Koketsego e e Tswelelang e Dira Gore go Tlhokege Diholo tsa Bogosi Tse di Oketsegileng
1 Moperofeti wa ga Jehofa o ne a bolelela pele bogologolo gore “dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe di tla tla.” (Hagai 2:7) Eleruri re kgona go bona bosupi jwa kafa thuto ya bomodimo e dirang gore diketekete di ithute boammaaruri le go nna baobamedi ba ga Jehofa. A bo go itumedisa jang ne go bona go kolobeditswe batho ba le 3 877 ka ngwaga wa tirelo wa 1993 mo Afrika Borwa fela! Gore re tswelele pele re thusa batho bano ba basha botlhe, re tlhoka go ‘gopola mekgwa ya rona’ gore re tle re tlhomamise gore re tshegetsa tiro ya Modimo ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng. (Bapisa Hagai 1:5.) Ee, seabe sa rona se se botlhokwa mo go tshegetseng tiro ya Modimo e tla nna e le go thusa go dira gore boidiidi jwa batho ba basha ba ba bakang Jehofa ba nne le matlo a a siameng a kobamelo.
2 Ka 1993, go ne ga kgakolwa Diholo tsa Bogosi di le 36 mme go santse go na le tse dingwe tse dintsi tse di santseng di agiwa mo Afrika Borwa le mo dinageng tse dingwe tse di bapileng le yone. Eleruri tiro ya ga Jehofa e golediwa “godimo ga mekhuyana.” (Isa. 2:2) Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi le setse le na le dingwaga di le tharo jaanong mme le dirile gore diphuthego di le 20 di kgone go nna le mafelo a masha a Diholo tsa Bogosi. Go itumedisa tota go bona kafa bakaulengwe ba ntseng ba tshegetsa letlole leno la madi le go thusanwang ka lone. Madi a a adimiwang diphuthego a busiwa a na le morokotso o o oketsegileng gore meneelo yotlhe e e ntshiwang e tle e tswelele pele e dirisiwa dingwagangwaga go agiwa Diholo tsa Bogosi tse disha. Ka jalo, diphuthego tse di adimilweng madi a go aga Holo ya Bogosi di supa fa di anaanela seno ka go duela madi ao ka boikanyegi ka bonako fa kgwedi nngwe le nngwe e simologa. Selo se sengwe se se kgothatsang thata ke gore Diholo tsa Bogosi tse robedi tse di neng tsa kgakolwa ka 1993 di ne tsa duelelwa ke diphuthego tseo ka botsone. Go bonala dingwe tsa diphuthego tseno di sena dilo tse dintsi tse di bonalang, mme di ne di iketleeditse go bona kobamelo ya boammaaruri e golediwa mo mafelong a tsone.
3 Go Thusiwa ke Dikomiti tsa Kago tsa Kgaolo: Dikomiti tsa Kago tsa Kgaolo tse 20 tse di mo tshimong ya rona di thusa bagolwane ba ba nang le seabe mo go ageng Diholo tsa Bogosi tse disha le go di baakanya. Di thusa go lekanyetsa gore a go tlhokega Holo e ntšha ya Bogosi kana go tshwanetse gore e tlhabololwe, e bile ba rulaganyetsa gore batho ba mafelo a mangwe ba thuse go ya ka se se tlhokegang pele ga setsha se rekwa go fitlha Holo ya Bogosi e wediwa. Phuthego nngwe le nngwe e abelwa nngwe ya dikomiti tseno.
4 Badiri ba ba diketekete ba ile ba ithaopa ka go rata go dira karolo eno ya tiro e e boitshepo. Gare ga baithaopi bano go na le batho ba ba ithutileng ditiro dingwe le batho ba ba itseng tiro ya diatla, ba ba dirisetsang nako ya bone go reka ditsha, go faela dipampiri tsa molao, go dira dipolane tsa kago, le go dira mananeo a dilo tse di tshwanetseng go rekwa. E bile gape ba thusa go reka dilo tsa boleng jo bo kwa godimo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase, ba dira tiro e go simololwang ka yone mo setsheng, le go okamela tiro ya go aga ka boyone. Re ba akgola thata go bo ba ithaopa ka bopelotshweu go dira dilo tseno tse di botlhokwa tse di direlwang Bogosi ka pelo yotlhe mme seno se dira gore Jehofa a ba segofatse thata.—Dia. 11:25.
5 Bagolwane ba tshwanetse go ikgolaganya le Komiti ya Kago ya Kgaolo ya lefelo la bone fa phuthego ya bone e akanya go tsosolosa Holo ya Bogosi e e ntseng e le teng kana go aga e ntšha. Ka ntlha yang? Dikomiti tsa kgaolo di na le dikaelo tse di ka thusang diphuthego ka dilo tse di tshwanetseng go di dira pele. Go tlhopha setsha go akaretsa dilo tse dintsi mo godimo ga tlhwatlhwa e e tla duelelwang lefelo leo. Dilo tse dingwe tse di ntseng jaaka tiro e ntsi e e dirwang mo setsheng, go tlosiwa ga dilo tse di botlhole, kana dikgato tse di tsewang tse di amanang le molao, di ka oketsa madi a lefelo le rekisiwang ka one thata. Fa phuthego e batla go thusiwa ka tsa madi ke Mokgatlho, molebedi wa potologo kana komiti ya kgaolo e na le dikopi tsa diforomo tsa Kingdom Hall Loan Survey mme ba ka thusa bagolwane ba phuthego go tlatsa diforomo tseno. E bile gape balebedi ba potologo ba ka supa go nna kelotlhoko ka go lemotsha bagolwane fa go tlhokega setsha se sesha sa go aga Holo ya Bogosi e ntšha mo metsesetoropong e e tlhabologang.
6 Mokgatlho o neile Dikomiti tsa Kago tsa Kgaolo dipolane tse di ka dirisiwang go thaya motheo wa Diholo tsa Bogosi. Pele ga go ka tlhophiwa moago, bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go ikgolaganya le komiti ya kgaolo mme ba buisane ka gore kago e tla nna jang, mme ba dira jalo ba dirisa dipolane tse di tswang kwa Mokgatlhong jaaka kaelo. Seno ga se kitla se fokotsa fela ditlhwatlhwa tsa go aga, mme gape se tla thusa phuthego gore e tlhophe kago e e bori mme e le e e tshwanelang sentle e bile e le e e ka kgonang go agiwa ka mokgwa wa potlako, koo mokgwa ono o dirisiwang gone.
7 Go tshwanetse ga bolokiwa direkoto tsa madi tse di tlhomameng le tse di tlhalosang dilo sentle. Bakaulengwe ba ba nang le kitso ba ile ba ithaopa go dira mmogo le dikomiti tsa kgaolo go thusa diphuthego go rulaganya thulaganyo ya dipego tsa madi e e tlhokegang le go e boloka sentle mo nakong yotlhe ya fa go ntse go agiwa. Bakaulengwe ba bangwe ba ba dirang mmogo le Dikomiti tsa Kago tsa Kgaolo ba thusa diphuthego go tlatsa dipampiri tsa kadimo ya madi le makwalokopo. Seno se thusa thata ka gore gantsi bagolwane ga ba bereke thata ka dipego tsa madi tse di ntseng jalo tsa Diholo tsa Bogosi jaaka bakaulengwe bano ba ba nang le kitso ba ba thapisitsweng sentle. Fa kago nngwe le nngwe e wediwa, komiti ya kgaolo e tshwanetse go newa kopi e e tladitsweng ka botlalo ya dipego tsa madi a a dirisitsweng mo kagong. Komiti ya Kago ya Kgaolo yone e tla tlhomamisa gore Mokgatlho o bona kopi ya ditshenyegelo tsotlhe tsa kago. Lefa go ntse jalo, go tlhokomelwa ga kago ka kakaretso, dilo tse di baakanngwang, le ditshenyegelo tse dingwe tse di dirwang mo Holong ya Bogosi e e ntseng e le teng, di tla tlhokomelwa ke phuthego nngwe le nngwe e e amegang. Fa go tlhokega gore go baakanngwe fa go senyegileng gone kgwedi le kgwedi, seno se tla dira gore go tlhokege fela gore go dirwe paakanyo e kgolo ya madi a mantsi morago ga dingwaga di le mmalwa. Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse gore se beele meneelo e e tla dirisediwang seno kwa thoko ka metlha. Go dira ka botlhale jalo go tlhofofatsa morwalo wa Komiti ya Kago ya Kgaolo, go dira gore ba tlhokomele mafelo a a tlhokang go baakanngwa tota le go agiwa ga dikago tse disha.
8 Babogedi Ba A Kgatlhega: Tsela e e supang kafa moya o o boitshepo wa ga Jehofa o dirang ka gone mo bakaulengweng ba ba agang Diholo tsa Bogosi e ne ya neela bosupi mo bathong ba bangwe. Motho mongwe wa lefatshe o ne a kgatlhilwe thata ke go bona Holo ya Bogosi e agiwa ka mokgwa wa potlako kwa Vosloorus, mo e leng gore o ne a letsetsa setaishane sa radio mogala gore a tle a ba bolelele kafa a kgatlhilweng ka teng ke se Basupi ba ga Jehofa ba kgonneng go se dira go sa kgathalesege thubakanyo e e leng teng mo nageng eno. Mo lekgetlong le lengwe setlhopha sa bagolwane sa kwa Teransefala bokone se ne sa kwala jaana: “Go agiwa ga holo eno go ne ga kgatlha babogedi tota. Dibese, ditekisi le dikoloi di ne di ema gore bapalami ba tle ba tlhomamise gore se se diragalang se boammaaruri. Rakgwebo mongwe o ne a akgela jaana: ‘Borra, selo se lo se dirang se ke lone lorato le kutlwano tse ke badileng ka tsone mo Bibeleng. Ruri ke lona fela setlhopha se se supang Bokeresete jwa boammaaruri.’ . . . Kgosi ya motse e ne ya bolela jaana: ‘Ke rata moya o tiro eno e dirilweng ka one. . . . Eleruri fa e le gore boradipolotiki ba ne ba dira jaaka lona lo dira, re ne re se kitla re bona dipolaano tse re di bonang gompieno. Ka jalo, ke rata go lo tlhomamisetsa gore bodumedi jwa lona bo dumeletswe go dira le go nna le dipokano ka nako nngwe le nngwe fela e e lo tshwanelang. Ga go na thibelo epe.’”
9 “‘Ga ke dumele!’ go ne ga rialo motho mongwe yo o neng a lebile badiri ba baithaopi ba ba fetang 300 ba ditso tse di farologaneng ba dira mmogo mo tirong ya go aga kwa Mhluzi,” lokwalodikgang lwa koo lo ne lwa bega jalo. Komiti ya Tirelo ya Phuthego ya lefelo le lengwe e ne ya kwala jaana: “Batho ba mono ba ne ba gakgametse thata fa ba ne ba bona Holo ya Bogosi e agiwa ka matsatsi a le mabedi mo ba neng ba tla go e tshwaratshwara go bona gore a ditena tse di dirisitsweng ke tsa mmatota. . . . Batho ba bangwe ba ne ba tla go ikopela thuto ya Bibela ka ntlha ya se ba se boneng.”
10 Fa makgolokgolo a baithaopi a fitlha kwa setsheng se se kwa bokone jwa Pretoria go ya go thusa go aga Holo ya Bogosi, phuthego ya batho ba bantsho e ne ya ba bulela dikgoro tsa matlo a bone. A bo baagisani ba bone ba ne ba gakgamala jang ne fa ba bona go tlhomiwa ditente ka kwa morago ga matlo, mme go tsena dikharabene mo dipatlelong tsa dikoloi. Ba ne ba gakgamala le go feta fa ba bona gore bontsi jwa baeng ke batho ba basweu!
11 Go Tlhokega Baithaopi Ba Ba Oketsegileng: Dikomiti tsa kgaolo di batla go dirisa bokgoni jwa batho ba ba mo phuthegong fa go baakanngwa kana go agiwa Diholo tsa Bogosi tse disha. Mme gape ba dira mmogo le bakaulengwe mo phuthegong ya bone, segolobogolo bagolwane le batlhanka ba bodihedi gore ba tle ba ba thapisetse tiro e e dirwang. Fa ba sena go nna le bokgoni jo bo tlhokegang jo bo ka dirisiwang mo go ageng Diholo tsa Bogosi, bakaulengwe ba ba godileng semoyeng bano ba tla kgona go thusa mo go ageng Diholo tse dingwe tsa Bogosi tse di rulaganyeditsweng go agiwa mo kgaolong eo. Ka jalo, batho ba diphuthego tse di agang Diholo tsa Bogosi ba tshwanetse go bontsha moya wa go intsha setlhabelo wa go dirisana mmogo, ba sa lebelele gore komiti ya kgaolo le ba ba dirang le yone ba dire tiro yotlhe mo Holong ya bone ya Bogosi. (Neh. 4:6b) Fa ba sena go thapisiwa, bakaulengwe ba tshwanetse go tlhotlhelediwa ke lorato gore ba thuse go agela diphuthego tse dingwe Diholo tsa Bogosi tse le tsone di tlhokang mafelo a masha kana lefelo le le tokafaditsweng ka bonako.—Neh. 5:19; Bafil. 2:3, 4.
12 Baboledi ba ba kolobeditsweng ba ba nang le bokgoni jo bo tlhokegang ba na le seemo se sentle le phuthego ba kgothalediwa gore ba ithaopele go thusa mo tirong e kgolo eno. Go tlhokega bokgoni jwa go aga le jo e seng jwa go aga. Baithaopi ba ka ya go bona diforomo tse ba di tlhokang mo molebeding yo o okamelang kana mo mokwaleding wa phuthego ya bone mme ba supe boitemogelo jo ba nang le jone jwa tiro ya diatla kana jwa ditiro tse dingwe tse di jaaka tsa pabalesego, go berekana le dijo, go tlhokomela dilo tsa go aga, pego ya madi, le go dirisana le dipampiri tsa molao. (Fa phuthego e tlhoka diforomo tse di oketsegileng, e ka romela kopo le otoro ya dibuka e e romelelwang Mokgatlho.) Fa re arabela ka tsela eno re tla bo re bontsha fa re rata baagisani ba rona ba ba gaufiufi—bakaulengwe ba rona ba Bakeresete.—Math. 7:12; 22:39; Yoh.13:35.
13 Thuso ya Boithaopi E A Anaanelwa: Batho ba bantsi ga ba lemoge gore go tlhokega matsapa a a kana kang go wetsa namane e tona eno ya tiro go fitlha ba nna le seabe mo go ageng Holo ya Bogosi ka bobone. Fa kago nngwe ya Holo ya Bogosi e sena go wediwa, bagolwane ba ne ba kwala jaana: “Go re kaela ka bopelotelele ga bakaulengwe ba ba mo Komiting ya Kago ya Kgaolo e nnile tshegofatso e kgolo thata mo go rona. . . . Ka nako yotlhe ya kago, go ne go na le makgetlo a mantsi a re sa kgoneng go a bala a mo go one bakaulengwe ba ne ba tsaya maeto go tswa kwa mafelong a a kgakala, ba dirisa diura tse dintsi, ba rebola gore didirisiwa tsa bone le dithuluso tsa bone di dirisiwe, mme e bile ba ntsha dilo tse di agang moneelo, e le fela gore ba re thuse go aga Holo ya rona e ntšha ya Bogosi. Bopelotshweu jwa bakaulengwe bano ke tsela e ntle e ba supang gore ba ‘rata bakaulengwe botlhe,’ mme a bo seno se ile sa re kgothatsa jang ne!—1 Pet. 2:17.”
14 Seno se supa moya wa go intsha setlhabelo le tlhoafalo e bakaulengwe ba nang le yone, jaaka fa phuthego nngwe e ne ya kwala jaana: “Re a lo leboga ka ntlha ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le moya wa go intsha setlhabelo ba ba ileng ba dira ka natla thata mo go neng ga gakgamatsa mongwe le mongwe yo o neng a lebile.” Ruri mafoko ano a a mo go Pesalema 133:1, 3 a boammaaruri: “Bonañ, go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla.” Badiri bangwe ba ba agang Diholo tsa Bogosi ba tsaya matsatsi a go ikhutsa kwa tirong gore ba tle ba kgone go thusa phuthego e e gaufi le bone mo tirong ya yone ya go aga Holo ya Bogosi. Ka ntlha ya seno, maloko a phuthego e e thusiwang a ile a bontsha fa ba anaanela seno ka go ema tiro nokeng ka botlalo. Mogolwane mongwe yo o dirang le komiti ya kgaolo o ne a kwala lekwalo go bolela ka moo e leng tshiamelo ka teng go direla bakaulengwe ba gagwe. O ne a bolela gore “diphuthego di kgothadiwa thata ke go bona bakaulengwe ba tsamaya dikilometara di le makgolokgolo go tla go ba thusa go bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa. . . . Ruri, re bakaulengwe ba ba ratanang!” Kgaitsadi mongwe o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe jaana: “Ke palelwa ke go itshwara go bolela kafa ke neng ke leboga ka gone le ka mo ke neng ke itumetse ka teng fa ke le kwa setsheng se Holo ya Bogosi e neng e agelwa teng kwa Spruitview. Eno e setse e le holo ya boraro e ke nnileng le seabe mo go e ageng.”
15 Phuthego nngwe e ne ya bolela jaana mo lekwalong le e neng e le kwaletse Komiti ya Kago ya Kgaolo fa tiro ya go aga e sena go fela: “Re kwala jaana go lo bolelela gore re leboga thata! Lo fetilwe ke dipokano tsa phuthego ya lona, lo itimile boroko, go nna le malapa a lona, go itapolosa, tirelo ya lona ya tshimo, le dilo tse dingwe tse dintsi, e le fela gore lo tle go re agela holo. Tota dilo tse lo di re diretseng ga di a re tshwanela. Re ikutlwa re le motlotlo e bile re tlotlega go bo re na le banna ba ba molemo le ba ba ineetseng jaaka lona bakaulengwe. Re leboga gape le malapa a lona a a ileng a dira mmogo le lona a itumetse ka metlha, go sa kgathalesege phefo, mogote le serame. Re boa gape re re re lo leboga thata. ‘E kete Jehofa a ka lo gakologelwa ka molemo.’—Nehemia 13:31.”
16 Pabalesego ya Holo ya Bogosi: Go ntse go na le koketsego e e ntseng e tswelela pele ya go thubelwa ga Diholo tsa Bogosi. Mo makgetlong a mantsi go ne ga utswiwa digodisamantswe. Dikakantso tse di latelang di ka nna tsa thusa go fokotsa bothata jono go ya bokgakaleng jo bo rileng: (1) Tsenyang digodisamantswe tsotlhe mo setshegetsing se se dirilweng ka tshipi e e thata (se ka kgona go rekwa) mme tlhomamisang gore go dirisiwa selotlele se se popota go sireletsa dilo tse di mo teng; (2) tsenyang setshegetsi seno thatathata mo se sa bonaleng teng, mme lo se kokotele mo boalong kana mo leboteng; (3) gatisang leina la phuthego mo dilong tsotlhe tsa phuthego, seno se tla dira gore mapodisi a kgone go di bona le go ka busa dilo tse di utswitsweng.
17 Ditshipi tse di thibelang magodu le ditswalo tsa pabalelo di ka tshosetsa dinokwane. Mo gongwe go tlhokega gape gore go tsenngwe legora go dikologa kago. Mabota a pabalelo ga a siama ka gonne a sira baagisani gore ba se ka ba bona legodu. Fa bothata jono bo nna bo ntse bo tswelela, go tla tlhokega gore go tsenngwe lebone le le itshubang ka bolone le alamo go dikologa kago yotlhe. Bagolwane ba kgothadiwa gore ba tseye dikgato tse di tshwanetseng mabapi le seno ka go bo go dirisiwa madi a a ntshitsweng moneelo.
18 Mo dikarolong tse dintsi tsa naga diphuthego di agile folete mo Holong ya Bogosi ka ntlha ya mabaka a pabalesego, mme fa e le teng re akantsha gore phuthego e tsenye mogala mme e e kwadise ka leina la yone. Motlhokomedi o tla kgona go letsa mogala a kopa thuso fa go direga sengwe. Ka gone motlhokomedi o tshwanetse gore a duelele melato ya megala e a e leletsang ene ka namana. Mo godimo ga moo, setlhopha sa bagolwane se tshwanetse go dira tumalano e e kwadilweng le motlhokomedi e e supang gore o tla duela rente ya bokae, gore o nna ka mabaka afe, ditiro tse a tshwanetseng go di dira, le kitsiso e a tshwanetseng go e dira fa a sa tlhole a batla go nna teng.
19 Meneelo ya Madi E Tswelela pele go Thusa: Meneelo e e ntseng e ntshiwa ka bopelotshweu e ntshediwa Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi e thusitse diphuthego mo nakong e e fetileng mme kwantle ga pelaelo e tla nna e ntse e di thusa mo isagweng. A Jehofa Modimo ka boene ga a tlhome sekao sa go aba ka bopelotshweu? (Yak. 1:7) Lefa gone bokgoni jwa rona le sebaka sa go aba di farologana, re ka lemoga gore fa re ka fetola tsela e re dirisang madi a rona ka yone, re ka kgona go ema tiro ya go aga nokeng ka botlalo. Bopelotshweu jo bo ntseng jalo bo itumedisa pelo ya ga Jehofa tota, mme e bile bo kgothatsa bakaulengwe ba rona thata.
20 Go tlhokega Diholo tsa Bogosi segolobogolo mo ditorotswaneng le mo magaeng a a mo lefelong leno la rona. Re eletsa go kgothatsa diphuthego tseno gore di dire ka natla gore di fitlhelele mokgele ono ka 1994. Lo se ka lwa senya nako go bona lefelo le le tshwanetseng la dipokano, segolobogolo ka ntlha ya go potlaka ga nako e re tshelang mo go yone. Bagolwane ba kgothadiwa gore ba bulele Letlole la bone la Diholo tsa Bogosi akhaonto ya go boloka madi kwantle ga go diega. Fa phuthego e sa kgone go duela Mokgatlho madi a kadimo, ba tshwanetse ba nne ba leke go aga kwantle ga go adima madi.
21 “Boidiidi yo bogolo” jo bo oketsegileng bo nna bo ntse bo amogela molaetsa wa Bogosi gompieno. “Dilō tse di elètsègañ” di ntse di oologela mo tempeleng ya ga Jehofa ya semoya, mme o ‘tlatsa ntlo ya gagwe ka kgalalelo.’ (Tshen. 7:9; Hag. 2:7) A le rona re direng tiro eno ya Modimo ka pelo yotlhe, re ema tiro eno e e tlhokang gore e dirwe ka potlako ya go aga Diholo tse di oketsegileng tsa Bogosi nokeng ka botlalo fela jaaka Bajuda ba ba ikanyegang ba motlha wa ga Hagai. Le mororo go agilwe Diholo tse dintsi tsa Bogosi tse dintle mo dingwageng tsa bosheng jaana, koketsego e ntse e tswelela pele thata mme lefa go ntse jalo, diphuthego tse dintsi di santse di kopanela mo mafelong a a sa itumediseng. Go nna re ntse re tshegetsa Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi ke tsela e ntle ya go nna le seabe mo tirong ya Modimo.
[Diagram on page 3]
(For fully formatted text, see publication)
Diholo Tse Di Kgakotsweng
300
200
100
0 1978 1988 1993
Dingwaga
[Pictures on page 4, 5]
Padfield Park, Pinetown
[Pictures on page 4, 5]
Spruitview, Johannesburg
[Pictures on page 4, 5]
Vosloorus, Johannesburg
[Pictures on page 4, 5]
Bushbuckridge, Teransefala Botlhaba