Suleng, la pele ga 135 C.E.

Bogologolo kwa Dinageng Tsa Botlhabagare, boboa jwa dinku bo ne bo dirisiwa thata go dira matsela fela jaaka boboa jwa dipodi le jwa dikamela. Matsela a a neng a tlwaelegile thata e ne e le a a dirilweng ka wulu, e bile gangwe le gape Baebele e bua ka dinku, go beolwa ga dinku le ka matsela a wulu. (1 Samuele 25:2; 2 Dikgosi 3:4; Jobe 31:20) Leloba, le le neng le dirisiwa go dira letsela, le ne le lengwa kwa Egepeto le kwa Iseraele. (Genesise 41:42; Joshua 2:6) Baiseraele ba bogologolo ba ka tswa ba ne ba sa leme boboa jo bo dirang tlhale, mme gone, Dikwalo di umaka gore bo ne bo dirisiwa kwa Peresia. (Esethere 1:6) Sei e ne e le letsela le le turang la maemo a a kwa godimo, le gongwe le neng le rekwa fela ke bagwebi ba ba tsamayang, kwa dinageng tsa Asia Botlhaba.—Tshenolo 18:11, 12.

Buka ya Jesus and His World ya re: “Wulu e ne e na le mebala ya tlholego e e farologaneng, go simolola ka o mosweu go fitlha ka o o borokwa jo bo tseneletseng, le mebala e mengwe e mentsi e e tsamaisanang le eno.” Mo godimo ga moo, gantsi wulu e ne e fetolwa mmala. Sefetolammala se se phepole se se turang se ne se tsewa mo ditsheding dingwe tsa di-mollusk mme dimela, medi, makakaba le ditshenekegi tse di farologaneng di ne di dirisiwa go dira difetolammala tse dikhibidu, tse di serolwana, tse di pududu le tse dintsho.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela