PINA 49
Go Itumedisa Pelo ya ga Jehofa
E e Gatisitsweng
1. Jah re dirile maikano
A go dira thato ya ’go,
Gonne fa re dira jalo,
Re a go itumedisa.
2. Motlhanka yo’o boikanyego,
O dira thomo ya gagwe.
O re fa dijo ka nako,
Go re nonotsha tumelo.
3. Re kopa o re fe maatla,
Gore re nne re’ikanyega
Le go go baka ka metlha.
Gore re go’itumedise.
(Bona le Math. 24:45-47; Luke 11:13; 22:42.)