LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • re kgao. 35 ts. 251-258
  • Go Nyeletsa Babelona o Mogolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nyeletsa Babelona o Mogolo
  • Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa e Bidiwa Kgosi ya Borobedi?
  • Dikgosi di le Lesome ka Nako e le Nngwe Fela
  • Go Senya Seaka
  • Go Diragatsa Kakanyo ya Modimo
  • Go Emelana le Dibatana Tse Pedi Tse di Galefileng
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Tshenolo E a Re go Tla Direga Eng ka Baba ba Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Jehofa o Senola se se Tla ‘Akofang se Diragala’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
re kgao. 35 ts. 251-258

Kgaolo 35

Go Nyeletsa Babelona o Mogolo

1. Moengele o tlhalosa jang sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, mme ke botlhale jwa mofuta ofe jo bo tlhokegang go tlhaloganya ditshwantsho tsa Tshenolo?

FA A ntse a tsweletse ka go tlhalosa sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo sa Tshenolo 17:3, moengele o raya Johane a re: “Fano ke gone fa temogo e e nang le botlhale e tsenang gone: Ditlhogo tse supa di kaya dithaba tse supa, tse mosadi a ntseng mo godimo ga tsone. Mme go na le dikgosi di le supa: di le tlhano di ole, e le nngwe e gone, e nngwe ga e ise e goroge, mme fa e goroga e tla nna lobakanyana.” (Tshenolo 17:9, 10) Fano moengele o tlhalosa botlhale jo bo tswang kwa godimo, botlhale jo e leng jone fela bo ka re thusang go tlhaloganya ditshwantsho tsa Tshenolo. (Jakobe 3:17) Botlhale jono bo fa setlhopha sa Johane le balekane ba sone lesedi kaga bomasisi jwa metlha e re tshelang mo go yone. Bo dira gore batho ba ba dipelo di ineetseng ba anaanele dikatlholo tsa ga Jehofa, tse di tla akofang di diragadiwa, mme gape bo dira gore re nne le poifo e e molemo ya go boifa Jehofa. Jaaka Diane 9:10 e tlhalosa: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale, mme kitso ya Yo O Boitshepotshepo ke se tlhaloganyo e leng sone.” Botlhale jwa bomodimo bo re senolela eng kaga sebatana?

2. Ke eng se se bolelwang ke ditlhogo tse supa tsa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, mme ke ka tsela efe ‘di le tlhano di oleng, e le nngwe e le gone’?

2 Ditlhogo tse supa tsa sebatana se se bogale seo di emela “dithaba” tse supa kana “dikgosi” di supa. Mareo oomabedi a dirisiwa mo Dikwalong go raya mebuso ya bogoromente. (Jeremia 51:24, 25; Daniele 2:34, 35, 44, 45) Mo Baebeleng, mebuso e merataro ya lefatshe e bolelwa e na le seabe mo dikgannyeng tsa batho ba Modimo: Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika, le Roma. Mo go eno, e le metlhano e ne e setse e tlile e bile e fetile ka nako ya fa Johane a bona Tshenolo, fa Roma ene e ne e sa ntse e le mmuso o mogolo wa lefatshe. Seno se golagana sentle le mafoko a a reng, “di le tlhano di ole, e le nngwe e gone.” Mme go tweng ka “e nngwe” e e neng e sa ntse e tla tla?

3. (a) Mmusomogolo wa Roma o ne wa kgaogana jang? (b) Ke ditiragalo dife tse di neng tsa diragala mo Bophirima? (c) Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma o tshwanetse go lejwa jang?

3 Mmusomogolo wa Roma o ne wa itshwarelela wa bo wa atologa mo makgolokgolong a dingwaga morago ga motlha wa ga Johane. Ka 330 C.E., Mmusimogolo Constantine o ne a fudusa motsemogolo wa gagwe go tswa mo Roma go ya kwa Byzantium, mme one a o bitsa ka leina le lesha a re ke Constantinople. Ka 395 C.E., Mmusomogolo wa Roma o ne wa kgaogana sebedi go nna wa Botlhaba le wa Bophirima. Ka 410 C.E., Roma ka boene o ne a gapiwa ke Alaric, kgosi ya Ba-Visigoth (mongwe wa merafe ya Yuropa bophirima o o neng o sokologetse mo “Bokereseteng” jwa mofuta wa ga Arius). Merafe ya mafatshe a Yuropa bophirima (le yone e le ya “Bokeresete”) e ne ya fenya Spain le bontsi jwa dikgaolo tsa Roma mo Afrika Bokone. Go ne ga feta makgolo a dingwaga go na le mekubukubu, dikgoberego, le diphetogo mo Yuropa. Go ne ga tsoga babusi ba ba tumileng mo Bophirima, jaaka Charlemagne, yo o neng a itsalanya le Mopapa Leo III mo lekgolong la bo9 la dingwaga, le Frederick II, yo o neng a busa mo lekgolong la bo13 la dingwaga. Mme lefelo le ba neng ba busa mo go lone, le mororo le ne la bidiwa Mmusomogolo o o Boitshepo wa Roma, le ne le le lebotlana thata go na le la Mmusomogolo wa Roma o o neng o tlile pelenyana nako ya fa o nonofile thata. E ne e le tsosoloso fela kana tsweledisopele ya mmuso ono wa bogologolo e se mmusomogolo o mosha go le kalo.

4. Ke katlego efe e Mmusomogolo wa Botlhabatsatsi o neng wa nna nayo, mme ke eng se se ileng sa diragalela bogolo jwa dikgaolo tse Roma wa bogologolo a neng a le mo go tsone pele mo Afrika Bokone, Spain, le Siria?

4 Mmusomogolo wa Botlhaba wa Roma, o o neng o busa mo Constantinople, o ne o na le dikamano tse di reketlang le Mmusomogolo wa Bophirima. Mo lekgolong la dingwaga la borataro mmusimogolo wa Botlhaba Justinian I o ne a kgona go fenya gape bogolo jwa Afrika Bokone, mme gape a tsenelela kwa Spain le Italy. Mo lekgolong la dingwaga la bosupa, Justinian II o ne a gapela Mmusomogolo ono gape dikarolo tsa Macedonia tse di neng di fentswe ke merafe ya Ba-Slav. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la dingwaga la borobedi, bogolo jwa dikgaolo tsa Roma wa bogologolo mo Afrika Bokone, Spain, le Siria, di ne di busiwa ke mmusomogolo o mosha wa Iselamo mme jalo tsa se ka tsa tlhola di laolwa ke Constantinople le Roma.

5. Le mororo motse wa Roma o ne wa fenngwa ka 410 C.E., go ne ga diragala jang gore masalela a bopolotiki a Mmusomogolo wa Roma a bo a ile a tsaya makgolokgolo a dingwaga a ise a nyelele mo lefatsheng?

5 Motse wa Constantinople ka boone o ne wa nna gone ka lobakanyana. O ne wa falola ditlhaselo tse dintsi tsa Baperesia, Ba-Arabia, le Ba-Bulgaria, le Ba-Russia go fitlhelela ka 1203 fa kgabagare o fenngwa—e seng ke Bamoselema mme ke Ba-Crusade ba ba tswang Bophirima. Le fa go le jalo, ka 1453, o ne wa busiwa ke mmusi wa Momoselema wa Ottoman e bong Mehmed II mme wa akofa wa nna motsemogolo wa Ba-Ottoman, kana Mmusomogolo wa Turkey. Ka jalo, le mororo motse wa Roma o ne wa fenngwa ka 410 C.E., go ne ga tsaya makgolokgolo a dingwaga gore masalela otlhe a Mmusomogolo wa Roma wa sepolotiki a nyelele mo lefatsheng. Mme le gone ka nako eo, tlhotlheletso ya bone e ne e sa ntse e lemosega mo mebusong megolo ya sedumedi e e neng e theilwe mo boeteledingpele jwa bomopapa ba Roma le mo dikerekeng tsa Eastern Orthodox.

6. Ke mebusomegolo efe e mesha e e neng ya nna gone, mme ke ofe o o neng wa atlega thatathata?

6 Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la dingwaga la bo15, dinaga dingwe di ne di ntse di aga mebusomegolo e mesha gotlhelele. Le mororo mebusomegolo eno e ne ya thaiwa mo dikgaolong tse pele e neng e le dikolone tsa Roma, mebusomegolo ya tsone e ne e se tsweledisopele fela ya Mmusomogolo wa Roma. Portugal, Spain, Fora, le Holland tsotlhe di ne tsa nna bonno jwa mebuso e e neng e anamela kgakala. Mme o o neng wa atlega thata e ne e le Boritane, o o neng wa okamela karolo e kgolo thata ya mmusomogolo o ‘letsatsi le neng le se ke le phirima mo go one.’ Mmusomogolo ono o ne wa anama ka dinako tse di farologaneng mo dikarolong tse dikgolo tsa Amerika Bokone, Afrika, India, le Asia Borwabotlhaba, mmogo le mo boatlhamong jwa South Pacific.

7. Mmuso wa lefatshe o o maphata mabedi o ne wa nna gone jang, mme Johane o ne a re ‘tlhogo’ ya bosupa, kana mmuso wa lefatshe, o ne o tla nna gone ka lobaka lo lokae?

7 Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, dingwe tsa dikolone mo Amerika Bokone di ne di setse di ikgaogantse le Boritane go itirela United States of America e e ikemetseng ka nosi. Ka tsela ya sepolotiki, dingwe tsa dikgotlhang tse di neng di le gone gare ga setšhaba se sesha seno le mmaasone wa pele di ne tsa tswelela. Le fa go ntse jalo, ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne ya pateletsa gore dinaga tseno tsoopedi di itemoge gore di dingwe fela mme di ne tsa nonotsha kamano ya tsone e e kgethegileng. Ka jalo, mmuso wa lefatshe o o pataganeng sebedi o ne wa nna gone, o o dirilweng ka United States of America, e jaanong e leng setšhaba se se humileng thata mo lefatsheng, le Great Britain o e neng e le bonno jwa mmusomogolo o o anameng thata mo lefatsheng. Jalo he, ‘tlhogo,’ ya bosupa, kana mmuso wa lefatshe lotlhe, o ne o tlhagile, o o ntseng o tsweletse le go tsena mo motlheng wa bokhutlo le mo dinageng tse Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba neng ba thaega teng pele. Fa e bapisiwa le puso e e neng ya busa nako e telele ya tlhogo ya borataro, ya bosupa e nna gone “lobakanyana,” go fitlha Bogosi jwa Modimo bo senya ditšhaba tsotlhe.

Ke ka Ntlha Yang fa e Bidiwa Kgosi ya Borobedi?

8, 9. Moengele o bitsa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo sa tshwantshetso eng, mme se tswa mo go tse supa ka tsela efe?

8 Moengele o tswelela ka go tlhalosetsa Johane a re: “Mme sebatana se se neng se le gone mme se seyo, le sone ka bosone ke kgosi ya borobedi, mme e tswa mo go tse supa, mme e ya tshenyegong.” (Tshenolo 17:11) Sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo sa tshwantshetso ‘se tswa’ mo ditlhogong tse supa; ke gore, go tsalwa ga sone, kana bogone jwa sone, ke mo go tswang mo ditlhogong tsa “sebatana sa naga [se se tswang] mo lewatleng” sa kwa tshimologong, seo sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo e leng setshwantsho sa sone. Ka tsela efe? Ka 1919 mmuso wa Maesemane le Maamerika o ne o le tlhogo e e tlhatlogileng. Ditlhogo tsa pele tse thataro di ne di ole, mme boemo jwa go nna mmusi yo mogolo wa lefatshe bo ne bo fetetse mo tlhogong eno e e maphata mabedi mme bo ikaegile ka yone. Tlhogo eno ya bosupa, jaaka moemedi wa lobaka lono wa tatelano ya mebuso ya lefatshe, ke yone e tlhotlheleditseng go tlhomiwa ga lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba mme e sa ntse e le yone morotloetsi le motshegetsi ka madi wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Ka gone, go ya ka tshwantshetso, sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo—kgosi ya borobedi—‘se tswa mo’ ditlhogong tsa pele tse supa. Fa go lejwa ka tsela e, mafoko a gore se dule mo go tse supa a dumalana sentle le tshenolo ya pele ya gore sebatana se se dinaka tse pedi jaaka konyana (mmuso wa lefatshe wa Maesemane le Maamerika, kana tlhogo ya bosupa ya sebatana sele sa pele) ke sone se tlhotlheleditseng gore go dirwe setshwantsho mme ke sone se se se fileng botshelo.—Tshenolo 13:1, 11, 14, 15.

9 Mme gape, maloko a pele a Kgolagano ya Ditšhaba a ne a akareletsa, mmogo le Great Britain, mebuso e e neng e busa mo pele go neng go le ditlhogo tsa pele e bong Gerika, Iran (Peresia), le Italy (Roma). Kgabagare, mebuso e e busang dikgaolo tse pele di neng di laolwa ke mebuso ya pele ya lefatshe e merataro, di ne tsa nna maloko a a tshegetsang setshwantsho sa sebatana. Ka tsela eno gape, go ka bolelwa gore sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se ne sa tswa mo mebusong ya lefatshe e supa.

10. (a) Go ka bolelwa jang gore sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo “le sone ka bosone ke kgosi ya borobedi”? (b) Moeteledipele wa naga e pele e neng e le Soviet o ne a supa jang gore o tshegetsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng?

10 Ela tlhoko gore sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo “le sone ka bosone ke kgosi ya borobedi.” Ka jalo, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng gompieno le tlhamilwe ka tsela ya gore le bonale jaaka mmuso wa lefatshe lotlhe. Ka dinako tse dingwe le ile la itshwara jaaka one, le romela masole kwa ntweng go ya go rarabolola dikgotlhang tsa ditšhaba tse di farologaneng, jaaka kwa Korea, kwa Sinai Peninsula, mo dinageng dingwe tsa Afrika, le kwa Lebanona. Mme tota fela ke setshwantsho sa kgosi. Fela jaaka setshwantsho sa bodumedi, ga se na tlhotlheletso ya mmannete kana maatla ape kwantle ga a se a fiwang ke ba ba dirileng gore se nne gone le gore se obamelwe. Ka dipaka tse dingwe, sebatana seno sa tshwantshetso se lebega se le bokoa; mme ga se ise se ko se itemogele tatlhego e e feletseng e e neng ya tlisiwa ke maloko mangwe a bobusaesi a a neng a digela lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba mo moleteng. (Tshenolo 17:8) Le mororo mo dikarolong tse dingwe a na le megopolo e e farologaneng gotlhelele, moeteledipele wa maemo a a kwa godimo wa naga e pele e neng e le ya Soviet ka 1987 o ne a kopanela le bomopapa ba Roma fa ba ne ba bua ka maikaelelo a bone a go tshegetsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. O ne a bo gape a ikuela gore “go nne le tsamaiso e e nonofileng ya go tlisa polokesego mo ditšhabeng tsotlhe” ka thuso ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Fela jaaka Johane a ne a akofa a utlwa, nako e tla tla fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tla bong le dirisa nonofo e kgolo. Mme morago ga moo, le lone ‘le tla ya tshenyegong.’

Dikgosi di le Lesome ka Nako e le Nngwe Fela

11. Ke eng se moengele wa ga Jehofa a se bolelang kaga dinaka tse di lesome tse di mo sebataneng se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo?

11 Mo kgaolong e e fetileng ya Tshenolo, moengele wa borataro le wa bosupa ba ne ba ile ba tsholola megopo ya bogale jwa Modimo. Ka jalo re ne ra bolelelwa gore dikgosi tsa lefatshe di phuthelwa kwa ntweng ya Modimo ya Haramagedona le gore ‘Babelona o Mogolo o tla gopolwa mo ponong ya Modimo.’ (Tshenolo 16:1, 14, 19) Mme jaanong re tla ithuta ka selekanyo se segolwane kafa dikatlholo tsa Modimo mo go tseno di diragadiwang ka gone. Reetsa gape jaaka moengele wa ga Jehofa a bua le Johane. “Mme dinaka tse di lesome tse o di boneng di kaya dikgosi tse di lesome, tse di iseng di amogele bogosi, mme di amogela taolo jaaka dikgosi nako e le nngwe le sebatana. Tseno di na le kakanyo e le nngwe, mme jalo di naya sebatana maatla le taolo ya tsone. Tseno di tla tlhabana le Kwana, mme, ka gonne ke Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi, Kwana o tla di fenya. Gape, ba ba biditsweng e bile ba tlhophilwe mme ba ikanyega mo go ene ba tla dira jalo.”—Tshenolo 17:12-14.

12. (a) Dinaka tse di lesome di tshwantshetsa eng? (b) Dinaka tse di lesome tsa tshwantshetso ‘di ne di ise di amogele bogosi’ ka tsela efe? (c) Dinaka tse di lesome tsa tshwantshetso di na le “bogosi” jang gone jaanong, mme ka lobaka lo lo kana kang?

12 Dinaka tse di lesome di tshwantshetsa mebuso yotlhe ya sepolotiki e jaanong jaana e tshwereng marapo mo lefatsheng mme e bile e le yone e e tshegeditseng setshwantsho sa sebatana. Ke dinaga di sekae fela tse jaanong di leng teng tse di neng di itsiwe mo motlheng wa ga Johane. Mme tse di neng di le teng, jaaka Egepeto le Peresia (Iran), gompieno di na le mefuta e e farologaneng gotlhelele ya polotiki. Ka jalo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ‘dinaka tse di lesome di ne di ise di amogele bogosi.’ Mme jaanong mo letsatsing la Morena, di na le “bogosi,” kana thata ya sepolotiki. Fa mebuso e megolo ya bokolone e sena go wa, segolobogolo fa e sa le ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, go ile ga tlholega ditšhaba tse dintsi tse disha. Tseno, mmogo le mebuso e e sa bolong go tlhomiwa, di tshwanetse go busa le sebatana ka lobakanyana—ka “nako e le nngwe”—pele ga Jehofa a khutlisa taolo yotlhe ya sepolotiki ya lefatshe ka Haramagedona.

13. Ke ka tsela efe dinaka tse di lesome di nang le “kakanyo e le nngwe,” mme seno se tiisetsa gore di na le boikutlo bofe mo go Kwana?

13 Gompieno, bosetšhaba ke nngwe ya ditlhotlheletso tse di nonofileng thata mo dinakeng tseno tse di lesome. Di na le “kakanyo e le nngwe” mo go reng di batla go boloka bolaodi jwa tsone jwa setšhaba go na le go amogela Bogosi jwa Modimo. Jono e ne e le boikaelelo jwa tsone fa di ne di tshegetsa lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng—go boloka kagiso mo lefatsheng mme ka gone di ipoloke di ntse di le gone. Boikutlo jo bo ntseng jalo ke jo bo tiisetsang gore dinaka di tla ganetsa Kwana, “Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi,” ka go bo Jehofa o rulaganyeditse gore Bogosi jwa gagwe ka Jesu Keresete bo akofe bo tseele magosi ano otlhe sebaka.—Daniele 7:13, 14; Mathaio 24:30; 25:31-33, 46.

14. Go ka kgonega jang gore babusi ba lefatshe ba tlhabane le Kwana, mme phelelo e tla nna efe?

14 Legale, ga go na sepe se babusi ba lefatshe leno ba ka se dirang kgatlhanong le Jesu ka boene. O kwa legodimong, kgakalakgakala le bone. Mme bomonnawe Jesu, ba ba setseng ba losika lwa mosadi, ba sa ntse ba le mo lefatsheng mme go bonala ba le mo kotsing. (Tshenolo 12:17) Bontsi jwa dinaka bo setse bo supile letlhoo la tsone mo go bone, ka tsela eno di tlhabane le Kwana. (Mathaio 25:40, 45) Le fa go le jalo, ka bonakonyana fela, nako e tla tla e ka yone Bogosi jwa Modimo bo tla ‘thubaganyang bo fedisa magosi ano otlhe.’ (Daniele 2:44) Morago ga moo, dikgosi tsa lefatshe di tla tlhabana go ya kwa bokhutlong le Kwana, jaaka fa re tla tloga re bona. (Tshenolo 19:11-21) Mme fano re ithuta mo go lekaneng gore re ka bona gore ditšhaba ga di ne di atlega. Le mororo tsone le sebatana sa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo di na le “kakanyo e le nngwe,” di ka se fenye “Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi” yo mogolo, le fa e le gone gore di ka fenya “ba ba biditsweng e bile ba tlhophilwe mme ba ikanyega mo go ene,” ba ba akaretsang balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng. Bano le bone ba tla bo ba fentse ka go boloka bothokgami, ka go rialo ba araba ditatofatso tse di bosula tsa ga Satane.—Baroma 8:37-39; Tshenolo 12:10, 11.

Go Senya Seaka

15. Ke eng se moengele a se bolelang ka seaka le tsela e dinaka tse di lesome le sebatana di tla ikutlwang le go itshwara ka gone tebang le sone?

15 Batho ba Modimo ga se bone fela ba ilwang ke dinaka tse di lesome. Moengele jaanong o lebisa Johane gape kwa seakeng: “Mme o nthaya a re: ‘Metsi a o a boneng, a seaka se ntseng mo go one, a raya batho le boidiidi le ditšhaba le diteme. Mme dinaka tse di lesome tse o di boneng, le sebatana, tseno di tla tlhoa seaka mme di tla se senya di bo di se dira se se sa ikategang, mme di tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama di di fetsa di ba di se ja ka molelo gotlhelele.’”—Tshenolo 17:15, 16.

16. Ke ka ntlha yang fa Babelona o Mogolo a se kitla a kgona go ikaega mo metsing a gagwe go bona tshegetso le tshireletso fa mebuso ya sepolotiki e mo tlhasela?

16 Fela jaaka Babelona wa bogologolo a ne a ikaegile ka boiphemelo jwa metsi, Babelona o Mogolo gompieno o ikaegile thata ka maloko a mantsi a “batho le boidiidi le ditšhaba le diteme.” Kafa tshwanelong moengele o re bolelela ka bano pele ga a re bolelela ka tiragalo e e tshosang: Mebuso ya sepolotiki ya lefatshe leno e tla tsogologela Babelona o Mogolo ka bosetlhogo. Ke eng se “batho le boidiidi le ditšhaba le diteme” ba tla se dirang ka nako eo? Batho ba Modimo ba setse ba tlhagisa Babelona o Mogolo gore metsi a noka ya Euferatese a tla kgala. (Tshenolo 16:12) Metsi ao kgabagare a tla kgala gotlhelele. Ga a kitla a tlhola a fa seaka sa bogologolo se se makgapha tshegetso epe e e bonalang mo nakong e se e tlhokang thatathata.—Isaia 44:27; Jeremia 50:38; 51:36, 37.

17. (a) Ke ka ntlha yang fa mahumo a Babelona o Mogolo a se kitla a mo falotsa? (b) Ke ka ntlha yang fa bokhutlo jwa Babelona o Mogolo e tla bo e le jo bo sa tlotlegeng gotlhelele? (c) Kwantle ga dinaka tse di lesome, kana ditšhaba ka bongwe ka bongwe, ke eng gape se se tsenang mo lesukasukeng le le kgatlhanong le Babelona o Mogolo?

17 Tota ruri, khumo e ntsintsi e Babelona o Mogolo a nang le yone ga e kitla e mmoloka. E bile e ka nna ya akofisa tshenyego ya gagwe, ka go bo ponatshegelo e bontsha gore e tla re fa sebatana mme morago dinaka tse di lesome di supa bogale jwa tsone mo go ene di tla mo apola diaparo tsa gagwe tsa segosi le majana otlhe a mokgabo. Di tla thopa khumo ya gagwe. ‘Di tla mo dira yo o sa ikategang,’ ka go mo tlhabisa ditlhong di supa se tota a leng sone. A bo e le tshwafatso e kgolo jang ne! Ruri tsela e a felelang ka yone ke e e sa tlotlegeng gotlhelele. Di a mo senya, ‘di tla ja dikarolo tsa gagwe tse di dinama,’ di mo tlogela a le marapo fela a a se nang botshelo. Kgabagare, di mo “ja ka molelo gotlhelele.” O fisiwa jaaka sengwe se se tshotseng sebetso se se bolayang, mme jalo a sa bone phitlho epe e e matsetseleko! Ga se ditšhaba fela, jaaka fa di emelwa ke dinaka tse di lesome, tse di senyang seaka se segolo, mme gape le “sebatana,” e leng lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka bolone, se kopanela mo lesukasukeng leno. Se tla ntsha tetla ya gore bodumedi jwa maaka bo senngwe. Bontsi jwa ditšhaba tse di ka nnang 190 le go feta tse di mo lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng di setse di supile, ka tsela ya tsone ya go tsaya ditlhopho, gore di ila bodumedi, segolobogolo ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete.

18. (a) Go setse go bonetse eng se se bontsha gore go ka direga gore ditšhaba di tlhanogele bodumedi jwa Babelona? (b) Lebaka la konokono la gore seaka se segolo se tlhaselwe ka maatla e tla bo e le lefe?

18 Ke ka ntlha yang fa ditšhaba di tlile go tshwara yo e kileng ya bo e le nyatsi ya tsone ka tsela e e botlhaswa jaana? Re setse re bone mo ditiragalong tsa bosheng jaana se se bontsha gore go ka direga gore bodumedi jwa Babelona bo tlhaselwe. Kganetso ya semmuso e ile ya fokotsa thatathata tlhotlheletso ya bodumedi mo dinageng tse di jaaka e pele e neng e le Soviet Union le ya China. Mo dikarolong tsa Baporotesetanta kwa Yuropa, tlhokomologo le dipelaelo tse di ileng magoletsa di ile tsa tlhotlhora dikereke, mo go ka tweng bodumedi bo sule gotlhelele. Karolo e kgolo ya mmusomogolo wa Katoliki o kgautlhantswe ke botsuolodi le dikgogakgogano, tse baeteledipele ba one ba sa kgoneng go di ritibatsa. Le fa go le jalo, ga re a tshwanela go lebala lebaka la gore tlhaselo eno e e nonofileng, mo go Babelona o Mogolo e nna gone ka ntlha ya katlholo e e sa fetogeng ya Modimo mo seakeng se segolo.

Go Diragatsa Kakanyo ya Modimo

19. (a) Tiragatso ya katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le seaka se segolo e ka tshwantshediwa jang ka katlholo ya gagwe mo go Jerusalema wa botlhanogi ka 607 B.C.E.? (b) Ke eng se boemo jwa go swafala le go tlhoka banni ga Jerusalema morago ga 607 B.C.E. go neng go se supa kaga motlha wa rona?

19 Jehofa o diragatsa katlholo eno jang? Seno se ka tshwantshediwa ka kgato ya ga Jehofa kgatlhanong le batho ba gagwe ba batenegi mo metlheng ya bogologolo, ba ka bone a neng a re: “Mo baporofeting ba Jerusalema ke bone dilo tse di maswe, go dira boaka le go tsamaya mo maakeng; mme ba nonotshitse diatla tsa badirabosula gore ba se ka ba boa mongwe le mongwe mo bosuleng jwa gagwe. Mo go nna botlhe ba fetogile go nna jaaka Sodoma, le banni ba gagwe jaaka Gomora.” (Jeremia 23:14) Ka 607 B.C.E., Jehofa o ne a dirisa Nebukadenesare go ‘apola’ motse o o akafetseng mo semoyeng oo ‘diaparo, le go o tseela dilwana tse dintle, le go mo tlogela a sa ikatega e bile a sa tswala.’ (Esekiele 23:4, 26, 29) Jerusalema wa nako eo e ne e le setshwani sa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete gompieno, mme jaaka Johane a ne a bona mo diponatshegelong tsa pelenyana, Jehofa o tla diragatsa kotlhao e e tshwanang mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete le mo bodumeding jotlhe jwa maaka. Boemo jwa tshwafalo, le boemo jwa go sa nneng le baagi ga Jerusalema morago ga 607 B.C.E. go bontsha kafa dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di tla lebegang ka gone morago ga fa di sena go amogiwa mahumo a tsone le go senolwa ka tsela e e tlhabisang ditlhong. Mme bontsi jwa Babelona o Mogolo bo tla diragalelwa ke se se tshwanang.

20. (a) Johane o bontsha jang gore Jehofa gape o tla dirisa batho go diragatsa katlholo? (b) “Kakanyo” ya Modimo ke eng? (c) Ditšhaba di tla diragatsa jang “kakanyo e le nngwe,” mme totatota di tla bo di diragatsa kakanyo ya ga mang?

20 Jehofa gape o dirisa babusi ba batho go diragatsa katlholo. “Gonne Modimo o go tsentse mo dipelong tsa tsone gore di diragatse kakanyo ya gagwe, le go diragatsa kakanyo e le nngwe ya tsone ka go naya sebatana bogosi jwa tsone, go fitlha mafoko a Modimo a tla bo a diragaditswe.” (Tshenolo 17:17) “Kakanyo” ya Modimo ke eng? Ke go rulaganyetsa babolai ba Babelona o Mogolo gore ba ikopanye mmogo, gore ba mo senyetse ruri. Legale, boikaelelo jwa babusi mo go mo tlhaseleng e tla bo e le go diragatsa “kakanyo e le nngwe” ya bone. Ba tla bo ba akanya gore e tla bo e le go somarela bosetšhaba jwa bone go tlhasela seaka se segolo. Ba ka nna ba leba go nna gone ga bodumedi jo bo rulagantsweng mo dinageng tsa bone jaaka matshosetsi a bolaodi jwa bone. Mme tota Jehofa e tla bo e le ene a tsamaisang dikgang; ba tla diragatsa kakanyo ya gagwe ka go senya mmaba wa bogologolo wa seaka, ka nako e le nngwe!—Bapisa Jeremia 7:8-11, 34.

21. E re ka sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se tla dirisiwa go senya Babelona o Mogolo, ke eng se ditšhaba ka phepafalo di tla se dirang mabapi le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng?

21 Ee, ditšhaba di tla dirisa sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, go senya Babelona o Mogolo. Ga di itirise fela ka botsone, ka go bo Jehofa o tsenya mo dipelong tsa tsone “le go diragatsa kakanyo e le nngwe ya tsone ka go naya sebatana bogosi jwa tsone.” Fa nako e goroga, ditšhaba kwa ntle ga pelaelo di tla bona kafa go tlhokegang ka teng go nonotsha lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Re ka re, di tla le tsenya mooko, di le fa thata le fa e ka nna efe le nonofo e di nang le yone gore le tle le tlhasele bodumedi jwa maaka le go tlhabana ka katlego kgatlhanong le ene “go fitlha mafoko a Modimo a tla bo a diragaditswe.” Ka jalo, seaka sa bogologolo se tla fela gotlhelele. Mme a bo seo se tla bo se le molemo jang ne!

22. (a) Mo go Tshenolo 17:18, ke eng se se supiwang ke tsela e moengele a digelang tshupo ya gagwe ka yone? (b) Basupi ba ga Jehofa ba arabela jang mo go senolweng ga bosaitsiweng jo?

22 Jaaka e kete o tshwantshetsa go tlhomamisega ga tiragatso ya katlholo ya ga Jehofa mo mmusong wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, moengele o digela tshupo ya gagwe ka go re: “Mme mosadi yo o mmoneng o kaya motse o mogolo o bogosi jwa one bo leng godimo ga dikgosi tsa lefatshe.” (Tshenolo 17:18) Fela jaaka Babelona wa mo motlheng wa ga Beleshasare, Babelona o Mogolo “o lekantswe bokete mo dilekanyong mme o fitlhetswe o tlhaela.” (Daniele 5:27) Polao ya gagwe e tla nna bofefo e bile e le ya bofelofelo. Mme Basupi ba ga Jehofa ba arabela jang mo go senolweng ga bosaitsiweng kaga seaka se segolo le sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo? Ba bontsha tlhagafalo ya bone ka go bolela motlha wa katlholo ya ga Jehofa, fa ba ntse ba araba ba ba batlang boammaaruri ka pelo e e phepa ka “bopelontle.” (Bakolosa 4:5, 6; Tshenolo 17:3, 7) Jaaka kgaolo ya rona e e latelang e tla bontsha, botlhe ba ba ratang go falola fa seaka se segolo se nyelediwa ba tshwanetse go tsaya kgato, mme ba e tseye ka bofefo!

[Ditshwantsho mo go tsebe 252]

Tatelano ya Mebuso e Megolo ya Lefatshe e e Supang

EGEPETO

ASIRIA

BABELONA

BAMEDA LE BAPERESIA

GERIKA

ROMA

MAESEMANE LE MAAMERIKA

[Ditshwantsho mo go tsebe 254]

“Le sone ka bosone ke kgosi ya borobedi”

[Setshwantsho mo go tsebe 255]

Ka go huralela Kwana, “di naya sebatana maatla le taolo ya tsone”

[Setshwantsho mo go tsebe 257]

Dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete jaaka karolo ya konokono ya Babelona o Mogolo di tla tshwana fela le Jerusalema wa bogologolo ka tshenyego e e feletseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela