Go Tsalwa Sesha—Go Diragala Jang?
JESU o ne a se ka a bua le Nikodemo fela ka botlhokwa jwa go tsalwa sesha, lebaka la go bo go direga le boikaelelo jwa gone mme gape o ne a bua kafa go diragalang ka gone. Jesu o ne a re: “Fa motho a sa tsalwe ka metsi le moya, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo.” (Johane 3:5) Ka jalo, motho o tsalwa gape ka metsi le moya. Mme gone, mafoko a a reng “metsi le moya” a kaya eng?
“Metsi le Moya”—Ke Eng?
E re ka Nikodemo a ne a ithutile ka bodumedi jwa Sejuda, o tshwanetse a bo a ne a itse tsela e Dikwalo Tsa Sehebera di dirisang ka yone mafoko a a reng “moya wa Modimo”—maatla a a dirang a Modimo a a ka tlhotlheletsang batho go dira ditiro tse di gakgamatsang. (Genesise 41:38; Ekesodo 31:3; 1 Samuele 10:6) Fa Jesu a ne a dirisa lefoko “moya,” Nikodemo o tshwanetse a bo a ne a tlhaloganya gore ke moya o o boitshepo e leng maatla a a dirang a Modimo.
Go tweng ka metsi a Jesu a neng a bua ka one? Akanya ka ditiragalo tse di begilweng pele Jesu a tlotla le Nikodemo le morago ga moo. Di bontsha gore Johane Mokolobetsi le barutwa ba ga Jesu ba ne ba kolobetsa ka metsi. (Johane 1:19, 31; 3:22; 4:1-3) Mokgwa ono o ne wa itsege thata kwa Jerusalema. Ka jalo, fa Jesu a ne a bua ka metsi, Nikodemo o tshwanetse a bo a ne a lemoga gore Jesu o ne a sa bue ka metsi fela mme ka metsi a go kolobetsa.a
Go Kolobediwa “ka Moya o o Boitshepo”
Fa e le gore go ‘tsalwa ka metsi’ go amana le go kolobediwa ka metsi, go kaya eng go ‘tsalwa ka moya’? Pele ga motlotlo wa ga Jesu le Nikodemo, Johane Mokolobetsi o ne a bua gore ga se metsi fela a a botlhokwa fa motho a kolobediwa mme moya le one o botlhokwa. O ne a re: “Nna ke ne ka lo kolobetsa ka metsi, mme ene [Jesu] o tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo.” (Mareko 1:7, 8) Mokwadi wa Efangele e bong Mareko o ne a tlhalosa lekgetlo la ntlha le kolobetso e e ntseng jalo e neng ya direga ka lone. O kwala jaana: “Fa malatsi ao a ntse a tsweletse Jesu a tla a tswa kwa Nasaretha wa Galalea mme a kolobediwa ke Johane mo Joredane. Mme ka yone nako eo ya re a tlhatloga a tswa mo metsing a bona magodimo a kgaogana, le moya o fologela mo go ene jaaka lephoi.” (Mareko 1:9, 10) Fa Jesu a ne a kolobediwa mo Joredane, o ne a kolobediwa ka metsi. Fa a ne a amogela moya go tswa kwa legodimong, o ne a kolobediwa ka moya o o boitshepo.
Morago ga dingwaga di ka nna tharo Jesu a sena go kolobediwa, o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe jaana: “Lo tla kolobediwa ka moya o o boitshepo malatsi a se mantsi morago ga seno.” (Ditiro 1:5) Seo se ne sa direga leng?
Ka letsatsi la Pentekosete ya ngwaga wa 33 C.E., barutwa ba ga Jesu ba ka nna 120 ba ne ba phuthegile kwa ntlong nngwe kwa Jerusalema. “Ka tshoganyetso ga utlwala modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang, mme wa tlala ka ntlo yotlhe e ba neng ba ntse mo go yone. Mme ba bona diteme tse e keteng tsa molelo, . . . mme botlhe ba tlala moya o o boitshepo.” (Ditiro 2:1-4) Ka lone letsatsi leo, batho ba bangwe kwa Jerusalema ba ne ba tlhotlhelediwa gore ba kolobediwe mo metsing. Moaposetoloi Petere o ne a raya boidiidi a re: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete gore lo itshwarelwe maleo a lona, mme lo tla amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo.” Ba ne ba dira eng? “Ba ba neng ba amogela lefoko la gagwe ka pelo yotlhe ba kolobediwa, mme mo letsatsing leo go ne ga okediwa ka meya e ka nna dikete di le tharo.”—Ditiro 2:38, 41.
Dikolobetso Tse Pedi
Dikolobetso tseno di senola eng ka go tsalwa sesha? Di bontsha gore go tsalwa sesha go direga fa motho a sena go kolobediwa ka metsi le ka moya. Ela tlhoko gore Jesu o ne a kolobediwa pele mo metsing. Go tswa foo, a amogela moya o o boitshepo. Ka tsela e e tshwanang, barutwa ba bogologolo ba ne ba kolobediwa pele mo metsing (bangwe ke Johane Mokolobetsi) mme go tswa foo ba amogela moya o o boitshepo. (Johane 1:26-36) Ka mo go tshwanang, barutwa ba basha ba le 3 000 ba ne ba kolobediwa pele ka metsi mme go tswa foo ba amogela moya o o boitshepo.
Fa re akanya ka dikolobetso tse di neng tsa direga ka Pentekosete ya 33 C.E., re ka lebelela gore go tsalwa sesha go direge jang gompieno? Ka tsela e e tshwanang le e baaposetoloi ba ga Jesu le barutwa ba pele ba neng ba tsalwa ka yone. Sa ntlha, motho o tshwanetse go ikwatlhaela maleo a gagwe, a tlogele boitsholo jo bo maswe, a neele botshelo jwa gagwe mo go Jehofa le go mo direla mme a bontshe boineelo jwa gagwe phatlalatsa ka go kolobediwa mo metsing. Mme fa Modimo a mo tlhopha gore a buse mo Bogosing jwa Gagwe, motho yoo o tlodiwa ka moya o o boitshepo. Mo dikolobetsong tseno tse pedi motho ke ene a tsayang kgato ya ntlha (go kolobediwa mo metsing); mme ya bobedi (go kolobediwa ka moya) e dirwa ke Modimo. Fa motho a kolobeditswe ka dikolobetso tseno tse pedi, o tsetswe sesha.
Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a tlotla le Nikodemo ke eng fa a ne a dirisa mafoko a a reng motho a “tsalwe ka metsi le moya”? O ne a gatelela gore ba ba kolobediwang ka metsi le ka moya ba diragalelwa ke diphetogo tse dikgolo. Setlhogo se se latelang se tlotla ka karolo eo ya go tsalwa sesha.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Petere a kile a bua jaana ka nako ya kolobetso: “A go na le yo o ka iletsang metsi?”—Ditiro 10:47.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Johane o ne a kolobetsa Baiseraele ba ba ikwatlhayang ka metsi