A Modimo O go Bileditse Kagisong?
“Ha eo o sa dumeleñ a tsamaea, a a tsamaeè: go le monna eo o modumedi, go le mosadi eo o modumedi, ga ba mo kgolegoñ ka mo go nntseñ yalo: me Modimo o re biditse gore re nnè mo kagishoñ.”—1 BAKORINTHA 7:15.
1. Go ya kafa Dikwalong, lenyalo le tshwanetse go lebiwa jang?
GA E ise e ko e nne boikaelelo jwa ga Jehofa le ka motlha ope gore lenyalo le gogele kwa kgaoganong kana kwa tlhalong tseo di phatlolang pelo. Lenyalo le ne le tshwanetse go nna sebofo se se nnetseng ruri sa ‘nama e le nngwe fela,’ seo se lereng boipelo, boiketlo, le kagiso. (Genesise 2:24; Ruthe 1:9) Ka kakaretso, Dikwalo di gakolola batho ba ba nyalaneng go nnela ruri mmogo, le eleng fa molekane a le mongwe fela e le Mokeresete mme yo mongwe e le yo o sa dumeleng. (1 Bakorintha 7:12-16) Mo godimo ga moo, go dirisana le yo mongwe ka bonokwane mo go felelang ka go kgaoga ga dikgolagano tsa lenyalo go dira gore motho ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang a ikarabelele go Modimo, yo o ‘ilang tlhalo.’—Malaki 2:13-16.
2. Bakeresete ba leba kgaogano le tlhalo jang?
2 Go sa itekanelang ga batho le mabaka a mangwe ka dinako tse dingwe go gogetse kwa kgaoganong le tlhalo le eleng gareng ga batlhanka ba Modimo ba ba kolobeditsweng. Lefa go ntse jalo, ka baka la tlotlo eo Bakeresete ba nang le yone mo lenyalong, gantsi dikgato tseno di tsewa morago ga go leka ka dinako tsotlhe go tshegetsa lenyalo. Mabapi le seno, Modimo ka boone o tlhomile sekao se se molemo. Jaaka ‘monna yo o neng a nyetse’ Iseraele wa bogologolo, o ne a itshokela botlhogoethata, tsuololo, le boaka jwa semoya jwa batho ba gagwe ka makgolokgolo a dingwaga. (Isaia 54:1-5; Yeremia 3:14-17; Hosea 1:10, 11; 3:1-5) E ne ya nna fela fa ba ne ba dira moo ba neng ba sa kake ba tlhola ba sokololwa ka teng Jehofa a neng a ba latlha jaaka morafe.—Mathaio 23:37, 38.
3. (a) Mokeresete o ka nna a kgaogana le molekane wa gagwe wa lenyalo ka mabaka afe ao a letlelesegang go ya kafa Dikwalong? (b) Go tlhala mo go letlelelwang ke Dikwalo go kgonega mo mabakeng afe?
3 Ka dinako tse dingwe, bagolwane ba phuthego ba atamelwa ke badumedi-ka-bone bao ba batlang go thusiwa mathata a a masisi a lenyalo. Bagolwane ga ba a letlelelwa go bolelela ope fela go tlogela kana go tlhala molekane wa lenyalo, mme ba ka lebisa mo go seo Lefoko la Modimo le se buang kaga dikgang tseno. Jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, kgaogano e letlelesega go ya kafa Dikwalong mo kgannyeng ya fa motho a sa tlamele balelapa la gagwe ka boomo, a itaya yo mongwe thata, kana fa bomoya jwa motho bo le mo kotsing fela thata. Gape go lemogilwe gore tlhalo go ya kafa Dikwalong eo go ka kgonegang gore motho a nyale molekane yo mongwe mo nakong e e tlang e letlelesega fa molekane mongwe a dirile ‘kgokafalo,’ eo e akareletsang mefuta e le mmalwa ya dikamano tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo. (Mathaio 19:9) Ka mo go utlwalang, kgaogano kana tlhalo ga e a tshwanela go nna selo sa makgaola-kgang ereka go ka nna ga kgonega gore go agisanngwe gape mo lenyalong, gape molekane wa lenyalo yo o seng phoso o ka nna a itshwarela le eleng yo o dirileng boaka kana mofuta mongwe wa kgokafalo.—Mathaio 5:31, 32; bapisa Hosea 3:1-3.
4. (a) Sobokanya ka bokhutshwane seo Paulo a neng a se bolelela Bakeresete ba ba nyalaneng mo go 1 Bakorintha 7:10-16. (b) Ke leng go ka buiwang ga twe: “Modimo o re biditse gore re nnè mo kagishoñ”?
4 Jaaka re lemogile mo setlhogong se se fetileng, moaposetoloi Paulo o ne a laya Bakeresete ba ba nyalaneng gore ba seka ba kgaogana le balekane ba bone. (1 Bakorintha 7:10-16) Ka ntlha ya mafoko a ga Paulo, fa molekane yo o sa dumeleng a kgetha go nna le molekane wa gagwe wa lenyalo wa Mokeresete, yo o dumelang o tshwanetse go mo thusa semoyeng. (1 Petere 3:1-4) Go sokologa ga gagwe go ka thusa thata go dira lelapa leo lefelo la boiketlo le kagiso. Lefa go le jalo, fa yo o sa dumeleng a ganana gotlhelele le tumelo ya molekane wa gagwe yo o dumelang mo a bileng a batla go kgaogana nae, Mokeresete o ka dira eng? Fa yo o dumelang a leka go mo pateletsa go nna, yo o sa dumelang o ka nna a befisa seemo sa Mokeresete yoo o ka latlhegelwang ke kagiso gotlhelele. Jalo gore go tle go nne le kagiso, yo o dumelang o ka nna a letlelela yo o sa dumeleng go tsamaya. (Mathaio 5:9) Ke fela fa molekane yo o sa dumeleng wa lenyalo a tsamaya go ka nnang ga twe: “Modimo o re biditse gore re nnè mo kagishoñ.” Mafoko ana a ka seka a dirisiwa ka tshwanelo go mpampetsa go kgaogana ga balekane ba Bakeresete ba babedi ba lenyalo ka mabaka ao eseng a Dikwalo kana a eseng a botlhokwa.
5. Ke dipotso dife tse jaanong re tshwanetseng go di akanyetsa?
5 Kgaogano nngwe le nngwe kana tlhalo e na le mabaka ao e leng a yone, mme ga go “tharabololo” epe e e amang kgang nngwe le nngwe. Mme ke mathata afe ao Mokeresete yo o kgaoganeng le molekane kana yo o tlhadilweng o ka nnang a thulana le one? Ke eng seo se ka dirwang kaga one? Mme ba bangwe ba ka thusa jang?
Ditlhokafalo tsa Maikutlo Kana tsa Tlhakanelo-Dikobo
6. Fa e le ka mathata, go ka tweng kaga kgaogano kana tlhalo?
6 Kgaogano kana tlhalo eo e letlelesegang go ya kafa Dikwalong e tla rarabolola mathata mangwe. Mme dikgato tsa go nna jalo di feletsa ka go ananya mokoa wa mathata a mangwe ka a mangwe fela. Ka motlhala, Mokeresete mongwe yo o tlhadilweng o ne a re: “Ga ke kgone go itshwara go lebogela Jehofa go bo jaanong ke na le kagiso.” Mme o ne a dumela jaana: “Ga go motlhofo go godisa bana jaaka motsadi o le mongwe fela. Mme fa gongwe motho o ka jewa ke bodutu fela thata a ba a nna pelo e botlhoko. Le mo ntlheng ya tlhakanelo-dikobo ga go motlhofo. Motho o tshwanela go fetogela mo botshelong jotlhe jo bo farologaneng.”a
7. Ke ka ntlhayang fa Mokeresete a tshwanetse go akanya ka kelotlhoko kaga diphelelo tsa kgaogano kana tlhalo?
7 Ka jalo, fa go na le se Mokeresete a ka se dirang, o tshwanetse gore a akanye ka kelotlhoko kaga diphelelo tse di ka nnang tsa bakiwa ke kgaogano kana tlhalo. Ka sekai, akanyetsa ditlhokafalo tsa maikutlo, gongwe mosadi yoo o eletsa molekane wa monna. (Bapisa Genesise 3:16.) Mosadi yo o tlhadilweng o ka nna le dits holofelo tse dikgolo tsa go nyalwa gape. Bangwe ba eletsa go gololesega mo lenyalong le le nang le mathata, mme a ba ikemiseditse go amogela kgonego ya gore go ka nna ga seka ga nna le tshono ya go nyalwa gape?
8. (a) Ponong ya 1 Bakorintha 7:11, balekane ba Bakeresete ba ba kgaoganeng ba tshwanetse go akanyetsa eng ka thapelo? (b) Ke ditlhokafalo dife tseo di sa tshwanelang go tseelwa kwa tlase fa go akanyediwa kgaogano kana tlhalo?
8 Paulo o ne a kwala jaana: “Ha a mo tlogèla, a a nnè hèla a sa nyalwe; me ha go sa nna yalo, a a letlanè le monna oa gagwè.” (1 Bakorintha 7:11) Ka boiteko jo bo rileng, go ka nna ga kgonega gore mosadi a ‘boelane le’ monna wa gagwe kana a “letlanè” le ene. Fa balekane ba lenyalo ba Bakeresete ba kgaogane, he, ba tshwanetse go akanyetsa go letlana ka masisi fela thata, le ka thapelo. Mo godimo ga moo, ga baa tshwanela go tlhokomologa lebaka la gore maikutlo a tlhakanelo-dikobo a ka nna a ba baya mo kotsing. Modimo o ka nna wa ba leba jang fa go pale1wa ga bone go letlana go ka felela ka gore ba wele mo boitsholong jo bo sa siamang? Seo se tshwantshetsang kotsi eno ke boitemogelo jwa mosadi mongwe yo o neng a kolobeditswe. Morago ga tlhalo, o ne a simolola go ratana le monna wa selefatshe, ka bokhutshwane fela aima, mme a kgaolwa. Lemororo a ne a busediwa moragonyana, seo se mo diragaletseng seo se gatelela tlhokafalo ya go nna podi-matseba le go ikaega ka Jehofa ka thapelo e le gore go tilwe go “leohèla Modimo.” (Genesise 39:7-12) Gape go phepafetse gore ditlhokafalo tsa maikutlo le tsa tlhakanelo-dikobo ga di a tshwanelwa go nyadiwa fa kgaogano kana tlhalo di simolola go akanyediwa.
Bodutu bo ka Kokobediwa
9. Re ka thusa jang Bakeresete bao ba kgaoganeng le balekane ba bone kana bao ba tlhalaneng nabo go kokobetsa go jewa ke bodutu?
9 Fa kgaogano kana tlhalo e sa kake ya tilwa, go tshwanetswe ga lebanwa le mathata a di a bakang. Ka motlhala, bothata jo bo ma si si jwa Bakeresete ba ba kgaoganeng kana ba ba tlhalaneng ke bodutu. Ba bangwe ba ka dira eng kaga seno? Ebu, bagolwane ba phuthego le ba bangwe ba ka bontsha gore ba kgatlhegela batho ba go nna jalo semoyeng, ba leka go ba kgothatsa. (Bapisa 1 Bathesalonia 5:14.) Gareng ga dilo tse dingwe, re ka laleletsa batho bano le bana ba bone kwa magaeng a rona gangwe le gape go tla dijong tse di lekanetseng le go tlotla ka tsela e e agang le lelapa la rona. Ga go tlhokafale gore go dirwe moletlo o mogolo wa dijo, ka gonne “go ya diyō tsa inerogo hèla, ha e na le loratō, go molemō bogolo go kgomo e e otlilweñ, ha e na le kilō.” (Diane 15:17) Mo phirimaneng eo go ka nna ga bolelwa maitemogelo ao a ipeletsweng mo bodiheding kana ga ithutiwa jaaka setlhopha go baakanyediwa pokano nngwe ya Bokeresete.
10, 11. (a) Mokeresete yo o kgaoganeng le molekane wa gagwe kana yo o tlhalaneng nae o ka nna a thusiwa ka tsela efe e nngwe? (b) Go na le lebaka lefe la gore motho a nne podi-matseba?
10 Go dira gore motsadi yo o tlhadilweng kana yo o kgaoganeng le molekane wa gagwe le bana ba gagwe ba dire le lelapa la gago mo bodiheding jwa tshimo le gone go ka ba thusa go emelelana le bodutu. Legale, batho ba bangwe ga ba kake ba tsaya boemo jwa motsadi yo o seyong, mme mosadi mongwe wa Mokeresete yo o tlhadilweng o ne are: “Mathata a go godisa bongwanake go sena monna mo tlung a kokobeditswe fela thata ke go thusiwa ke bagolwane le batlhanka mo phuthegong bao ba lekileng go baakanya seemo ka ditsela tse di bonalang.”
11 Lefa go le jalo, go na le lebaka la go nna podi-matseba. Kgaitsadi mongwe o ne a dumalana ka go re: “Ereka morwaake a sena rraagwe, mokaulengwe mongwe ka bopelonomi o ne a mo kgatlhegela. . . . Ke ne ka simolola go bona kafa a neng a le pelonomi le pelotshweu ka teng mo go morwaake, mme dikeletso tse di phoso di ne tsa simolola go agega mo go nna. Go ne go tshwana fela jaaka Dafide a ne a simolola go nna le keletso e e phoso kaga sengwe seo e neng e se sa gagwe.” (2 Samuele 11:1-4) Lemororo go ile ga seka ga diragala boitsholo bope jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, mosadi yono o ne a tlhabisiwa ditlhong ke dikakanyo tsa gagwe le ditiro tsa gagwe tsa go tseega maikutlo, a kopa boitshwarelo mo go Jehofa, mme a kgaogana le mokaulengwe yoo. Abo sena se tshwantshetsa tlhokafalo ya go ganana le dikeletso tse di phoso jang ne le ‘go ithiba mo go sengwe le sengwe se se mo tshwanong ya bosula’!—1 Bathesalonia 5:22; Bagalatia 5:24.
12. Motho o ka kokobetsa go jewa ke bodutu ga gagwe ka go tsaya kgato efe e e tlhamaletseng?
12 Bodutu bo ka kokobediwa ka go direla ba bangwe dilo. “Fa o tshwaregile ka go dira ditiro tse dingwe le go thusa ba bangwe, ga go na sebaka sa go ikutlwela botlhoko le sa go jewa ke bodutu,” ga bolela jalo kgaitsadi mongwe yo dikgolagano tsa gagwe tsa lenyalo di kgaogileng. Go “dira dilo tse dingwe” mo go ntseng jalo ga motho yo o kgaoganeng le molekane wa gagwe kana yo o tlhadilweng go ka akareletsa go laleletsa lelapa lengwe kwa legaeng la gago phirimane nngwe go tla go ipelela bokopano jo bo agang semoyeng. Fa sena se ka kgonega fela ka sewelo ka mabaka a tsa madi kana a mangwe, o ka nna wa etela le go kgothatsa balwetse le ba bangwe. Gape o ka nna wa kgona go thusa bagodi ka go ya go ba rekela dilo kana wa ba direla ditiro tse di farologaneng. Itetlelele gore o dirisiwe ka ditsela tsa go nna jalo, mme o tla nna le bosupi jo bo oketsegileng jwa gore “go aba, go lesego bogolo go go amogèla.”—Ditihō 20:35.
13. Thuso e nngwe ya go fenya go jewa ke bodutu ke efe?
13 Selo se sengwe se se ka thusang go fenya go jewa ke bodutu ke go iteka go kopanela le badumedi-mmogo ka metlha mo tirong ya go rera ka Bogosi. “Ka dinako tse dingwe, ke ikutlwa ke eletsa go nna le monna,” go dumela jalo kgaitsadi mongwe, “mme ereka ke okeditse tiro ya me ya tirelo ya tshimo ke bile ke na le kgololesego ya go kopanela le bakaulengwe le bokgaitsadi, dipaka tsa go nna jalo di ka sewelo fela thata mme ebile di tsaya nako e khutshwane.” Go supa ka ntlo le ntlo ka metlha go ka nna ga gogela kwa maetong a go boela le go tshwara dithuto tsa Bibela tsa magae le batho ba ba kgatlhegang, bangwe ba bao e ka nnang batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Legale, ga re tsenelele mo bodiheding ka lebaka la go batla go fenya go jewa ke bodutu, mme seo e ka nna matswela a mangwe a tiro eno e e ipedisang le e e segofaditsweng.—Diane 10:22.
14. Ke ditiro dife tse di tshwanetseng go tswela molemo Bakeresete bao ba kgaoganeng le balekane ba bone kana bao ba tlhalaneng nabo?
14 Batho ba ga Jehofa botlhe ba ka solegelwa molemo semoyeng fa ba arola mo bodiheding, ba tsaya karolo mo dipokanong tsa Bokeresete, ba bile ba ‘batla Bogosi pele.’ (Mathaio 6:33) Ereka ditiro tseno tse di molemo di na le phelelo e e molemo mo batlhankeng ba ga Jehofa ka kakaretso, ditiro tseno gape di ka aga Bakeresete ba ba kgaoganeng le balekane ba bone kana ba ba tlhalaneng nabo. Nnyaa, ditiro tseno ga di na go rarabolola mathata a bone otlhe, mme di tshwanetse go tokafatsa pono ya bone.
Thapelo e na le Seabe sa Botlhokwa
15. Thapelo e ka nna le seabe sefe mo matshelong a bao ba tshwanetseng go fetogela mo go nneng batho ba ba sa nyalang [nyalwang] gape?
15 Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a tshwanela go fetogela mo go nneng motho yo o sa nyalang gape o ne a thusiwa ke go “tshwarega thata mo tirelong ya tshimo . . . le go etela balwetse, batsofe, le bao ba tsidifetseng.” Mme o ne a oketsa ka go re: “Fa ke simolola go ikutlwa ke jewa ke bodutu, ke simolola go eta ke ba ke rapelela nonofo, ka ke itse gore Satane o dira ka natla.” Ee, thapelo e e tswang pelong e botlhokwa mo go bolokeng bothokgami go Modimo. Dithapelo tsa Bakeresete ba ba kgaoganeng le balekane ba bone kana ba ba tlhalaneng nabo di ka akareletsa go kopa moya wa ga Jehofa le loungo lwa one lwa boikgapo e le gore go kokobediwe maikutlo a tlhakanelo-dikobo. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23; Bakolosa 3:5, 6) Mo godimo ga moo, ereka go dira diphetso tseo pele di neng di dirwa ke monna e ka nna mathata mo basading bangwe ba ba kgaoganeng le balekane ba bone kana ba ba tlhadilweng, gape ba ka tlhoka go rapelela thuso ya Modimo mo go direng diphetso kaga dikgang dingwe ka botlhale le go emelelana le diteko tse di farologaneng.—Yakobe 1:2-8.
16. Malebana le kgaogano kana tlhalo, ke eng seo se ka buiwang kaga boikutlo jwa gore motho ke ene yo o molato?
16 Boikutlo jwa gore motho ke ene yo o molato bo ka supega e le teko ruri. Mokeresete mongwe o ile a dumalana jaana: “Boikutlo jwa gore o molato fa tlhalano e ntse e tsweletse, lemororo e se wena yo o molato, bo ka nna bogolo eleruri.” Legale, boikutlo jwa gore motho o molato bo a tlhaloganyesega fa go gana ga motho kwantle ga mabaka go diragatsa maikarabelo a lenyalo e le gone go bakileng kgaogano kana tlhalo. (1 Bakorintha 7:3-5) Mme fa kgaogano kana tlhalo e diragetse ka baka la Dikwalo morago ga go akanyediwa ka thapelo, go tla bo go tshwanela gore motho a rapelele thuso ya ga Jehofa go fenya boikutlo jo bo senang lebaka jwa gore motho o molato. Go ka nna ga okediwa ka gore bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go nna kelotlhoko go fa kgakololo e e theilweng mo Bibeleng le gore ba seka ba gakolola ka tsela e e leng gore Mokeresete o ka dirwa gore a ikutlwe a le molato fa a batla kana a letlelelwa go kgaogana le molekane wa gagwe kana go tlhalana nae go ya ka Bibela.
Go Dibelwa ke “Kagishō ya Modimo”
17. Ke eng seo se ka thusang Bakeresete botlhe go itumela le go ritibala mo lefatsheng leno le le nang le mathata?
17 Bakeresete bao ba kgaoganeng le balekane ba bone kana bao ba tlhaianeng nabo gantsi ba na le mathata a mofuta wa one fela. Lefa go le ]alo, ka selekanyo se se rileng, “cōna dipogishō tseuō di dihalèla balauleñwe ba [rona] ba ba mo lehatshiñ.” (1 Petere 5:6-11) Ka sekai, botlhe bao ba direlang Jehofa baa bogisiwa, mme bontsi jwa Bakeresete ba na le mathata a tsa madi le a botsogo, a go swabisiwa, dithaelo, jalo le jalo. Ka jalo, fela jaaka Basupi ba bangwe ba ga Jehofa, Mokeresete yo o kgaoganeng le molekane wa gagwe kana yo o tlhalaneng nae o tshwanetse a nna a diragatsa ditlhokafalo tsa semoya ka thuto ya Bibela, go nna teng kwa dipokanong ka metlha, a tlhagafetse mo bodiheding jwa tshimo, ka kakaretso a tshela botshelo jwa tirelo e e boitshepo, ebile a rapela ka metlha gore a nne a atamalane le Jehofa. (Mathaio 5:3) Go retelelwa ke go dira jalo go tla kgoreletsa bomoya jwa Mokeresete ope fela, fa gone go ‘batla Bogosi pele’ go naya Mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa yo o ikanyegang selekanyo se se rileng sa boitumelo le thethebalo mo lefatsheng leno le le nang le mathata.
18. Ke dipotso dife kana dikgato tse di tlhokang go akanyediwa ka masisi ke balekane ba Bakeresete ba ba kgaoganeng?
18 Go nna re ritibetse semoyeng go ikaegile ka go dirisa ga rona Lefoko la Modimo motho ka bongwe. Ka jalo, fa o le Mokeresete yo o kgaoganeng le molekane wa gago wa lenyalo ebile o ineetse mo Modimong, a o dirisa kgakololo ya ga Paulo e e go 1 Bakorintha 7:10-16? Segolo-bogolo fa kgaogano e tsere lobaka lo lo rileng, go ka nna molemo gore o rapele ka tlhoafalo gore lo letlane. Gape o ka nna wa ipotsa wa re: Jehofa o lebeletseng mo go nna jaaka motho yo o nyetseng [nyetsweng]? A banyalani ba Bakeresete ga baa tshwanela go dumalanya matshelo a bone le ditlhokafalo tsa bomodimo tsa bao ba nyalaneng? A go ka tswa e le gore ga re itemogelele masego a ga Jehofa ka gonne re reteletswe ke go tlotla maikano a rona a lenyalo? A ko o akanye ka molemo o o ka nnang wa fitlhelelwa fa lo ne lo ka buisana ka dikgang ka boikokobetso, lwa rapela ka tlhoafalo, mme lwa dira ka botlhaga go dirisa Lefoko la Modimo mo botshelong. Abo go ka nna molemo jang ne fa loobabedi lo ka rarabolola mathata a lona a lenyalo mme lwa ipelela botshelo mmogo gape mo legaeng la boiketlo le kagiso!
19. Go ya ka Bafilipi 4:6, 7, ke selo sefe sa botlhokwa seo batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ka se ipelelang?
19 Batlhanka botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tlhoka ebile ba ka ipelela sengwe seo e leng sa botlhokwa—eleng “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyo eōtlhe.” Jaaka Bakeresete re ka nna le kagiso eno e e tlhwatlhwa-kgolo fa re tlhokomela mafoko a ga Paulo a a reng: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo dilomñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyo eōtlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.
20. (a) “Kagishō ea Modimo” ke eng? (b) Go sa kgathalesege boemo jwa rona jwa lenyalo, ke eng seo re tshwanetseng go se dira?
20 Kagiso eo ke thethebalo le boiketlo tseo di abiwang ke Modimo, le eleng gareng ga maemo a a lekang eleruri. Enna teng ka baka la go atamalana gautshwane le Jehofa le go itse gore re dira se se itumedisang mo matlhong a gagwe. Bao ba nang le “kagishō ea Modimo” ba itetlelela go tlhotlhelediwa ke moya wa gagwe, mme ga ba gatelelwe ke tlhodiego. Ka ntlhayang? Ka gonne ba itse gore ga go na sepe se se letlelelwang go ba diragalela seo se sa letlelelwang ke Modimo. (Baefesia 4:30; bapisa Ditihō 11:26.) Jalo e ka ne re sa nyala [nyalwa] kana re nyetse [nyetswe], re kgaogane le balekane ba rona kana re tlhalane nabo, a re ngomaeleng “kagishō ea Modimo.” Gape ekete re ka nna le tshepo eo Dafide a neng a na nayo, yo o neng a bolela jaana: “Ke tla rapama, ke ba ke rōbala mo kagishoñ: gonne, Yehofa, ke wèna wesi eo o nkagisaii mo polokegoii.”—Pesalema 4:8.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona puisano kaga malapa a batsadibangwefela, tsweetswee bona Tora ya Tebelo ya March 1, 1981, ditsebe 18-31.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Ke tlase ga maemo ate go ka buiwang ga twe: “Modimo o re biditse gore re nnè mo kagishoñ”?
◻ Go jewa ke bodutu go ka kokobediwa jang?
◻ Ke seabe sete seo thapelo e tshwanetseng go nna naso mo botshelong jwa Mokeresete yo o kgaoganeng le molekane wa gagwe kana yo o tlhalaneng nae?
◻ O ka tlhalosa jang “kagishō ea Modimo” e e dibelang dipelo tsa batlhanka ba ga Jehota ba ba sa nyalang [nyalwang), bao ba nyetseng [nyetsweng), bao ba kgaoganeng le balekane ba bone, kana ba tlhalane nabo?
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Thapelo e ka leretse Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang “kagishō ea Modimo” eo e tla dibelang dipelo tsa bone le megopolo