LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • tp kgao. 8 ts. 86-93
  • Ke Bomang Ba ba Tla Falolang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Bomang Ba ba Tla Falolang?
  • Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Nako E E Fetileng tsa Phalolo
  • Se Jehofa A se Lebang mo Dipelong tsa Batho
  • Se O Ka Se Dirang Jaanong
  • Phediso ya Lefatshe Pele—Mme go Latele Kagiso ya Lefatshe
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Go Bolokiwa o Tshela go Ralala Sepitla se Segolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • A o Ipaakanyeditse go Falola?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A O Atlhola Lefatshe ka Tumelo ya Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
tp kgao. 8 ts. 86-93

Kgaolo 8

Ke Bomang Ba ba Tla Falolang?

1. (a) Go falolela ga motho mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo ya kagiso go tla ikaega godimo ga eng? (b) Tshenolō kgaolo 7 e tlhalosa jang bao ba tla falolelang le go tshela mo lefatsheng la Paradaise?

PHALOLO ya phediso ya lefatshe e e tlang ga e kitla e nna kgang ya fa nka kgona, jaaka gantsi go diragala mo dintweng tsa batho. Ga e kitla e tlhomamisiwa ke gore motho o nna kae, lefa e le gore ke motho go potlakela mo boitshubelong bongwe jwa bomo kana botshabelong bongwe ntateng ya modumo wa tlhagiso. Phalolo e tla ikaega mo kutlwelo botlhokong ya Modimo gammogo le tlhopho e mongwe le mongwe a e dirang pele ga “sepitla se segolo” se simologa. O ka dira jang tlhopho eo e ka go bayang gareng ga bao ba falolelang botshelong mo lefatsheng mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo ya paradaise ya kagiso?—Tshenolō 7:9, 10, 14, 15.

2. Ke mang yo o tlhomang mabaka a phalolo, mme ano a fitlhelwa kae?

2 Bibela ga e bolelele pele fela gore go tla nna le ba ba tla falolang phediso ya lefatshe e e tlang. Gape e tlhoma motlhala o o re kgonisang go itse gore e tla nna batho ba mofuta ofe. Ereka Modimo o kgonagatsa phalolo, ka tshwanelo o tlhoma mabaka.

3. Gore go tle go nne le kagiso le polokesego, ke eng fa go tlhokafala gore badira bosula ba kgaolwe?

3 Modimo ka botlhale le ka tshiamo o tla bona gore ba ba falolang e nne batho ba ba tla dirang molemo mo Thulaganyong e Ntšha ya gagwe, e seng ba ba tla e senyang. Fa a ka dira gore ba ba sa siamang ba falole, ga go ka ke ga nna le kagiso le polokesego mo basiaming. Magae a bone le boiketlo jwa botho di tla nne di nne mo kotsing. Mme Bibela e solofetsa jaana: “Badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe.” Ke ka gore Modimo o dirise tekanyetso eo, jaaka e tlhalositswe go Pesalema 37:9-11, bafalodi ba tla kgonang go “inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” Ka moo Modimo o tla dirang se ka gone go bonwa pegong ya dipaka tsa nako e e fetileng fa boikepo jwa batho bo ne bo tlama Modimo go tlisa phediso.

Dikai Tsa Nako E E Fetileng tsa Phalolo

4-6. (a) Ke eng se se supelang gore phediso ya Jerusalema ka 70 C.E. ke bonnete jwa ditiragalo? (b) Ke eng fa phediso e ile ya tla? (c) Ke eng se se dirileng gore go kgonagale ka barutwa ba ga Jesu gore ba falole?

4 Mo motseng wa Roma gompieno go sa ntse go eme kago e e gogoropo ya segopodiso go tswa lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha o o Tlwaelegileng, Kago e e Gogoropo ya ga Tito. Mo go yone go tshwantshitswe go tsewa ga dilo mo tempeleng mo Jerusalema morago ga phediso ya motse oo ka 70 C.E. Jalo he phediso eo ke bonnete jwa ditiragalo. Ka go lekana ka ditiragalo ke bonnete jwa gore masome a dingwaga pele ga phediso eo Jesu Keresete o ne a boleletse pele ka bobedi go tla ga yone le ka moo batho ba neng ba ka falola ka teng.

5 Batho ba Bajuda ba ne ba latlhile Modimo e le gore ba latele batho le mekgwa ya bodumedi ya batho. (Mathaio 15:3-9) Ba ne ba beile tsholofelo ya bone mo babusing ba bopolotiki ba batho mme e seng mo Bogosing jo bo solofeditsweng jwa Modimo. (Yohane 19:15) Ba ne ba ya bokgakaleng jwa go gana mme e sita le go lwantsha boammaaruri joo Morwa Modimo le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba bo bolela. Jesu o ne a tlhagisa ka matswela ao tsela e e ntseng jalo e neng e tla gogela go one.—Mathaio 23:37, 38; 24:1, 2.

6 Diphelelo di nnile fela jaaka di boleletswe pele. Ka ngwaga wa 66 C.E., Bajuda ba ne ba tsuololela Roma. Tlhaselo ya ntlha ya Jerusalema ka Baroma e latetswe ke poelo morago e e neng e sa solofelwa. Seno e ne e le sesupo le sebaka sa gore ba ba dumelang mo go Jesu ba dire se a neng a se boletse: Ba tshabe—ba tswe mo motseng o o atlhotsweng le nageng yotlhe ya Judea, go sa kgathalesege gore motho o ne a tlogela eng kwa morago. Barutwa ba sebele ba ga Jesu ba dirile fela jalo. Mme, ka ngwaga wa 70 C.E., Baroma ba boa mme, morago ga seduledi, ba senya Jerusalema le bao ba ganneng go reetsa. Yo o boneng ka matlho, ebong raditiragalo wa Mojuda Josephus, o bolela gore batho ba le 1 100 000 mo Jerusalema ba ile ba bolawa ke leuba, bolwetsi, kgang ya selegae, kana tšhaka ya Baroma. Lefa go le jalo Bakeresete bao ba neng ba tsaya kgato e e lolameng ba ne ba falola.—Luke 19:28, 41-44; 21:20-24; Mathaio 24:15-18.

7. Go ile ga tlhokafala gore batho ba dire eng go falola fa Babelona a ne a senya morafe wa Iseraele?

7 Seemo se se tshwanang se ile sa bonala mo e batlileng e nna makgolo a supa a dingwaga pelenyana fa Modimo a ne a ile a letla batlhabani ba Babelona tlase ga Kgosi Nebukadenesare (II) go senya morafe wa Iseraele. Phediso eo, le yone, ke kgang ya ditiragalo. Gonne dingwaga pele, Modimo ka baperofeti ba ona o ne a tlhagisitse batho ba ba tenegang gore tsela ya bone e ne e gogela kudumeding. “Shokologañ, shokologañ mo ditseleñ tsa lona tse di boshula: gonne lo ratèlañ go shwa?” e ne e le mokgosi wa Modimo go bone. (Esekiele 33:11) Ba bantsi ba ne ba se ka ba dumela tlhagiso e e neng e bolelwa, e sita lefa Jerusalema e ne e tlile tlase ga seduledi ka batlhabani ba Bababelona, Baiseraele bao ba ne ba nna ba solofela gore ga go phediso epe e e tla tlang. Mme e ne ya nna gone fela jaaka go ne go boleletswe pele. Lefa go le jalo Modimo o ne a dira gore a boloke ba ba bontshitseng tumelo ya bone ka go nna kutlo.—Yeremia 39:15-18; Sefania 2:2, 3.

8-10. (a) Ke eng fa Jehofa a tlisitse phediso ya lefatshe mo malatsing a ga Noa? (b) Ke eng fa Noa le lelapa la gagwe ba ile ba bolokwa?

8 Go boela morago mo ditiragalong tsa motho re fitlhela tshupo ya pele pele ya motlhala wa bomodimo wa phalolo. E ne e kopanyeletsa e seng fela phediso ya semorafe mme eleng phediso ya lefatshe. Mme seo le sone ke bonnete jwa ditiragalo, ebong Morwalela wa kgolokwe o o diragetseng dingwageng tsa 2370/2369 B.C.E., mo malatsing a ga Noa. Kaga maemo ao a neng a le gone pele ga phediso eo ya lefatshe, Bibela e re: “Me Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe. Me lehatshe le ne le bodile ha pele ga Modimo, me lehatshe le ne le tletse thubakanyō.”—Genesise 6:5, 11.

9 Boikepo le bothubaki di ne tsa tlama Modimo gore o tseye kgato. Ke Noa fela le lelapa la gagwe ba ba bontshitseng tumelo le kutlo. Ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya bone, le go boloka tshiamiso le tshiamo mo lefatsheng, Jehofa Modimo wa “se ka oa rèkègèla lehatshe ya bogologolo, . . . ya baikepi.” Ga felela ka gore ‘lefatshe la motlha oo le senngwe ka le penologelwa ke metsi.’—2 Petere 2:5; 3:5-7.

10 Lefa go le jalo Noa le lelapa la gagwe ba falola. Ka ntlha yang? Santlha, ba ne ba se ka ba tsamaya le ‘lefatshe la baikepi’ mo tshiamololong ya bone. Ga ba itetla go kakega ka dilo tse di tlwaelegileng tsa botshelo, go ja, go nwa, le lenyalo, go re ba bo ba se arabele thatong ya Modimo kana go ikiba ditsebe tlhagisong ya ona. Noa o ‘sepetse le Modimo’ mo tshiamong. E ne e se fela go re ene le lelapa la gagwe ba ne ba ithiba fela mo go direng ditiro tse di bosula. Go na le moo, ba ne ba tsaya kgato e e tlhamaletseng go dira tshiamo. Ba ne ba dumela tota se Modimo o se buileng, mme ba go bontsha ka go aga ntlo e kgolo e e kokobalang ya matlo a mararo a a tlhatlaganeng e e fetang maoto a le 400 ka boleele. Noa gape o ne a dira ka tsela e e tlhamaletseng ka go nna “moreri oa tshiamō,” a bolelela ba bangwe kaga maikaelelo a Modimo, a buelela tsela ya tshiamo.—Genesise 6:9, 13-16; Mathaio 24:37-39; Bahebera 11:7.

11. Jaaka go supilwe ke dikai tse tsa tlhagiso, re tlamegile go dirang fa e le gore re tla falola phediso ya lefatshe e e tlang?

11 Batho ba ba ferang bobedi bano ba ne ba falola ka ntlha ya tumelo ya bone le ditiro tsa tumelo. Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba lebisa phedisong eo ya lefatshe jaaka polelelo pele ya se se lebaneng le batho mo ‘motlheng o wa bokhutlo.’ Ka jalo go phepafetse gore le rona re tlamegile go ikgaoganya le lefatshe leo le lebaneng le tshenyego, fela jaaka Noa le lelapa la gagwe ba ile ba dira. Le rona re tlamegile go direla tumalanong le thato ya Modimo. Ga re ka ke ra tsamaisiwa fela ke ditekanyetso tsa rona mme ra solofela go falola. Lefoko la Modimo le re: “Go na le tsela e eketeñ e siame mo mothuñ, me bokhutlō yoa eōna ke ditsela tsa losho.” (Diane 16:25) Lefa e le gore ponalo efe le efe ya tshiamo e e seng boteng e tla tlisa phalolo. Gonne Jehofa Modimo o bona se se mo pelong.—Diane 24:12; Luke 16:15.

Se Jehofa A se Lebang mo Dipelong tsa Batho

12, 13. (a) Ke maemo afe a a dirang gore batho ba bantsi ba batle phetogo? (b) Ke eng fa seno se sa lekana go tlhomamisa phalolo ya bone go tsena mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo? (c) Go nna gareng ga bafalodi, ke eng se se tlamegileng go tlhotlheletsa khutsafalo ya rona godimo ga maemo a jaanong a a bosula?

12 Batho ba le bantsi ga ba itumelele maemo a jaanong, mme ba bontsha seo ka dingongorego, ditshupo-kganano, mme mo mafatsheng mangwe ka tsuololo e e thubakanyang. Ba bantsi ba itumologela lekgetho le le kwa godimo le tlhatlogo ya dilo tsa botshelo. Ba tlhora ka ntlha ya kotsi ya bokebekwa. Poifo e ba dira gore ba batle phetogo. Mme, a se se lekane go tlhomamisa gore ba ka falolela mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo? Nnyaa, ga go a nna jalo. Ke eng go sa nna jalo?

13 Ka go bo motho a ka nna a se itumelele maemo a mme lefa go le jalo a le bogagapa. Gongwe e sita le go dumelela dibopego tse di rileng tsa boikanyologi le boitsholo jo bo maswe—fa fela ene a sa utlwisiwe botlhoko. Lefa go ntse jalo, batho ba ba dipelo di ikanyegang ba leba dilo ka mo go farologaneng. Fa ba ithuta Bibela ba bona gore maemo a a bosula a ke bosupi jo bo kwantle jwa bolwetsi jwa sebele jwa lefatshe le. Ba lemoga gore morago ga matshwao a ke tlhaelo ya kamego kaga go itse le go dira thato ya ga Jehofa le go tshela ka ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo. Jalo he, ga ba hutsafadiwe segolo bogolo ke ditshiamololo tsa loago, bokebekwa, kgotlelo, kana matshosetsi a ntwa. Go na le moo, batho ba ba dipelo di ikanyegang ba hutsafala bogolo segolo fa ba bona setho se kgala leina la Modimo ka tsela ya bone e e senyegileng. Mme ba hutsafalela gore ba bangwe, e seng bone fela, ba boga thata jaana ka ntlha ya gone.

14. Ke bomang ba ba ‘tshwaetsweng’ phalolo ka nako ya phediso ya Jerusalema ke Babelona?

14 Go falola phediso e e tlang ya lefatshe, re tlamegile go nna jaaka bao ba neng ba bolokwa fa Babelona a ne a senya Jerusalema ka 607 B.C.E., batho ba ba ileng ba tlhalosiwa jaaka ba ba “hègèlwañ, le ba ba shonèlèlañ dilō cotlhe tse di makgapha” tse di ne di dirwa fa gare ga motse. (Esekiele 9:4) Maemo a ne a le “makgapha” ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, bahumanegi ba ne ba gatelelwa, ba bangwe ba tshwerwe mo botlhankeng e seng kafa molaong ke ba ga bone. (Yeremia 34:13-16) Seemo sa boitsholo sa bogosi jwa Juda se ne se feteletse go feta le eleng bogosi jwa bokone jwa Iseraele, jo moperofeti Hosea a kwadileng ka jone pelenyana: “Ga go na sepè ha e se go ikana le go tlola maikanō, le go bolaea, le go ucwa, . . . me madi a batho a chwaraganye le madi.” (Hosea 4:2; Esekiele 16:2, 51) Ke fela ba ba ne ba shudile pelo ka ntlha ya tshiamololo e e ntseng jalo le tlontlololo tse di bontshitsweng Modimo ba ba ‘tshwaetsweng’ phalolo.—Esekiele 9:3-6.

15. Ke eng se se kganelang batho bangwe mo go direng diphetogo tse di tlhokafalang e le gore ba nne bafalodi ba phediso ya lefatshe e e tlang?

15 Lemororo ba le bantsi gompieno ba ka rata go ipelela botshelo mo lefatsheng ka bosakhutleng mo kagisong, mo letlepung, le mo boiketlong, ga ba batle go fetola tsela ya bone ya botshelo eo e ka tlisiwang ke go ithuta le go latela sekao sa Bibela sa botshelo jo bo tshwanetseng. Moteng-teng ga bone, eleruri ga ba rate tshiamo kana go amega eletota kaga ba ga bone. Ereka Thulaganyo e Ntšha ya Modimo e tla tlhagisa mokgatlho o mosha oo go tla “agañ tshiamō mo go aōna,” mafoko a a molemo kaga one a ikuela fela mo go ba ba ratang tshiamo. Ba bangwe ba ikutlwa ba sekisega ke one.—2 Petere 3:13; 2 Bakorintha 2:14-17.

Se O Ka Se Dirang Jaanong

16-18. (a) Motho o fetoga jang yo o ‘tshwaetsweng’ phalolo? (b) Ke kgato efe e a tlamegileng go e tsaya, mabapi le kobamelo ya maaka, mme he mabapi le kobamelo ya boammaaruri? (c) O tshwanetse go leba jang mekgatlho ya sepolotiki e e jaaka UN?

16 Jehofa o tla boloka fela bao ka tlhoafalo ba batlang go tshela tlase ga puso ya gagwe ya tshiamo. Ga a kitla a pateletsa mang kana mang go tshela tlaseng ga maemo ao bone ba sa a batleng. Ka jalo, bao ba bolokwang ba tla tshwanelwa ke go supa kamogelo ya bone ya sebele ya puso ya ona ya bomodimo gone jaanong. Ba ‘tshwaelwa’ phalolo ka go apara ‘botho jo bosha’ jwa Bokeresete, ba dumalanya matshelo a bone le ditsela tsa Modimo le go neela bosupi jwa gore ke barutwa ba Morwa Modimo. Ka gone ba ‘itshenkela botshelo’ le masego, e seng loso. (Bakolosa 3:5-10; Duteronome 30:15, 16, 19) Wena o tla itlhophela eng?

17 Tlhopho ya gago e kopanyeletsa boineelo jwa gago mo kobamelong ya Modimo. Jesu o ne a re: “Lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè.” (Yohane 4:23) Phalolo ya phediso ya lefatshe e e tlang ka jalo e tlhoka go latlha ga rona kobamelo yotlhe ya maaka mme ka tlhoafalo re tseye karolo mo kobamelong ya boammaaruri. Mme gape, bafalodi ga ba kitla ba fitlhelwa gareng ga bao ba ikanyang go Merafe e e Kopaneng kana mo mekgatlhong e mengwe ya sepolotiki, ereka jaana tseno e le bontlhanngwe jwa lefatshe leo le tla fedisiwang.—Tshenolō 17:11; 18:17-21.

18 Masego a a sa khutleng a letetse bao ba tsayang tsela eo e isang phalolong. Jaanong seka-seka tse dingwe tsa dilo tse dintle tse Modimo o di solofetsang ba ba dumelang Lefoko la gagwe le go supela tumelo eo ka kgato e e tlhamaletseng.

[Setshwantsho mo go tsebe 87]

“Boidiidi yo bogolo” bo tla falola phediso ya lefatshe go tshela mo lefatsheng mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela