LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w08 5/15 ts. 30-ts. 32 ser. 16
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Ditiro

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Ditiro
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • PETERE O DIRISA “DILOTLOLO TSA BOGOSI”
  • (Dit. 1:1–11:18)
  • GO TLHOAFALA GA GA PAULO MO BODIREDING
  • (Dit. 11:19–28:31)
  • Buka ya Bibela ya bo 44—Ditihō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Barenabase—“Morwa Kgomotso”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • “Tswelela o Bue O se Ka wa Didimala”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • ‘Ba ne Ba Itumetse e Bile ba Tladiwa ka Moya o o Boitshepo’
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
w08 5/15 ts. 30-ts. 32 ser. 16

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Ditiro

BUKA ya Baebele ya Ditiro e na le pego e e feletseng ya hisitori ya go tlhongwa ga phuthego ya Bokeresete le kafa e neng ya gola ka gone. Buka eno e e kwadilweng ke ngaka Luke e na le pego e e kgatlhang ya tiro ya Bakeresete e e akaretsang dingwaga tse 28—go tloga ka 33 C.E. go ya go 61 C.E.

Karolo e e simololang ya buka ya Ditiro e bua thata ka tiro ya ga moaposetoloi Petere, mme karolo ya bofelo e bua ka tiro ya ga moaposetoloi Paulo. E re ka Luke a dirisa maemedi “re” le “rona,” seo se bontsha gore o ne a le gone fa dilo dingwe di ne di direga. Go sekegela tsebe molaetsa wa buka ya Ditiro go tla oketsa tsela e re anaanelang ka yone maatla a Lefoko la Modimo le le kwadilweng le moya wa gagwe o o boitshepo. (Baheb. 4:12) Gape go tla re tlhotlheletsa gore re itime dilo dingwe e bile go tla nonotsha tumelo ya rona mo tsholofelong ya Bogosi.

PETERE O DIRISA “DILOTLOLO TSA BOGOSI”

(Dit. 1:1–11:18)

Fa baaposetoloi ba sena go amogela moya o o boitshepo, ba rera ka bopelokgale. Petere o dirisa ‘selotlolo sa ntlha sa bogosi jwa magodimo’ go bulela Bajuda le basokologi ba ba neng ba “amogela lefoko la gagwe” kgoro ya gore ba nne le kitso le sebaka sa go tsena mo Bogosing. (Math. 16:19; Dit. 2:5, 41) Fa pogiso e oketsega ka tshoganyetso, barutwa ba a phatlalala, mme seno se dira gore tiro ya go rera e aname.

Fa baaposetoloi ba ba kwa Jerusalema ba utlwa gore Basamarea ba amogetse lefoko la Modimo, ba romela Petere le Johane kwa go bone. Petere o dirisa selotlolo sa bobedi fa a naya Basamarea sebaka sa gore ba tsene mo Bogosing. (Dit. 8:14-17) Mo lobakeng lwa mo e ka nnang ngwaga Jesu a sena go tsosiwa, Saulo wa Tareso o dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. Ka 36 C.E., Petere o dirisa selotlolo sa boraro mme batho ba ba sa rupang ba ditšhaba ba amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo.—Dit. 10:45.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:44-47; 4:34, 35—Ke eng fa badumedi ba ne ba rekisa dilwana tsa bone ba bo ba aba madi a ba a boneng ka go di rekisa? Batho ba bantsi ba e neng ya nna badumedi ba ne ba tswa kwa mafelong a a kgakala mme ba ne ba se na dilo tse di lekaneng tse ba neng ba ka itlamela ka tsone gore ba kgone go nna lobaka lo loleele mo Jerusalema. Le fa go ntse jalo, ba ne ba batla go nna koo ka lobakanyana gore ba tle ba ithute mo gontsi ka tumelo ya bone e ntšha le go rerela ba bangwe. Bakeresete bangwe ba ne ba ba thusa ka go rekisa dilwana tsa bone, mme madi a ba a bonang a ne a abelwa ba ba tlhokang.

4:13—A Petere le Johane ba ne ba sa itse go bala le go kwala kgotsa ba sa rutega? Nnyaa, ga go a nna jalo. Go ne go twe ke “banna ba ba sa rutegang e bile e le batho fela” ka gonne ba ne ba sa tsena dikolo tsa bodumedi tsa boruti.

5:34-39—Luke o ne a ka itse jang se se neng sa buiwa ke Gamaliele mo pokanong ya Sanehederine e go neng go sa tsene batho botlhe mo go yone? Go na le dilo di ka nna tharo tse di ka tswang di diragetse: (1) Luke a ka tswa a se boleletswe ke Paulo, yo e neng e kile ya nna moithuti wa ga Gamaliele; (2) Luke a ka tswa a boditse leloko lengwe le le kutlwelobotlhoko la Sanehederine, le le jaaka Nikodemo; (3) Modimo a ka tswa a senoletse Luke tshedimosetso eno.

7:59—A Setefane o ne a rapela Jesu? Nnyaa, ga go a nna jalo. Motho o tshwanetse go obamela le go rapela Jehofa Modimo fela. (Luke 4:8; 6:12) Ka tlwaelo, Setefane o ka bo a ile a rapela Jehofa mo leineng la ga Jesu. (Joh. 15:16) Mme mo lekgetlhong leno Setefane o ne a bona ponatshegelo ya “Morwa motho a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.” (Dit. 7:56) E re ka Setefane a ne a itse sentle gore Jesu o neilwe maatla a go tsosa baswi, o ne a bua ka tlhamalalo le Jesu gore a boloke moya wa gagwe, mme o ne a sa mo rapele.—Joh. 5:27-29.

Se re Ithutang Sone:

1:8. Tiro ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ke baobamedi ba ga Jehofa ga e ka ke ya dirwa ntle le thuso ya moya o o boitshepo.

4:36–5:11. Sefane sa ga Josefa wa Kupero e ne e le Barenabase, ke gore “Morwa Kgomotso.” Baaposetoloi ba ka tswa ba ne ba mo naya sefane sa Barenabase ka gonne o ne a atamelesega, a le pelonomi e bile a thusa ba bangwe. Re tshwanetse go tshwana le ene mme e seng le Ananiase le Safira ba ba neng ba le boitimokanyo le boferefere.

9:23-25. Fa re tila baba ba rona gore re tswelele re rera seo ga se bogatlapa.

9:28-30. Fa go rera mo mafelong mangwe kgotsa go rerela batho bangwe go nna kotsi mo go rona mo mmeleng, mo boitsholong kana mo semoyeng, re tshwanetse go nna kelotlhoko mme re tlhophe gore re tla rera kae le gore re tla rera leng.

9:31. Ka dinako tsa fa go le kagiso, re tshwanetse go leka ka natla gore re nonotshe tumelo ya rona ka go ithuta le ka go tlhatlhanya. Seno se tla re thusa gore re boife Jehofa ka go dirisa se re ithutang sone le ka go tlhagafala mo bodireding.

GO TLHOAFALA GA GA PAULO MO BODIREDING

(Dit. 11:19–28:31)

Ka 44 C.E., Agabuse o tla mo Antioka, mo Barenabase le Saulo ba ntseng ba rera teng “ngwaga otlhe.” Agabuse o bolelela pele ka “leuba le legolo,” mme mafoko a gagwe a diragala dingwaga tse pedi moragonyana. (Dit. 11:26-28) Fa Barenabase le Saulo “ba sena go dira thuso ya go namola ka botlalo kwa Jerusalema,” ba boela Antioka. (Dit. 12:25) Ka 47 C.E.—mo e ka nnang dingwaga di le 12 Saulo a sena go sokologa—moya o o boitshepo o romela Barenabase le Saulo mo loetong lwa borongwa. (Dit. 13:1-4) Ka 48 C.E., ba boela kwa Antioka, “koo ba neng ba neetswe mo bopelonoming jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo gone.”—Dit. 14:26.

Dikgwedi di ka nna robongwe moragonyana, Paulo (yo gape a bidiwang Saulo) o tlhopha Silase gore a tsamaye le ene mme o simolola loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa. (Dit. 15:40) Fa Paulo a ntse a le mo tseleng, Timotheo le Luke le bone ba tsamaya le ene. Luke o sala mo Filipi fa Paulo ene a ya kwa Athena go tswa foo a bo a ya kwa Korintha, kwa a kopanang le Akhwila le Peresila gone a bo a nna koo ngwaga le dikgwedi di le thataro. (Dit. 18:11) Mo masimologong a 52 C.E., Paulo o tlogela Timotheo le Silase mo Korintha a bo a tsamaya ka mokoro go ya kwa Siria, a na le Akhwila le Peresila. (Dit. 18:18) Akhwila le Peresila ba ne ba tsamaya le ene go fitlha kwa Efeso, mme ba nna teng.

Fa Paulo a sena go nna lobakanyana mo Antioka wa Siria, o simolola loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa ka 52 C.E. (Dit. 18:23) ‘Lefoko la ga Jehofa le nna le gola e bile le fenya’ mo Efeso. (Dit. 19:20) Paulo o nna dingwaga di ka nna tharo koo. (Dit. 20:31) Ka Pentekosete ya 56 C.E., Paulo o mo Jerusalema. Fa a sena go tshwarwa, o rerela balaodi ka bopelokgale. Fa moaposetoloi a le kwa Roma, o tswalelwa mo ntlong a disitswe ka dingwaga tse pedi (mo e ka nnang ka 59-61 C.E.), mme fa a ntse a le koo o bona ditsela tsa go rera ka Bogosi le go ruta batho “dilo tse di leng kaga Morena Jesu Keresete.”—Dit. 28:30, 31.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

14:8-13—Ke eng fa batho ba kwa Lisetera ba ne ba bitsa “Barenabase Seuse, mme Paulo Heremese”? Seuse e ne e le mmusi wa medimo ya ditlhamane tsa Segerika, mme morwawe e bong Heremese o ne a itsege ka go bua ka botswerere. E re ka Paulo e ne e le ene a buang thata, batho ba Lisetera ba ne ba mmitsa Heremese mme ba bitsa Barenabase ba re Seuse.

16:6, 7—Ke eng fa moya o o boitshepo o ne wa itsa Paulo le balekane ba gagwe go rera mo kgaolong ya Asia le ya Bithinia? Go ne go na le bareri ba le mmalwa fela. Ka gone, moya o o boitshepo o ne wa ba isa kwa masimong a a nang le matswela a magolwanyane.

18:12-17—Ke ka ntlha yang fa Molaodi wa Kgaolo ya Puso e bong Galio a se kile a tsereganya fa batho ba simolola go itaya Sosethenese? Gongwe Galio o ne a akanya gore monna yono yo go neng go lebega a eteletse pele segopa se se neng se le kgatlhanong le Paulo o ne a tshwanelwa ke go itewa jalo. Le fa go ntse jalo, go lebega tiragalo eno e nnile le matswela a a molemo ka gonne e ne ya felela ka gore Sosethenese a sokologele mo Bokereseteng. Moragonyana, Paulo o bua ka Sosethenese a mmitsa “mokaulengwe wa rona.”—1 Bakor. 1:1.

18:18—Paulo o ne a dira ikano efe? Baithuti bangwe ba re Paulo o ne a dirile ikano ya go nna Monasirite. (Dipa. 6:1-21) Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bue gore ikano ya ga Paulo e ne e le ya eng. Mo godimo ga moo, Dikwalo ga di supe gore a Paulo o ne a dirile ikano eo pele kana morago ga gore a sokologe kgotsa gore a o ne a simolola kana a wetsa ikano eo. Le fa maemo e ka tswa e ne e le afe, go dira ikano eo go ne go se phoso.

Se re Ithutang Sone:

12:5-11. Re ka rapelela bakaulengwe ba rona e bile re tshwanetse go dira jalo.

12:21-23; 14:14-18. Herode o ne a itlhaganelela go amogela kgalalelo e e tshwanetseng ya newa Modimo fela. A bo seo se ne se farologane jang ne le tsela e Paulo le Barenabase ba neng ba gana ka bonako ka yone e bile ba sa batle go ineela, fa ba newa pako le tlotlo e e sa ba tshwanelang! Ga re a tshwanela go batla go galalediwa ka ntlha ya dilo dipe fela tse re ka di dirang mo tirelong ya ga Jehofa.

14:5-7. Go nna kelotlhoko go tla re thusa gore re nne re tshwaregile mo bodireding.—Math. 10:23.

14:22. Bakeresete ba lebeletse gore ba tla bogisiwa. Ga ba leke go tila pogiso ka go latlha tumelo ya bone.—2 Tim. 3:12.

16:1, 2. Basha ba Bakeresete ba tshwanetse go dira ka natla mo ditirong tsa semoya mme ba kope thuso ya ga Jehofa gore ba itirele leina le le molemo.

16:3. Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go dumalana le melaometheo ya Dikwalo gore batho ba bangwe ba amogele dikgang tse di molemo.—1 Bakor. 9:19-23.

20:20, 21. Go rera ka ntlo le ntlo ke karolo e e botlhokwa ya bodiredi jwa rona.

20:24; 21:13. Go nna re ikanyega mo Modimong go botlhokwa thata go feta go boloka matshelo a rona.

21:21-26. Re tshwanetse go iketleeletsa go amogela kgakololo e e molemo.

25:8-12. Gompieno Bakeresete ba ka kgona e bile ba tshwanetse go dirisa dithulaganyo tse di leng teng tsa molao “mo go sireletseng le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao.”—Bafil. 1:7.

26:24, 25. Re tshwanetse go bolela “mafoko a boammaaruri le a mogopolo o o itekanetseng” le fa “motho wa senama” a a tsaya e le boeleele.—1 Bakor. 2:14.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Petere o ne a dirisa leng “dilotlolo tsa bogosi”?

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe e ne e ka se dirwe ntle le thuso ya moya o o boitshepo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela