Letsatsi Le Le Tshwanetseng go Gakologelwa
“Dilō tse ke di buile le lona, gore lo nnè le kagishō mo go nna. Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsègañ; ke hentse lehatshe.”—YOHANE 16:33.
1, 2. Ke letsatsi lefe mo hisitoring le le tlhomologileng mo go a mangwe otlhe, mme ka ntlha yang?
GOMPIENO mo lefatsheng go buiwa dilo tse dintsi kaga kagiso. Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e fela, kagiso e ne e amanngwa le Letsatsi la V-E le Letsatsi la V-J.a Ngwaga nngwe le nngwe, Keresemose e dira gore batho ba akanye kaga ‘kagiso mo lefatsheng.’ (Luke 2:14) Mme lefa go ntse jalo go na le letsatsi le le lengwe fela mo hisitoring yotlhe ya motho leo le tlhomologileng mo go a mangwe otlhe. Ke letsatsi le ka lone Jesu Keresete a neng a bolela mafoko a a tsopotsweng fa godimo. Mo gare ga malatsi a a dimilione tse pedi le go feta ao motho a nnileng mo lefatsheng ka one, ke lone fela letsatsi leo le neng la fetola ditiragalo tsa motho gotlhelele gore a solegelwe molemo ka bosakhutleng.
2 Letsatsi leo la botlhokwa e ne e le Nisane 14 mo khalendareng ya Sejuda. Ka ngwaga wa 33 wa Motlha wa rona O O Tlwaelegileng, Nisane 14 e ne ya simolola fa letsatsi le phirima ka April 1. A re tlhatlhobeng ditiragalo tsa letsatsi leo la botlhokwatlhokwa.
Nisane 14!
3. Jesu o ne a dirisa diura tseno tsa bofelo jang?
3 Fa go ntse go fifala, ngwedi o montle o o tletseng o simolola go phatsima go lebega ekete o phatsimela go re gakolola gore Jehofa ke ene a tlhomang metlha le dipaka. (Ditihō 1:7) Mme go diragala eng mo ntlwaneng ele e e kwa godimo eo Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 ba kopanetseng mo go yone go keteka Tlolaganyo ya Bajuda ya ngwaga le ngwaga? Jaaka fa Jesu a ipaakanyetsa ‘go tswa mo lefatsheng le go ya kwa go Rara, o bontsha gore o rata ba e leng ba gagwe go ya bokhutlong.’ (Yohane 13:1) O dira seno jang? Jesu o tswelela pele a naya balatedi ba gagwe kitso ya go nna le dinonofo tseo di tla ba thusang go fenya lefatshe a dira jalo ka go bua le bone le ka sekao sa gagwe.
Go Apara Boikokobetso le Lorato
4. (a) Jesu o ne a bontsha barutwa ba gagwe jang gore nonofo ya botlhokwa ke efe? (b) Re itse jang gore Petere o ne a ithuta kafa go leng botlhokwa ka gone go nna boikokobetso?
4 Baaposetoloi ba santse ba tla tshwanelwa ke go latlha lefufa la go ipatlela maemo le boikgodiso. Ka jalo Jesu o ikgatlha ka sephimolo a bo a ba tlhapisa dinao. Seno ga se boikokobetso jo e seng jwa mmatota, jo bo dirwang ke mopapa wa Labokeresete kwa Roma ngwaga le ngwaga. Nnyaa, le eseng! Boikokobetso jwa boammaaruri ke fa motho a ithaopa ka ntlha ya ‘boikokobetso jwa pelo joo bo lebang ba bangwe ba le bagolo.’ (Bafilipi 2:2-5) La ntlha, Petere ga a tlhaloganye, a bo a gana gore Jesu a mo tlhapise dinao. Fa a sena go gakololwa, o kopa Jesu gore a mo tlhapise mmele otlhe. (Yohane 13:1-10) Lefa go ntse jalo, Petere o tshwanetse a bo a ne a ithuta sengwe. Dingwaga morago ga foo, re mmona a gakolola ba bangwe sentle. (1 Petere 3:8, 9; 5:5) Abo go le botlhokwa jang ne gompieno gore rotlhe re direle Keresete ka boikokobetso!—Bona gape le Diane 22:4; Mathaio 23:8-12.
5. Ke taolo efe ya ga Jesu eo e neng ya bontsha nonofo e nngwe ya botlhokwa?
5 Mongwe wa ba ba 12 ga a solegelwe molemo ke kgakololo ya ga Jesu. Yono ke Judase Isekariota. Fa ba ntse ba ja Tlolaganyo, Jesu o simolola go tshwenyega mo moyeng, a bolela gore Judase o tlile go mo oka, mme fa a sena go bolela jalo o a mo koba. Morago ga foo ke gone Jesu a bolelelang balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba 11 a re: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:34, 35) Eno eleruri ke taolo e ntšha, eo e bontshiwang ke sekao sa ga Jesu ka boene se se molemo go gaisa! Jaaka fa nako ya gore a swe loso lwa go intsha setlhabelo e ntse e atamela, Jesu o bontsha lorato ka tsela e e gakgamatsang. O dirisa motsotso mongwe le mongwe go ruta le go kgothatsa balatedi bao. Moragonyana, o gatelela kafa lorato lo leng botlhokwa ka gone, a re: “Taolō ea me ke e, gore lo ratanè, hèla yaka le nna ke lo ratile. Ga go opè eo o nañ le loratō lo lo hetañ lo, ha motho a ka beèla ditsala tsa gagwè botshelō yoa gagwè.”—Yohane 15:12, 13.
“Tsela, le Boamarure, le Botshelō”
6. Jesu o beela balatedi ba gagwe ba ba gaufi le ene mokgele ofe?
6 Jesu o bolelela balatedi ba ba ikanyegang ba ba 11 a re: “A dipelo tsa lona di se huduege: lo dumèla mo Modimoñ, dumèlañ le mo go nna. Mo tluñ ea ga Rrè go na le mannō a le mantsi; ha go no go sa nna yalo, nka bo ke lo boleletse; gonne ke ea go lo baakanyetsa bonnō.” (Yohane 14:1, 2) Bonno jono bo mo “bogosiñ yoa legodimo.” (Mathaio 7:21) Jesu o bolela kafa setlhopha seno sa balatedi ba ba ikanyegang ba ba gaufi le ene se ka fitlhelelang mokgele wa sone ka teng. A re: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna.” (Yohane 14:6) Seno se dira gape le mo bathong bao ba bonang botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Tshenolō 7:9, 10; 21:1-4.
7-9. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ipitsa “tsela le boamarure le botshelō”?
7 Jesu ke “tsela.” Modimo a ka rapelwa fela ka Jesu Keresete. Jesu ka boene o tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore Rara o tla ba neela lefa e ka nna eng seo ba se lopang mo leineng la ga Jesu. (Yohane 15:16) Dithapelo tse go rapelwang ditshwantsho tse di tlhomilweng tsa bodumedi kana “baitshepi” ba bodumedi kana tse di tletseng ka mafoko a a reng Galaletsa Marea le go opela go boaboelediwa mafoko—ga go sepe mo go tseno seo Rara a se utlwang ebile a se amogela. (Mathaio 6:5-8) Mo godimo ga moo, re bala jaana kaga Jesu mo go Ditihō 4:12: “Ga go leina lepè le sele ha tlhatse ga legodimo, ye batho ba le neilweñ, ye re nañ le go bolokwa mo go yeōna.”
8 Jesu ke “boamarure.” Moaposetoloi Yohane o ne a bolela jaana kaga gagwe: “Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona, me ra bōna kgalalèlō ea gagwè, ekete kgalalèlō ea eo o tsecweñ a le esi a cwa kwa go Rara, a tletse tshegōhaco le boamarure.” (Yohane 1:14) Jesu o ne a nna boammaaruri jwa makgolokgolo a dipolelelopele tse di mo Dikwalong tsa Sehebera ka go di diragatsa. (2 Bakorintha 1:20; Tshenolō 19:10) O ne a itsise boammaaruri ka go bua le balatedi ba gagwe le boidiidi jwa batho bao ba neng ba reetsa, fa a ntse a ganetsana le baruti ba baitimokanyi, le ka sekao se se neng se bonwa ka botshelo jwa gagwe.
9 Jesu ke “botshelō.” Jaaka Morwa Modimo, Jesu o ne a re: “Eo o dumèlañ mo go Morwa Modimo o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me eo o ganañ go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bōna botshelō me bogale yoa Modimo bo nntse mo go èna.” (Yohane 3:36) Go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu go naya botshelo jo bo sa khutleng—go “lecomanyane” la Bakeresete ba ba tloditsweng e tla nna botshelo jwa bosasweng kwa legodimong mme mo go ba boidiidi jo bogolo jwa “dinku di sele” e tla nna botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Luke 12:32; 23:43; Yohane 10:16.
Go Itshokela Pogiso
10. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka go ‘fenya lefatshe,’ mme Jesu o ne a re kgothatsa jang mo ntlheng eno?
10 Bao ba solofelang go tshela mo tsamaisong e ntšha ya ga Jehofa ba tshwanetse go emelelana le lefatshe le le “[namaletseng] ha tlhatse ga eo o boshula,” Satane Diabolo. (1 Yohane 5:19) Abo mafoko a ga Jesu a a mo go Yohane 15:17-19 a kgothatsa jang ne! A re: “Dilō tse kea di lo laolèla, gore lo ratanè. Ha lehatshe le lo ila, loa itse ha le nkidile pele, le e se le lo ile. Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ.” Bakeresete ba boammaaruri ba ntse ba ilwa go fitlha le ka ngwaga ono wa 1992, mme abo re ipedisiwa ke dikao tse di molemo tsa bao ba tswelelang pele ba nitame, ka boikokobetso ba bona nonofo mo seatleng se se maatla sa Modimo! (1 Petere 5:6-10) Le rona re ka itshokela diteko ka go dumela mo go Jesu, yo o konelang motlotlo wa gagwe ka mafoko ano a a gomotsang: “Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsègañ; ke hentse lehatshe.”—Yohane 16:33.
O Dira Kgolagano E Ntšha
11. Yeremia o ne a bolelela eng pele kaga kgolagano e ntšha?
11 Mo maitseboeng ao, fa moletlo wa Tlolaganyo o sena go khutla, Jesu o bua kaga kgolagano e ntšha. Moperofeti Yeremia o ne a boleletse seo pele makgolokgolo a dingwaga pele ga foo, a re: “Bōnañ, metlha ee tla, go bua Yehofa, e ke tla dihañ kgōlaganō e ncha ka eōna le ba ntlo ea Iseraela, le ba ntlo ea Yuda . . . ke tla tsenya molaō oa me mo teñ ga bōnè, ke o kwala mo peduñ tsa bōnè; ke tla nna Modimo oa bōnè, le bōnè ba tla nna batho ba me. . . . Ke tla ba ichwarèla boikèpō yoa bōnè, le boleo yoa bōnè ga nketla ke tlhōla ke bo gakologèlwa gopè.” (Yeremia 31:31-34) Go ne go tla ntshiwa setlhabelo se se tlhomamisang kgolagano eno e ntšha ka Nisane 14, 33 C.E.!
12. Jesu o ne a ntsha taolo e ntšha jang, mme e fitlhelela eng?
12 Jesu o bolelela barutwa ba ba 11 ba ba ikanyegang gore o eletsa thata go ja Tlolaganyo eno le bone. Go tswa foo o tsaya senkgwe, o a rapela, o a se nathoganya, a bo a se ba naya, a re: “Se ke mmele oa me, o o ntshediwañ lona, dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.” Ka tsela e e tshwanang o ba naya senwelo sa beine e khibidu, a bo a re: “Senwèlō se, ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me, eboñ a a chololèlwañ lona.” (Luke 22:15, 19, 20) Kgolagano e ntšha e simolola go dira ka “madi a a tlhokègañ” a ga Jesu, ao a nang le tlhwatlhwa e kgolo go gaisa kgakala ya madi a diphologolo ao a neng a kgatshiwa go tlhomamisa kgolagano ya Molao wa Iseraele! (1 Petere 1:19; Bahebera 9:13, 14) Bao ba tseelwang mo kgolaganong e ntšha ba ipelela go itshwarelwa dibe gotlhelele. Ka jalo, ba ka tshwanela go nna bangwe ba ba ba 144 000, bao ba amogelang boswa jo bo nnelang ruri jwa Iseraele wa semoya.—Bagalatia 6:16; Bahebera 9:15-18; 13:20; Tshenolō 14:1.
“Lo Nkgopolè Ka Gōna”
13. (a) Re tshwanetse ra akanya kaga eng ka nako ya Segopotso? (b) Ke bomang fela bao ba tshwanetseng go ja ditshwantshetso, mme ka ntlha yang?
13 Segopotso sa bo 1 960 sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Jesu se tla nna ka April 17, 1992. Jaaka fa letlha leo le atamela, re tla bo re dira sentle go akanya ka gotlhe goo setlhabelo se se itekanetseng sa ga Jesu go se diragatsang. Thulaganyo eno e tlotlomatsa botlhale jwa ga Jehofa le lorato lwa gagwe lo lo boteng mo sethong. Bothokgami jwa ga Jesu jo bo senang phoso epe, le eleng go fitlha losong lo lo botlhoko, bo tlotlomatsa Jehofa kgatlhanong le kgobo ya ga Satane ya gore motho yo A mmopileng ga a itekanela ebile fa a lekiwa ga a ketla a fenya. (Yobe 1:8-11; Diane 27:11) Jesu o dirisa madi a gagwe a setlhabelo go tsereganya kgolagano e ntšha, e le yone e Jehofa a e dirisang go tlhopha ‘losika lo lo itshenketsweng, boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, tšhaba e e ruilweng.’ Fa ba santse ba le mo lefatsheng, ba ‘bolela phatlalatsa go tlotlomala’ ga Modimo wa bone, Jehofa, yo o ba ‘biditseng ba le mo lefifing a bo a ba isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’ (1 Petere 2:9; bapisa Ekesodo 19:5, 6.) Ke bone fela ba ba jang ditshwantshetso tsa Segopotso ngwaga le ngwaga ka gonne e le bone fela ba ba tshwanetseng go di ja.
14. Dimilione tsa batho ba ba tlang go lebelela ba nonotshiwa jang?
14 Mo Segopotsong sa ngwaga e e fetileng, go ne ga ya batho ba le 10 650 158 go dikologa lefatshe, mme lefa go ntse jalo mo palong eno bao ba neng ba ja ditshwantshetso ba ne ba le 8 850 fela—palo e e kwa tlase ga karolo e le nngwe ya bolesome ya 1 lekgolong. Jaanong ba ba dimilione ba ba lebelelang ba solegelwa molemo jang ke mokete ono? Ba solegelwa molemo fela thata! Le mororo ba sa je, ba nonotshiwa semoyeng ke go kopanela le bakaulengwe ba bantsi lefatshe ka bophara, jaaka fa ba utlwa kaga dilo tsotlhe tse di molemo tse Jehofa a di diragatsang ka setlhabelo sa ga Morwawe.
15. Ba bangwe bao e seng batlodiwa ba solegelwa molemo jang ke setlhabelo sa ga Jesu?
15 Mo godimo ga moo, moaposetoloi o re itsise jaana mo go 1 Yohane 2:1, 2: “Re na le Mueledi kwa go Rara, eboñ mosiami Jesu Keresete: Me ke èna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona: me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe.” Ee, le mororo setlhabelo sa ga Jesu se solegela molemo pele setlhopha sa Johane seo se tsenngwang mo kgolaganong e ntšha, gape se letla gore “lehatshe lotlhe” le itshwarelwe dibe. Ke “seletlanyō” sa dibe tsa batho ba bangwe botlhe ba ba mo lefatsheng bao ba bontshang tumelo mo mading a ga Jesu a a tsholotsweng, ao a dirang gore ba nne le tsholofelo e e itumedisang ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Mathaio 20:28.
“Mo Bogosiñ yoa ga Rrè”
16. (a) Jesu le baruaboswa mmogo le ene jaanong go lebega ba nna le seabe mo go eng? (b) Ke eng seo go tlhokegang gore masalela a a tloditsweng le ba boidiidi jo bogolo ba se dire gompieno?
16 Jesu o ne a tswelela go kgothatsa baaposetoloi ba gagwe ka go bua ka letsatsi leo a tla bong a nwa loungo lwa mofine lo le losha le barutwa ba gagwe ka tsela ya tshwantshetso mo Bogosing jwa ga Rraagwe. (Mathaio 26:29) O ba raya a re: “Me lona, ke lona ba ke nntseñ ke na le lona mo ditekoñ tsa me; Me ke lo baea bogosi, yaka Rrè a bo mpeile, Gore lo yè lo nwè ha lomatiñ loa me loa boyèlō, mo bogosiñ yoa me; me lo tla dula mo dituloñ tsa bogosi, lo atlhola dicō tse shomè le bobedi tsa Iseraela.” (Luke 22:28-30) Ereka Jesu a ne a tsaya marapo a Bogosi kwa magodimong ka 1914, re ka konela ka go re palo e kgolwane ya baruaboswa mmogo le Jesu, bao ba ntseng ba kokoanngwa mo dingwageng tse di ntseng di feta, ba setse ba tsositswe, go ya go “dula mo dituloñ tsa bogosi” le ene. (1 Bathesalonia 4:15, 16) Letsatsi le baengele ba tlileng go lesa “diphehō tsa lehatshe coo nnè” tsa ‘pitlagano e kgolo’ ka lone le ntse le atamela ka bofefo! Ka nako eo, go kanwa ga ba ba 144 000 ba Iseraele wa semoya le go kokoanngwa ga dimilione tsa ba boidiidi jo bogolo go tla bo go setse go weditswe. Botlhe bano ba tshwanetse go nna ba ikanyega, fela jaaka Jesu a ne a ikanyega, gore ba tle ba amogele tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Tshenolō 2:10; 7:1-4, 9.
17 le lebokoso. (a) Fa mongwe yo o tloditsweng a ka tlosiwa ka gonne a sa ikanyege, go a utlwala gore a ka emisediwa ka mang? (b) Ditlhogo tse di neng di le go The Watchtower ka 1938 di ne tsa sedifatsa jang ka tsela e e kgatlhang ka go agiwa le go atolosiwa ga phuthego ya bolegodimo e e mo lefatsheng ga nako eo e neng e santse e tla tla?
17 Go tweng fa bangwe ba batlodiwa ba sa ikanyege? Mo nakong eno ya bofelo, kwantle ga pelaelo palo ya ba ba ntseng jalo e tla nna potlana. Go a utlwala gore ga ba kake ba emisediwa ka ba ba sa tswang go kolobediwa bosheng, mme ba ka emisediwa ka bao ba ileng ba ema le Jesu mo ditekong tsa gagwe ka go direla ka boikanyegi ka dingwaga di le dintsi. Marang a a phatsimang a lesedi la semoya ao a ileng a tla ka The Watchtower ka bo 1920 le bo 1930 a bontsha gore tota go kokoanngwa ga batlodiwa go ne ga konelwa ka yone nako eo. Fa e sale go tloga ka nako eo bao ba ‘tlhatswang dikobo tsa bone ba di sweufatsa mo mading a ga Kwana’ ba na le tsholofelo e sele e e itumedisang. Ka Keresete, moya wa ga Jehofa o ba kaela kwa “mecwediñ ea metse a botshelō” mo lefatsheng la Paradaise.—Tshenolō 7:10, 14, 17.
Thapelo E E Tswang mo Pelong Tota
18. Re ithuta dithuto dife tsa botlhokwa mo thapelong ya ga Jesu e e mo go Yohane kgaolo 17?
18 Jesu o konela kokoano ya gagwe ya Segopotso le barutwa ba gagwe ka go rapela thapelo e e tswang mo pelong eo e kwadilweng mo go Yohane 17:1-26. La ntlha o rapela gore ekete Raagwe a ka mo galaletsa jaaka a ntse a tswelela pele a ikanyega go ya bokhutlong. Ka tsela eno Jehofa le ene o tla galalediwa, leina la gagwe le tla itshepisiwa—ga tlosiwa mokgobo otlhe mo go lone. Ka gonne, eleruri, Jesu jaaka motho yo o itekanetseng o supa tota gore motho yo o bopilweng ke Modimo a ka tlhoka molato, lefa a lekwa ka teko e e botlhoko go gaisa. (Duteronome 32:4, 5; Bahebera 4:15) Mo godimo ga moo, loso lwa ga Jesu lwa setlhabelo lo bulela lotsalo lwa ga Adame tshono e e molemolemo. Jesu a re: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” Abo go le botlhokwa jang go nna le kitso e e tlhomameng kaga Jehofa Modimo le kaga Morwawe, Kwana ya Modimo, yo o ntshitseng botshelo jwa gagwe gore Jehofa a tlotlomadiwe le gore batho ba bolokwe! (Yohane 1:29; 1 Petere 2:22-25) A o anaanela setlhabelo se se lorato seo mo eleng gore o ka ineela mo go Jehofa gotlhelele le mo tirelong ya gagwe e e botlhokwa?
19. Masalela le ba boidiidi jo bogolo ba ka nna le kutlwano e e tlhwatlhwakgolo jang?
19 Gape, Jesu o rapela Rraagwe yo o Boitshepo gore A tlhokomele barutwa fa ba ntse ba itshupa gore ga se karolo ya lefatshe, ba ngaparela lefoko la Gagwe jaaka le le boammmaaruri, ba bo ba boloka bongwefela jo bo tlhokegang le Rara le Morwa. A thapelo eno ga e a arabiwa ka tsela e e molemo go fitlha gompieno jaaka masalela a a tloditsweng le ba boidiidi jo bogolo ba dira mmogo ba kitlantswe ke lorato, ba ntse ba sa inaakanye le lefatshe, bothubaki jwa lone, le bokebekwa jwa lone? Abo mafoko a ga Jesu ao a konelang ka one fa a bua le Rraagwe, Jehofa, a le botlhokwa jang ne! “Ke ba itsisitse leina ya gago, me ke tla nna ke le ba itsise,” Jesu a rialo, “gore loratō lo u nthatileñ ka lōna lo nnè mo go bōnè, le nna ke nnè mo go bōnè.”—Yohane 17:14, 16, 26.
20. Ke ka ntlha yang fa Nisane 14, 33 C.E., ruri e le letsatsi le le tshwanetseng go gakologelwa?
20 Fa a tswela kwa tshimong ya Gethesemane, Jesu o nna le barutwa ba gagwe gape ka nako e khutshwane a ba kgothatsa. Go tswa foo baba ba gagwe ba mo wela godimo! Go boima go tlhalosa botlhoko jo Jesu a neng a bo utlwa mo mmeleng, bohutsana jo bo tlhomolang pelo jo a neng a nna le jone ka ntlha ya kgobo eo e tlisediwang Jehofa, le sekao sa gagwe sa go nna a ikanyega go sa kgathalesege dilo tseno tsotlhe. Jesu o itshoka go fitlha kwa bokhutlong, bosigo jotlhe le diura tse dintsi tsa motshegare wa letsatsi leo. O bontsha ka phepafalo gore Bogosi jwa gagwe ga se karolo ya lefatshe. Fa a hema la bofelo, o goa a re: “Go wedicwe.” (Yohane 18:36, 37; 19:30) Go fenya lefatshe ga gagwe go weditswe. Eleruri Nisane 14, 33 C.E. ke letsatsi le le tshwanetseng go gakologelwa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Victory in Europe Day (Letsatsi la Phenyo kwa Yuropa) le Victory over Japan Day (Letsatsi la Go Fenngwa ga Japane).
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Jesu o ne a ruta eng kaga boikokobetso le lorato?
◻ Jesu o ne a nna “tsela le boamarure le botshelō” jang?
◻ Boikaelelo jwa kgolagano e ntšha ke bofe?
◻ Batlodiwa le ba boidiidi jo bogolo ba na le kutlwano efe le lorato?
[Lebokoso mo go tsebe 20]
Botlhale jwa ga Solomone yo Mogolwane
Ditlhogo tse di neng di re “Phuthego” mo ditokololong tsa June 1 le June 15, 1938 tsa The Watchtower di ne tsa tlhoma thulaganyo ya motheo ya bolegodimo eo Basupi ba ga Jehofa ba e latelang go fitlha le gompieno. Di ne tsa supa nako e e gakgamatsang ya fa go ne go dirwa diphetogo mo dithutong le tsela e phuthego e neng e tsamaisiwa ka yone tse di neng tsa simolola ka 1919. (Isaia 60:17) Fa e ne e bapisa lobaka loo lwa dingwaga tse 20 le dingwaga tse 20 tse ka tsone Solomone a neng a aga tempele le ntlo ya kgosi kwa Jerusalema, The Watchtower e ne ya re: “Dikwalo di bontsha gore, morago ga gore Solomone a senye dingwaga di le somaamabedi mo thulaganyong ya go aga . . . , o ne a tsenelela mo thulaganyong ya go aga morafe otlhe. (1 Dikg. 9:10, 17-23; 2 Ditih. 8:1-10) Go tswa foo go ne ga tla mohumagadi wa Sheba ‘a tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe, a tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone.’ (Math. 12:42; 1 Dikg. 10:1-10; 2 Ditih. 9:1-9, 12) Seno se tsosa potso eno: Ke eng seo se tla diragalang mo isagweng e e fa gaufi ka batho ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng? Re tla leta ka tsholofelo, mme re tla bona.” Tsholofelo eo ga e a ka ya nna ya lefela. Thulaganyo e kgolo ya go aga semoyeng mo lefatsheng lotlhe e e kaelwang ke thulaganyo ya bolegodimo e kokoantse batho ba boidiidi jo bogolo ba feta dimilione tse nne. Jaaka mohumagadi wa Sheba, bano ba tswa mo dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe ba tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone yo Mogolwane, Jesu Keresete—jo ba bo neelwang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.”—Mathaio 24:45-47.