LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Boitshoko bo a Duelwa
    Tirelo ya Bogosi—2004 | August
    • Boitshoko bo a Duelwa

      1 “Lo tla bona meya ya lona ka go itshoka ga lona.” (Luke 21:19) Mafoko ao, a e leng nngwe ya dilo tse Jesu a neng a di porofeta ka “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” a bontsha sentle gore e le gore re boloke boikanyegi, re tshwanetse go nna re ipaakanyeditse go lebana le diteko tse dintsi. Mme ka nonofo e e tswang kwa go Jehofa, mongwe le mongwe wa rona a ka ‘itshoka go ya bokhutlong’ mme a ‘bolokwe.’—Math. 24:3, 13; Bafil. 4:13.

      2 Pogiso, mathata a botsogo, mathata a madi le go tshwenyega mo maikutlong di ka dira gore go nne thata go lebana le letsatsi lengwe le lengwe. Le fa go ntse jalo, le ka motlha re se ka ra lebala gore Satane o leka go fedisa bothokgami jwa rona mo go Jehofa. Letsatsi lengwe le lengwe fa re nna re ikanyega mo go Rraarona, re thusa go araba kgwetlho ya Mosotli yono. A bo go kgothatsa jang ne go itse gore “dikeledi” tse re di tshololang fa re lebane le teko ga di kitla di lebalwa! Di botlhokwa thata mo go Jehofa mme bothokgami jwa rona bo ipedisa pelo ya gagwe!—Pes. 56:8; Dia. 27:11.

      3 Re Itshekisiwa ka Diteko: Pogiso e ka senola bokoa bongwe jo re nang le jone mo tumelong kgotsa mo bothong jwa rona, jo bo jaaka boikgogomoso kgotsa go nna pelokhutshwane. Go na le gore re leke go tshabela kana go fedisa teko ka tsela e e sa dumalaneng le Dikwalo, re tshwanetse go reetsa kgakololo ya Lefoko la Modimo, re ‘letle boitshoko bo feleletse tiro ya jone.’ Ka ntlha yang? Ka gonne go itshokela diteko ka boikanyegi go re thusa gore re ‘felele re bo re itekanele sentle ka ditsela tsotlhe.’ (Jak. 1:2-4) Boitshoko bo ka re thusa gore re nne le dinonofo tsa botlhokwa tse di jaaka go nna tekatekano, go akanyetsa le go nna pelotlhomogi.—Bar. 12:15.

      4 Boleng jo bo Lekilweng Jwa Tumelo: Fa re itshokela diteko, re tla nna le boleng jo bo lekilweng jwa tumelo jo bo leng botlhokwa thata mo matlhong a Modimo. (1 Pet. 1:6, 7) Tumelo e e ntseng jalo e re tlhomelela gore re nne re nitame le mo isagweng fa re kopana le diteko. Mo godimo ga moo, re a itse gore fa re dira jalo Modimo o a re amogela mme seo se nonotsha tsholofelo ya rona le go dira gore e nne ya mmatota.—Bar. 5:3-5.

      5 Mme tuelo e e molemolemo e re tla e bonang e gatelelwa mo go Jakobe 1:12, e e reng: “Go itumela motho yo o nnang a itshokela teko, ka gonne e tla re fa a amogelwa o tla amogela serwalo sa botshelo.” Ka jalo, a re nneng re nitame mo boineelong jwa rona mo go Jehofa, re tlhomamisegile gore o tla duela thata “ba ba tswelelang ba mo rata.”

  • Karolo 2: Go Baakanyetsa go Tshwara Thuto
    Tirelo ya Bogosi—2004 | August
    • Karolo 2: Go Baakanyetsa go Tshwara Thuto

      Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele

      1 Go ruta motho Baebele ka tsela e e nang le matswela ga se kgang ya go tlotla fela ka setlhogo se lo ithutang sone le go bala ditemana tse di umakilweng. Re tshwanetse go ruta moithuti tshedimosetso eo ka tsela e e tla mo amang pelo. Seno se tlhoka gore re baakanyetse sentle re akantse ka motho yono yo re ithutang le ene.—Dia. 15:28.

      2 Kafa re ka Baakanyetsang ka Gone: Simolola ka go rapelela moithuti yono kwa go Jehofa o bo o rapele le ka dilo tse a di tlhokang. Kopa Jehofa a go thuse gore o kgone go fitlhelela pelo ya gagwe. (Bakol. 1:9, 10) E le gore o kgone go tlhaloganya se lo ithutang sone sentle, iphe nako ya go sekaseka setlhogo sa kgaolo e lo ithutang yone, ditlhogwana le dilo le fa e ka nna dife tsa go ithuta. Ipotse jaana: ‘Molaetsa mogolo wa setlhogo seno ke ofe?’ Seno se tla go thusa gore o kgone go gatelela dintlha tsa botlhokwa fa o ntse o tshwere thuto.

      3 Boeletsa serapa sengwe le sengwe sa setlhogo seo ka kelotlhoko. Batla dikarabo tsa dipotso tse di gatisitsweng o ntse o tshwaya fela dintlha tsa konokono. Sekaseka gore ditemana tse di umakilweng di amana jang le ntlha ya konokono e e mo serapeng mme o bone gore ke dife tse lo tla di balang fa o tshwere thuto. O ka nna wa fitlhela go thusa gore, mo bukeng e lo e balang, o kwale ka bokhutshwane mo thoko dintlha tse o ka ratang go di gatelela go tswa mo ditemaneng. Moithuti o tshwanetse go tlhaloganya sentle gore dilo tse a ithutang tsone di tswa mo Lefokong la Modimo.—1 Bathes. 2:13.

      4 Dira Gore Thuto e Tshwanele Motho yo o Ithutang le Ene: Morago ga moo, sekaseka thuto eo o akantse ka seo moithuti yono a se tlhokang. Leka go akanya gore o tla botsa dipotso dife le gore ke dintlha dife tse a ka nnang a thatafalelwa ke go di tlhaloganya kana go di amogela. Ipotse jaana: ‘Ke dilo dife tse a tshwanetseng go di tlhaloganya kgotsa go di tokafatsa gore a kgone go gatela pele semoyeng? Nka fitlhelela jang pelo ya gagwe?’ Mme o nne o fetofetole tsela ya gago ya go ruta gore e tsamaisane le maemo a gagwe. Ka dinako dingwe o ka nna wa bona go tlhokega gore o baakanyetse setshwantsho se o tla se dirisang, tlhaloso e e rileng kgotsa dipotso di le mmalwa tse di tla thusang moithuti gore a tlhaloganye ntlha nngwe kgotsa temana. (Neh. 8:8) Mme gone leka gore o se ka wa itsenyetsa tshedimosetso e e oketsegileng e e sa tsamaisaneng go le kalo le setlhogo. Go dira poeletso e khutshwane kwa bofelong jwa thuto go tla mo thusa gore a gakologelwe dintlha tsa konokono.

      5 Ruri re a itumela fa baithuti ba basha ba ungwa maungo a a siameng gore ba galaletse Jehofa! (Bafil. 1:11) Gore o kgone go ba thusa go fitlhelela mokgele oo, baakanyetsa sentle nako le nako fa o ya go tshwara thuto ya Baebele.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela