PINA 111
Mabaka a Rona a go Ipela
1. Re na le mabaka’a go’ipela,
A tshwana le khumo’e kgolo.
’Phuthegong tsa rona go tletse
Batho ba merafe yotlhe.
Boipelo jwa rona bo theilwe
Mo Lefokong la Modimo.
Re rutwa ke lone ka metlha,
Le re nonotsha tumelo.
Fa re tlhagelwa ke mathata
Le fa re le mo ditekong,
Jehofa o tla re tshegetsa
Le go re fa boitshoko.
(KHORASE)
Boipelo jwa rona ke Jah,
Le popo yotlhe ya gagwe.
Dikakanyo le ditiro tsa ’gwe,
Di molemo mme di maatla!
2. Re’ipelela popo ya gagwe,
Tiro ya diatla tsa gagwe.
Fa re ntse re lebile popo,
Re bona maatla a gagwe.
Re naya bosupi ka ene
Le go rera ka Bogosi.
Dikgang tsa gore bo a busa,
Re di rera ’fatsheng lotlhe.
Jehofa’o tla re segofatsa.
Re tla nna re itumetse
Mo lefatsheng la Paradaise;
Re tshela ka bosakhutleng.
(KHORASE)
Boipelo jwa rona ke Jah,
Le popo yotlhe ya gagwe.
Dikakanyo le ditiro tsa ’gwe,
Di molemo mme di maatla!
(Bona le Dute. 16:15; Isa. 12:6; Joh. 15:11.)