LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 17
  • Go Ruta Nikodemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ruta Nikodemo
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Ruta Nikodemo Bosigo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ithute Thuto mo go Nikodemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ke Bomang Ba Ba Tsalwang Sesha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 17

Kgaolo 17

Go Ruta Nikodemo

FA A ntse a le mo Tlolaganyong ya 30 C.E., Jesu o dira ditshupo tse di gakgamatsang, kana dikgakgamatso. Ka ntlha ya gone moo, batho le ba bantsi ba dumela mo go ene. Nikodemo, yo o neng a le leloko la Sanehederine, ebong kgotlatshekelo e kgolo ya Bajuda, o a kgatlhega mme o batla go ithuta mo go oketsegileng. Jalo o etela Jesu mo lefifing la bosigo, ka gongwe a boifa gore baeteledipele ba bangwe ba Bajuda ba tla mo tsaya gore ke motho yo o sa siamang fa ba ka mmona.

A re, “Rabi, rea itse ha u le moruti eo o cwañ kwa Modimoñ: ka gonne ga go motho opè eo o ka dihañ dichupō tse u di dihañ, ha Modimo o sena naè.” Fa a araba, Jesu o raya Nikodemo a re motho o tshwanetse a ‘tsalwa sesha’ gore a tle a tsene mo Bogosing jwa Modimo.

Lefa go le jalo motho a ka tsalwa sesha jang? “A o ka ba a tsèna loa bobedi mo sebopeloñ sa ga mmagwè, me a tsalwa?” Nikodemo o a botsa.

Nnyaa, ga se seo go tsalwa sesha go se rayang. “Ha motho a sa tsalwe ke metse le Mōea,” Jesu o a tlhalosa, “ga a kake a tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” Fa Jesu a ne a sena go kolobediwa mme moya o o boitshepo o fologela mo go ene, o ne ka gone a tsalwa “ke metse le Mōea.” Ka polelo eo e neng ya buiwa ka nako eo go tswa legodimong, ‘Yoo ke Morwaake yo ke itumelang thata mo go ene,’ Modimo o ne wa itsise gore o ne a tsetse morwa wa semoya yo o neng a na le tebelelo ya go tsena mo Bogosing jwa legodimo. Moragonyana, ka Pentekosete ya 33 C.E., bakolobediwa ba bangwe ba tla amogela moya o o boitshepo mme ka gone ba tsalwa sesha jaaka bana ba semoya ba Modimo.

Mme seabe sa Morwa wa Modimo yo o kgethegileng yo e leng motho se botlhokwatlhokwa. “Yaka Moshe a kile a tlhatlosa nōga kwa gareganaga,” Jesu o bolelela Nikodemo, “Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa hèla yalo: Gore leha e le mañ eo o dumèlañ [mo go ene] a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” Ee, fela jaaka fa Baiseraele bao ba neng ba longwa ke dinoga tse di bolayang ba ne ba tshwanela go leba noga ya kgotlho gore ba falole, jalo setho sotlhe se tlhoka go bontsha tumelo go Morwa Modimo gore se falole mo boemong jwa go swa.

Fa a ne a otlelela seabe se se lorato sa ga Jehofa mo go seno, Jesu morago o raya Nikodemo a re: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” Ka gone, fano mo Jerusalema dikgwedi tse thataro fela morago ga a sena go simolola bodihedi jwa gagwe, Jesu o go phepafatsa sentle gore ke ene tsela eo Jehofa Modimo a tla bolokang losika lwa motho ka yone.

Jesu o tswelela ka go tlhalosetsa Nikodemo ka go re: “Gonne Modimo ga oa ka oa roma Morwa ōna mo lehatshiñ go sekisa lehatshe,” ke gore, eseng go le atlhola ka mo go sa siamang, kana go le tlhobosa, a atlholela lotso lwa batho gore lo senngwe. Go na le moo, jaaka Jesu a bolela, o ne a rongwa “gore lehatshe le bolokwè ka èna.”

Nikodemo o ne a ile a tla kwa go Jesu go le lefifi ka a ne a boifa. Jalo ke mo go kgatlhisang go bo Jesu a digela motlotlo wa gagwe ka go re: “Me tshekishō ke e, go re, lesedi [leo Jesu a neng a le mothofatsa ka botshelo jwa gagwe le dithuto tsa gagwe] le tsile mo lehatshiñ, me batho ba ratile lehihi bogolo go lesedi; gonne ditihō tsa bōnè di ne di le boshula. Gonne moñwe le moñwe eo o dihañ boshula o ila lesedi, oa ba a sa tle lesediñ, e tle e re kgotsa ditihō tsa gagwè di kgalemèlwe. Me eo o dihañ boamarure, o tla lesediñ, gore ditihō tsa gagwè di senolwè, ha di dihilwe mo Modimoñ.” Yohane 2:23–3:21; Mathaio 3:16, 17; Ditihō 2:1-4; Dipalō 21:9.

▪ Ke eng seo se neng se tlhotlheletsa Nikodemo go eta, mme ke ka ntlha yang fa a ne a tla go le bosigo?

▪ ‘Go tsalwa sesha’ go rayang?

▪ Jesu o ne a tshwantshetsa jang seabe sa gagwe mo polokong ya rona?

▪ Go rayang gore Jesu o ne a sa tla go atlhola lefatshe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela