Katoloso ya Bethele e Ntse e Tswelela Pele
1 Mono borwa jwa Afrika, le mo mafelong a mangwe mo lefatsheng, tiro ya go rera ka Bogosi e ntse e a gola. Jehofa ke ene a dirang gore go nne le koketsego jaana fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a tlhalosa a re: “Nna ka jala, Apolose a nosa; mme Modimo wa ungwisa.” (1 Bakor. 3:6) Ka jalo tlotla le kgalalelo yotlhe ya go akofisa tiro e neelwa Rraarona, Jehofa.—Isa. 60:22.
2 Go nnile le koketsego e ntsi thata mo e leng gore lekala la rona le tsentswe dikgoro tsotlhe ke koketsego e e ntseng e nna teng. Jaaka fa lo ka bona mo ditsebeng tse di fa gare ga tsenyeletso eno, re okeditse bonno mme gape re agile bobolokelo jo bogolo jo bosha ka go bo re tshwanetse go romela dilo tse dintsi kwa makaleng a mangwe. Mme lefa go ntse jalo, eno e santse e le fela tshimologo ya thulaganyo ya go aga. Go santse go tlhokega mo gontsi thata.
3 Ka ntlha ya seo Setlhopha se se Laolang se dumetse gore go agiwe dikago tse dingwe tse pedi tsa bonno tsa dikamore tse 64 nngwe le nngwe ya tsone; go okediwe diofisi ka matlhatlaganyane a le mabedi; go okediwe bogolo jwa ntlo ya rona ya bojelo, kitsi, le botlhatswetso. Ntlo ya bojelo e tla kgona go tsaya batho ba le 1 000. Seno se tla kgona go tlhokomela lelapa la Bethele le le ntseng le gola. Bogatisetso le jone bo tla okediwa ka selekanyo sa 50 lekgolong.
4 Ke eng fa go tlhokega gore go nne go atolosiwe dilo jaana? Lekala la Afrika Borwa le na le thuso e e botlhokwa mo koketsegong eno ya tiro. Dimakasine, diboroutšhara, dipampitshana, le diforomo tsa makala otlhe a a mo borwa jwa Afrika, le e leng tse dingwe tsa bogare jwa Afrika di gatisiwa mono. Fa kago e ntšha ya lekala e ne e kgakolwa ka March 1987, go ne go gatisiwa ditokololo tse 29 tsa dimakasine ka kgwedi. Gone jaanong go gatisiwa ditokololo tse 51 ka kgwedi. Palo ya dimakasine tse di gatisiwang ka ngwaga e oketsegile go tswa go mo e ka nnang dimilione di le 8 go ya go di le 11,5. Mme gape re simolotse go gatisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo ka dipuo tsa mono gae ka nako e le nngwe le ya Seesemane. Fa go akarediwa le dimakasine, palogotlhe ya dilo tse di gatisiwang ke dimilione tse di fetang tse tharo kgwedi nngwe le nngwe! Mo dingwageng tsa bosheng jaana dikgatiso tse disha di ile tsa gololwa ka nako e le nngwe fela kwa dikopanong tse dikgolo. Ka sekai, kwa Dikopanong tsa “Thuto ya Bomodimo” buka ya Baboledi e ne ya gololwa ka dipuo tse supa kwantle ga Seesemane. E ne e le tiro e kgolo thata e e neng e tlhoka gore go berekiwe diura tse di oketsegileng mo maitseboeng le ka mafelobeke. Mo godimo ga moo, tiro ya go ranolela New World Translation mo dipuong di le mmalwa tse di buiwang mono e ntse e tsweletse. Seno se ile sa dira gore Lephata la rona la Thanolo le oketsege go tswa mo baranoding ba le 40 ka 1987 go ya go ba ba fetang 100 gone jaanong. Mme tota, gone jaanong re na le Lephata le legolo go a gaisa otlhe a Thanolo mo lefatsheng lotlhe. Dilo tseno tsotlhe di dira gore go tlhokege gore re atolose dikago tsa rona.
5 Mo godimo ga se se tlhalositsweng, lekala la Afrika Borwa le thusa makala a mangwe a a gaufi ka go aga. Mozambique le Madagascar gone jaanong di aga makala a masha. Go ise go ye kae Zimbabwe, Zaire, le Kenya le tsone di tla simolola. Go tlhokega gore re reke dilo tsa go aga mme re di romele kana re di pege mo sekepeng go di isa kwa dinageng tseno. Ka jalo, go tlhokega Maphata a magolo a Go Reka Dilwana le a go Romela Dilwana. Go dirisiwa diteraka tse tlhano tse dikgolo go romela dilo tseno kwa makalelng mangwe.
6 Ke eng seo o ka se dirang go thusa? Katoloso e kgolo eno e kaya gore re lebangwe ke namane e tona ya tiro. Re ikaeletse go fetsa tiro eno mo dingwageng tse nne kana tse tlhano tse di latelang mme ka tshegofatso ya ga Jehofa e ka kgonega. Re ka thusa jang rotlhe?
7 Batho ba ba nang le bokgoni jo bo kgethegileng: A o kgona go kgweetsa metšhine e megolo, go tsenya khapete, go foroma konkereite le go e rethefatsa, go tsenya dithaele tsa letsopa, go tsenya ditshipi tse di kgogetsang, go dira tiro ya motlakase, go tsenya seling e e kalediwang, go dira tiro ya go papetla tshipi, go bofa rebar, go momaganya ditshipi, go betla, go lomaganya diphaephe, go apesa diphaephe ka sekhurumetsi, go penta, go tsenya diphaephe, go dira mabota a a dirilweng ka dipanele?
8 Fa o na le bokgoni, mme o ka kgona go ithaopa ka beke, kgwedi, ngwaga kana nako e telele go feta moo, he tsweetswee kwala ka bonako o kope foromo ya kago.
9 A o mokaulengwe yo mosha yo o nang le botsogo jo bontle? He dira kopo. Fa o sena bokgoni o tla bo rutiwa. Bangwe ba bakaulengwe ba basha ba ba leng mo kagong ba ile ba nna le bokgoni jwa go aga. Jehofa o ile a solofetsa gore makau a tla italetsa ka pelo e e thamileng mo metlheng eno ya bofelo. (Pes. 110:3) Go santse go tlhokega makau a mangwe gape ka bontsi go akofisa tiro.
10 Batho ba ba dirang kopo e tshwanetse ya nna banna ba semoya, ba ba kolobeditsweng bobotlana ngwaga, ba le gare ga dingwaga tse 19 le 55, mme ba iketleeleditse go dira tiro e e bokete. Go lebiwa thata ba ba leng mo tirong ya bobulatsela kana ba e leng bagolwane kana batlhanka ba bodihedi. Fa e le gore o a tshwanelega mme o ka kgona go ithaopa, kwala ka bonako o kope foromo ya kago.
11 Go tshegetsa ka madi le ka ditsela tse dingwe: Bakaulengwe ba ba mo Afrika Borwa le ba ba leng mo dinageng tse di bapileng ba tshwanetse go akgolwa ka ntlha ya tsela e ba ileng ba tshegetsa tiro e e fetileng ya go aga ka yone. Ba le bantsi ba ne ba romela meneelo ya bone ka boikanyegi kgwedi nngwe le nngwe mme ba santse ba dira jalo. Jehofa o segofatsa batho ba ba supang moya o o ntseng jalo wa bopelotshweu.
12 Go atolosa kago go tla ja diranta di le milione. Setlhopha se se Laolang se lemogile gore bakaulengwe ka kwano ba ka se kgone go duelela ditshenyegelo tsotlhe, ka jalo ba ile ba solofetsa gore ba tla thusa mme ba bile ba bolela gore ba solofela gore re tla tshegetsa tiro eno ya go aga ka botlalo. Fa rotlhe re ka latela kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go 1 Bakorinthe 16:2 ya gore mongwe le mongwe a “beele sengwe fa thoko” beke nngwe le nngwe kana kgwedi nngwe le nngwe, go ya “kafa o bonyeng go bapala ka teng,” re tlhomamisega gore re ka kgona go ntshetsa tiro e e botlhokwa eno ya go aga moneelo o o bonalang go tswa mo lefelong la rona.
13 Diphuthego tse di leng gaufi le Bethele le tsone di ka re thusa thata ka go tla ka bontsi nako le nako fa phuthego ya bone e laleditswe go tla go thusa mo thulaganyong ya go bereka ka Matlhatso.
14 Re lebeletse pele go tla go bereka le ba le bantsi ba lona. Nako e khutshwane mme thobo e kgolo. Tsweetswee a re rapeleng Jehofa gore a segofatse tiro eno ya go aga gore re tswelele pele re tlhokomela batho ba ba kwa tshimong ka dilo tse ba di tlhokang.
[Pictures on page 4, 5]
Bobolokelo jwa Dilo Tse Di Romelwang
Kwa godimo; fa gare: Eno ke tiro ya go mamatlelela lebalelo la tshipi mo bobolokelong jo bosha
Eno ke tiro ya go baakanyetsa Bonno jwa 7
Bonno jwa 6, (kwa godimo) jono ke borogo jo bo kopanyang dikago, le dikamore tse pedi tse disha
Dikago tsa Bethele tsa gone jaanong Bonno jwa 6 bo bonala kwa godimo kafa mojeng