Go Bontsha Lorato le Tlotlo Jaaka Monna yo o Nyetseng
“A moñwe le moñwe oa lona a rate mosadi oa gagwe Ma yaka a ithata.”—BAEFESIA 5:33.
1, 2. (a) Ke go ya bokgakaleng bofe tlhalo e leng bothata mo lefatsheng gompieno? (b) Phapaanong le seo, ke boemo bofe jo bongwe jo bo leng gone?
MO BOGARENG jwa bo-1980, Psychology Today a ne ya bega jaana: “Banyalani ba ba ka fetang milione ngwaga le ngwaga [mo U.S.A.] jaanong ba fedisa ditebelelo tsa bone tsa go itumela ka botlalo ka tlhalo; palogare ya boleele jwa nako ya lenyalo kwa United States ke dingwaga tse 9,4 . . . Eleruri, go lebega gore ka dinako dingwe ga go ope yo a itumetseng mo lenyalong.” (June 1985) Fa re akanyetsa bagolo gammogo le bana, se se raya gore ke batho ba ka nna 3 000 000 ka ngwaga bao ba amiwang ke manyalo a a thubegang mo nageng a le nngwe fela. Mme tlhalo ke bothata jwa lefatshe lotlhe, seo se bontshang gore lorato le tlotlo ga di yo mo dimilioneng tsa manyalo.
2 Mo letlhakoreng le lengwe, go na le “setlhopha sengwe [seo] se nang le go tlhokomologiwa: banyalani bao ka tsela nngwe ba kgonang go nna mmogo bao, ba sa letleleleng sepe fa a se loso fela go ba kgaoganya.” (Psychology Today) Ka jalo, gape go na le dimilione tsa banyalani bao ba dirang ka thata go boloka manyalo a bone a kitlanye.
3. Ke dipotso dife tse re ka di ipotsang?
3 Lenyalo la gago le ntse jang? A go na le maikutlo a a bothito a lorato le tlotlo fa gare ga monna le mosadi? A go na le lorato to to ntseng jalo fa gare ga batsadi le bana mo lelapeng la gago? Kana a ka dinako dingwe to iphitlhela to le mo seemong se se kotsi le se se tlhakatlhakaneng sa go ngalelana le go sa ikanyane? Ereka go se ope wa rona yo o itekanetseng, maemo a a bokete a ka nna a tsoga mo legaeng lepe fela, le eleng leo mo go lone botlhe ba lekang go nna Bakeresete, ka gonne “botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.”—Baroma 3:23.
4. Paulo le Petere ba bontsha fang gore ke mang yo o nang le seabe se segolo mo lelapeng le le itumetseng?
4 Mo ponong ya lebaka la gore mathata a ka nna a tsoga mo legaeng lepe fela, ke mang yo o nang le seabe se segolo sa go boloka lelapa le na le kagiso le kutlwano? Moaposetoloi Paulo gammogo le Petere ba re naya karabo mo kgakololong ya bone e e tlhamaletseng e e fitlhelwang mo makwalong a bone. Paulo o ne a kwala jaana: “Ke rata gore to itse ha tlhōgō ea monna moñwe le moñwe e le Keresete; le tlhōgō ya mosadi ke monna; le tlhōgō ya ga Keresete ke Modimo.” O ne a bua gape jaana: “Lo ineèlanè mo poihoñ ea ga Keresete. Basadi ba to neecweñ lo ineeleñ mo banneñ ba e leñ ba lona, yaka e ka bo e le mo go Morèna. Gonne monna ke tlhōgō ya mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthegō.” (1 Bakorintha 11:3; Baefesia 5:21-23) Petere o ne a kwala jaana ka tsela e e tshwanang: “Hèla yalo [lo latela sekao sa ga Keresete], le lona basadi ba lo neecweñ, lo nnè kutlō mo banneñ ba lona.”—1 Petere 2:21-3:1.
Keresete—Sekao se se Lapolosang
5, 6. Jesu Keresete o baya sekao se se ntseng fang mo go diriseng botlhogo?
5 Tumalanong le kgakololo e e sa tswang go umakiwa, monna ke tlhogo ya lelapa go ya ka Dikwalo. Mme ke tlhogo ka tlhaloganyo efe? Botlhogo bo tshwanetse go diragadiwa fang? Banna ba bangwe ba ka fitlhela go le motlhofo go batla tlotlo ka go gatelela gore ke ‘tlhogo ya lelapa, le Bibela a bolela jalo.’ Mme a seo se tshwana le sekao sa ga Keresete? A Keresete o ne ka boikgogomoso a batla gore balatedi ba gagwe ba mo tlotle? A go na le koo re ka fitlhelang gore ka nako nngwe o ne a bua jaana ka boikgogomoso: “Ke mang Morwa Modimo fano? Lo tshwanetse go ntlotla!” Phapaanong le seo, Jesu o ne a dira sengwe gore a tlotliwe. Jang? Ka sekao sa gagwe se se molemo mo boitsholong, mo puong, le kafa a neng a tshwara ba bangwe ka kutlwelo botlhoko ka gone.—Mareko 6:30-34.
6 Jalo tsela fela e e molemo ya go diragatsa botlhogo sentle jaaka monna yo o nyetseng le rre ke go latela sekao sa ga Jesu Keresete. Lemororo Jesu a ne a sa nyala, tsela eo a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone ke sekao mo banneng ba ba nyetseng. Mme seo eleruri se tlhagisa kgwetlho mo monneng mongwe le mongwe yo o nyetseng, ka Keresete a le sekao se se itekanetseng. (Bahebera 4:15; 12:1-3) Lefa go ntse jalo, fa monna yo o nyetseng a ntse a tokafala mo go lateleng sekao sa ga Keresete, o tla bontshiwa lorato le tlotlo tse di boteng. Ka jalo, a re boneng ka mo go oketsegileng gore Jesu a ne a le motho wa mofuta ofe.—Baefesia 5:25-29; 1 Petere 2:21, 22.
7. Ke eng seo Jesu a neng a batla go se neela balatedi ba gagwe, mme se ne se tswa motsweding ofe?
7 Nako nngwe, Jesu o ne a raya boidiidi jwa batho a re: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.” Jaanong, ke eng seo Jesu a neng a batla go se neela bareetsi ba gagwe? Tapologo ya semoya! Mme tapologo eo a ne a tla tswa mo motsweding ofe? O ne a sa tswa go re: “Le gōna ga go opè eo o itseñ Rara, ha e se Morwa, le moñwe le moñwe eo Morwa a ratañ go mo mo senolèla.” Seno se ne se bontsha gore Jesu o ne a tla naya balatedi ba gagwe ba boammaaruri tapologo ya semoya ka go ba senolela kaga Rraagwe. Mme dikakgelo tsa ga Jesu di ne di bontsha gape gore tapologo a ne a tla bonwa gape ka go tsalana le ene, ereka a ne a le “bonōlō le boiñōtlō mo peduñ.”—Mathaio 11:25-30.
Ka moo Lo ka Nnang Banna le Borre Ba ba Lapolosang ka Gone
8. Monna yo o nyetseng le rre o tshwanetse go nna yo o lapolosang ka ditsela dife?
8 Mafoko a ga Jesu a re thusa go lemoga gore monna yo o nyetseng wa Mokeresete o tshwanetse go nna yo o lapolosang mo semoyeng le ka ditsela tsa gagwe tsa botho mo go balelapa la gagwe. O tshwanetse go bo a thusa balelapa la gagwe go itse Rraabone wa selegodimo botoka, ka sekao sa gagwe se se bonolo le ka go ruta. Boitsholo jwa gagwe bo tshwanetse go bontsha gore o akanya le go dira jaaka Morwa Modimo. (Yohane 15:8-10; 1 Bakorintha 2:16) Botlhe ba lelapa la gagwe ba lapolosiwa ke go tsalana le monna yo o ntseng jalo ka go bo a le monna, rre, le tsala e e lorato. O tshwanetse go nna bonolo go atamelwa mme le ka motlha a sa tshwarega fa go tshwanetswe ga buisanngwa nae. Eleruri, o tshwanetse a itse go reetsa, eseng go utlwa fela.—Yakobe 1:19.
9. Ke bothata bofe joo fa gongwe bo amang bagolwane mo phuthegong?
9 Seno se re gakolola bothata joo gantsi bo amang bagolwane ba phuthego le malapa a bone. Gantsi mogolwane o tshwarega mo go tlhokomeleng ditlhokafalo tsa semoya tsa phuthego. O tshwanetse go baya sekao se se molemo mabapi le dipokano tsa Bokeresete, bodihedi, le tiro ya bodisa. (Bahebera 13:7, 17) Lefa go ntse jalo, bagolwane ba bangwe, ba ile ka boammaaruri ba dirisa nonofo yotlhe ya bone mo phuthegong. Ka nako eo ba ile ba tlhokomologa bamalapa a bone, mme ka dinako tse dingwe matswela a ile a nna a a utlwisang botlhoko. Mo kgannyeng nngwe mogolwane mongwe o ne a tshwaregile thata mo a neng a sa kgone go ithuta le morwawe. O ne a rulaganyetsa gore mongwe a dire seo!
10. Bagolwane ba ka lekalekanya go dirisa ga bone botlhogo mo phuthegong le kwa gae jang?
10 Sekai seno se otlelela eng? Gore monna o tlhoka go tshegetsa tekatekano fa gare ga ditiro tsa phuthego le tse di malebana le mosadi wa gagwe le lelapa. Ka sekai, bagolwane gantsi ba tshwarega ka mathata le dipuisano morago ga dipokano. Fa go kgonega ebile go ka direga, a e tla bo a se mo go lapolosang gore mogolwane yoo a baakanyetse gore mongwe a ise mosadi wa gagwe le bana kwa gae, go na le gore ba lete ka dioura tse dintsi mo Holong ya Bogosi? Tumalanong le ditlhokafalo tsa Bibela, go ka nna ga bolelwa gore ‘bodisa bo simolola kwa gae.’ Fa mogolwane a tlhokomologa lelapa la gagwe, a ka nna a baya maemo a gagwe mo kotsing. Ka gone, bagolwane, nnang kakanyetso mme to akanyetse maikutlo, bomoya, le ditlhokafalo tse dingwe tsa malapa a lona.—1 Timotheo 3:4, 5; Tito 1:5, 6.
11, 12. Monna wa Mokeresete a ka bona tshegetso ya balelapa la gagwe jang, mme ke dipotso dife tseo monna mongwe le mongwe yo o nyetseng a ka nnang a di ipotsa?
11 Monna yo o nyetseng yo o lapolosang wa Mokeresete ga a kake a nna modipa kana mogateledi, a dira ditshwetso a le esi kwantle ga go kopana le balelapa la gagwe. Gongwe go tshwanetse ga dirwa tshwetso nngwe mabapi le go fetola tiro kana legae la bone kana le eleng sengwe se se leng motlhofo fela jaaka boitlosobodutu jwa lelapa. Ereka maloko otlhe a lelapa a tla amega, a go tla bo go se botlhale ebile go le molemo go akanyetsa go buisana le bone botlhe? Dipono tsa bone di ka mo thusa go fitlhelela tshwetso e e botlhale, le e e akanyetsang. He go tla nna bonolo gore lelapa lotlhe le mo tshegetse.—Bapisa Diane 15:22.
12 Go tswa mo go se se fa godimo, go bonala sentle gore monna yo o nyetseng le rre wa Mokeresete ga a kake a nna motho fela yo o otlhayang mo gae. Gape o tshwanetse go nna yo o lapolosang. Banna ba ba nyetseng le borre, a to tshwana le Keresete? A to a lapolosa mo go bamalapa a lona?-Baefesia 6:4; Bakolosa 3:21.
Go Tshedisana ka Kitso
13. Petere o naya banna ba ba nyetseng kgakololo efe e e molemo?
13 Jaaka re setse re etsetlhoko, Petere gammogo le Paulo ba naya banyalani kgakololo e e molemo. Jaaka monna yo o nyetseng, Petere o ne a na le mabaka a mabedi a a neng a mo kgonisa go naya kgakolo—boitemogelo le kaelo ya moya o o boitshepo. (Mathaio 8:14) O ne a lebisa kgakololo e e tlhamaletseng go banna botlhe ba ba nyetseng, a bua jaana: “Hèla yalo le lona banna ba lo nyetseñ, lo agè le basadi ba lona kaha kicoñ, ka go naea mosadi tlotlō, yaka e le seyana se se señ thata.” Thanolelo e e tlhalositsweng sesha ya ga J. W. C. Wand e balega jaana: “Ka tsela e e tshwanang banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go dirisa melao-metheo ya Bokeresete ka botlhale mo kamanong ya bone le basadi ba bone.”—1 Petere 3:7.
14. Ke dipotso dife tse di tsogang jaanong?
14 Jaanong, go raya eng go tshedisana le mosadi go ya “kaha kicoñ” kana “go dirisa melao-metheo ya Bokeresete ka botlhale”? Monna yo o nyetseng a ka naya mosadi wa gagwe tlotlo jang? Eleruri, monna yo o nyetseng wa Mokeresete o tshwanetse go tlhaloganya kgakololo ya ga Petere jang?
15. (a) Ke ka ntlhayang fa manyalo mangwe a senyega? (b) Ke eng seo a leng kgwetlho ya mmatota mo lenyalong?
15 Manyalo a mantsi a thailwe fela mo dilong tsa senama le mo kgogeding ya tlhakanelo-dikobo. Lefa go le jalo, ga go kake ga tlhomamisiwa gore lenyalo le ka tshwarelela fela ka baka la ditebego tse dintle ka go bo, ga di nne lobaka to loleele. Moriri o mosweu le matsutsuba kgabagare di a bonala mo go bao ba setseng ba na le dingwaga tse dintsi ba nyalane. Mme gakologelwa gore lenyalo le kopanya dikakanyo, botho, kgodiso, le dilo tse dintsi tsa botlhokwa tsa semoya, le dipuo tsa batho ba babedi. Seno se lere kgwetlho eleruri! Lefa go le jalo, go nna le lenyalo le le itumetseng go tlhoka gore seno se tlhaloganngwe.—Diane 17:1; 21:9.
16. ‘Go tshedisana le ene kafa kitsong’ go kopanyeletsa eng?
16 Gareng ga dilo tse dingwe, gore monna wa Mokeresete a tshedisane le mosadi wa gagwe “kaha kicoñ” go raya gore a bo a tlhaloganya ditlhokafalo tsa gagwe tota. Tseno ga se ditlhokafalo tsa gagwe tsa nama fela mme, sa botlhokwatlhokwa, ditlhokafalo tsa gagwe tsa boikutlo, kakanyo le tsa semoya. Fa a ‘tshedisana le ene go ya kafa kitsong,’ o tla tlhaloganya seabe sa gagwe seo a se abetsweng ke Modimo. Go tla raya gape gore o tla tlotla seriti sa gagwe jaaka mosadi. Seno se farologana gotlhelele le pono ya Ba-Gnostic ba motlha wa ga Petere, bao gareng ga bone, “basadi ba ba neng ba sotliwa jaaka batho ba ba kwa tlase, ba seka-diphologolo, le ba ba seng phepa.” (The Anchor Bible) Thanolelo nngwe ya segompieno ya Sepanishe a ranola mafoko ao a ga Petere jaana: “Mabapi le banna ba ba nyetseng: nnang ditswerere mo botshelong jwa lona jwa lenyalo, to bontshe go akanyetsa mosadi, ka go bo a le wa popego e e bokoa.” (Nueva Biblia Española) Seno se tlhomolola ntlha e e molemo eo banna gantsi ba a lebalang.
17. (a) Gareng ga mabaka a mangwe, go kopanyelediwa eng mo “popegong e e bokoa” ya ‘sejana se se bokoa’? (b) Ke tsela efe a le nngwe eo monna yo o nyetseng a ka bontshang gore o tlotla seriti sa mosadi wa gagwe ka yone?
17 Ke ka ntlhayang fa mosadi “e le wa popego e e bokoa”? Gareng ga dilo tse dingwe, ke ka ntlha ya neo ya gagwe ya go tshola bana. Botshelo jwa gagwe jwa go tshola bana bo na le medikologo mengwe ya kgwedi le kgwedi eo e tsayang nako ya malatsi a le mmalwa ao mo go one a ka nnang a ikutlwa a sa kgone go dira kafa a kgonang ka gone kana a gateletswe. Fa monna a sa kgone go ela seno tlhoko mme a batla dilo dingwe mo mosading wa gagwe letsatsi lengwe le lengwe la kgwedi ka go tshwana, o tla palelwa ke go mo tlotla. Ka tsela eo o tla bo a bontsha gore o tshedisana le ene ka mokgwa wa go tlhoka kitso ka bogagapa eseng ka kitso.—Lefitiko 18:19; 1 Bakorintha 7:5.
Go Naya Sejana se se Bokoa Tlotlo
18. (a) Ke mokgwa ofe o o phoso oo banna ba bangwe ba ka nnang le one? (b) Monna yo o nyetseng wa Mokeresete o tshwanetse go itshwara fang?
18 Tsela a nngwe eo monna yo o nyetseng a ka bontshang mosadi wa gagwe lorato le tlotlo ka yone ke ka go bontsha le go supa gore o mo anaanela gammogo le dinonofo tsa gagwe. Monna yo o nyetseng o ka nna le mokgwa wa go bua dilo tse di nyenyefatsang mosadi wa gagwe kana a dira metlae ka ene. Gongwe monna wa go nna jalo yo o nyetseng o akanya gore seno se thusa gore a ratwe ke batho. Lefa go ntse jalo, tota, matswela a nna a a farologaneng, ka go bo fa ka metlha a dira gore mosadi wa gagwe a lebege jaaka seeleele, go tsoga potso eno e e papametseng: Ke ka ntlhayang fa a nyetse mosadi yo o seeleele jalo? Eleruri, go lebega gore ke monna yo o sa sireletsegang fela yo o ka dirisang mekgwa eo. Monna yo o lorato o tlotla mosadi wa gagwe.—Diane 12:18; 1 Bakorintha 13:4-8.
19. Ke ka ntlhayang fa go tla bo go sa tshwanela gore monna yo o nyetseng a nyenyefatse mosadi wa gagwe?
19 Mo dinageng dingwe, banna ba na le mokgwa wa go nyenyefatsa basadi ba bone jaaka mokgwa o eketeng ke wa go ikokobetsa. Ka sekai, monna yo o nyetseng wa Mojapane o itsise mosadi wa gagwe ka lefoko “Gusai,” leo le rayang ‘mosadi wa seeleele kana wa lesilo.’ Boikaelelo jwa seno ke gore motho yo mongwe a lekalekanye seemo seno ka go akgola mosadi yoo ka sengwe. Fa monna yo o nyetseng wa Mokeresete a dira sengwe se se tshwanang le seno, a ruri o naya mosadi wa gagwe ‘tlotlo’ jaaka Petere a ne a gakolola? Fa re leba dilo ka tsela a nngwe, a eleruri o bua boammaaruri le moagelani wa gagwe? A tota o dumela gore mosadi wa gagwe ke lesilo?—Baefesia 4:15, 25; 5:28, 29.
20. (a) Ke boemo bofe jo bo farologaneng joo bo ka nnang gone fa gare ga monna yo o nyetseng le mosadi wa gagwe? (b) Bo ka tilwa jang?
20 Ka dinako tse dingwe monna o tlhoka go bontsha lorato le tlotlo fela ka go lebala gore mosadi wa gagwe gape ke kgaitsadie wa Mokeresete, eseng fela kwa Holong ya Bogosi mme le eleng kwa gae le ka dinako tsotlhe. Abo go le motlhofo jang ne gore motho a nne bopelotlhomogi le bonolo fa a le kwa holong mme a nne makgwakgwa le go bua ka go tlhoka maitseo kwa gae! Jalo abo kgakololo eno ya ga Paulo a tshwanela jang ne! O ne a kwala jaana: “A re lateleñ dilō tse di dihanañ le kagishō, le dilō tse re ka agelelanañ ka cōna.” “A moñwe le moñwe oa rona a kgatlhè moñwe ka èna kaga se se molemō, go mo agèlèla.” (Baroma 14:19; 15:2) Ga go na moagelani ope yo o gaufi go gaisa monna wa motho kana mosadi wa motho.
21. Ke eng seo banna ba ba nyetseng ba ka se dirang go kgothatsa basadi ba bone?
21 Ka gone, monna yo o nyetseng yo o lorato wa Mokeresete o tla bontsha gore o anaanela mosadi wa gagwe ka mafoko le ka ditiro. Ke fela jaaka mmoki mongwe yo o sa itsiweng a ne a bua jaana:
“Matshwenyego a lenyalo
Lefa go na le tiro le kgwebo
Fa o rata mosadi wa gago wa moratwa—
Mo itsese! . . .
O moratiwa wa gagwe a le esi;
Ebu o itse sentle gore ke wa gago fela;
Se lete go go kwala mo letlapeng—
Mo itsese!”
Mafoko ano a a tlhalosang boikutlo a tshegediwa ka phepafalo ke mmaagwe Kgosi Lemuele wa bogologolo. Ka bokhutshwane, o ne a tlhalosa mosadi yo o molemo ka mafoko ano: “Bana ba gagwè ba nanoge, me ba mmitse mosegōhadiwa; monna oa gagwè, le èna a mmake, a re: Bana bantsi ba basetsana ba dihile sentlè, me wèna u ba gaisitse botlhe hèla.” (Diane 31:1, 28, 29) Banna ba to nyetseng, a to galaletsa basadi ba lona ka metlha, kana a seo a ne a le sa fela fa to ne to simolola go ratana?
22, 23. Lenyalo le le atlegileng le thailwe mo go eng?
22 Go tswa mo tshekatshekong eno a khutshwane, go phepafetse gore go re monna yo o nyetseng a bontshe lorato le tlotlo, ga go a lekana gore a tlise madi fela mo lapeng. Lenyalo le le atlegileng ke leo le thailweng mo kamanong e e lorato, ya boikanyegi, le ya kakanyetso. (1 Petere 3:8, 9) Fa dingwaga di ntse di feta, kamano eno a tshwanetse go nonofa jaaka monna le mosadi ba anaanela mekgwa e e molemo le dinonofo tsa yo mongwe mme ba ithuta go itlhokomolosa le go itshwarelelana makoa.—Baefesia 4:32; Bakolosa 3:12-14.
23 Fa monna a etelela pele mo go bontsheng lorato le tlotlo, lelapa lotlhe le tla segofala. Mme seabe sa mosadi wa Mokeresete ke sefe mo lelapeng le le itumetseng? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eo le tse dingwe tse di tshwanang nayo.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke mang yo o nang le seabe se segolo mo lenyalong le le itumetseng, mme ka ntlhayang?
◻ Banna ba ba nyetseng ba ka dirisa sekao se se lapolosang sa ga Keresete jang?
◻ Go tlhokega tekatekano efe gareng ga maikarabelo a phuthego le a lelapa?
◻ Monna a ka ‘tshedisana le mosadi wa gagwe kafa kitsong’ fang?
◻ Go raya eng go ‘naya mosadi wa gago tlotlo jaaka sejana se se bokoa’?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Mogolwane yo o tekatekanyo o itse gore bodisa bo simolola kwa gae